Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona
JULY 5-11
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DUTERONOME 11-12
“Kafa Jehofa a Batlang go Obamelwa ka Gone”
it-2-E 1007 ¶4
Moya
Go Direla ka Moya Otlhe. Fa go buiwa ka “moya” go buiwa ka se motho a leng sone. Mme ditemana tse dingwe tsa Baebele di a re re rate Modimo re bo re mo direle ka ‘pelo yotlhe le ka moya otlhe.’ (Dut 4:29; 11:13, 18) Mme gone, Duteronome 6:5 ya re: “O tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.” Jesu o ile a re go botlhokwa gore re direle Modimo ka moya otlhe le ka nonofo yotlhe ya rona, gape o ile a re re mo direle “ka mogopolo otlhe.” (Mar 12:30; Luk 10:27) Fa e le gore moya ke sengwe le sengwe se motho a leng sone, jaanong goreng go buiwa ka dilo tse di jaaka nonofo yotlhe le mogopolo otlhe? Ka sekai, motho o ne a ka ithekisa (go rekisa moya wa gagwe) go nna lekgoba, ka jalo, mong wa gagwe o ne a tlile go mo laola. Mme gone, a ka nna a se ka a batla go direla mong wa gagwe ka pelo yotlhe, a le matlhagatlhaga le go batla go mo itumedisa. Ka jalo, a ka nna a se ka a dirisa maatla kgotsa mogopolo otlhe fa a dira tiro ya mong wa gagwe. (Bapisa Bae 6:5; Bak 3:22.) Go builwe ka dilo tseno go re thusa gore re se ka ra di lebala fa re direla Mong wa rona e bong Jehofa le Morwawe yo o re ntsheditseng botshelo jwa gagwe go nna thekololo. Fa motho a direla Modimo “ka moya otlhe,” seno se raya gore o mo direla ka sengwe le sengwe se a nang le sone mme ga a tlogele sepe kwa morago.—Bapisa Mat 5:28-30; Luk 21:34-36; Bae 6:6-9; Baf 3:19; Bak 3:23, 24.
it-1-E 84 ¶3
Sebeso
Baiseraele ba ne ba laetswe gore ba senye dibeso tsotlhe tsa bodumedi jwa maaka le gore ba thubaganye dipilara le dikota tse di boitshepo tse di neng di agilwe go dikologa dibeso tseo. (Ek 34:13; Dut 7:5, 6; 12:1-3) Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go aga dibeso tse dintsi jaaka ditšhaba tseno di ne di dira kgotsa go fisa bana ba bone jaaka Bakanana ba ne ba dira. (Dut 12:30, 31; 16:21) Ba ne ba tshwanetse go nna le sebeso se le sengwe fela se mo go sone ba neng ba tlile go se dirisa go obamela Modimo yo o esi wa boammaaruri e bong Jehofa mme sebeso seo se ne se tlile go nna kwa lefelong le Jehofa a neng a tlile go le tlhopha. (Dut 12:2-6, 13, 14, 27; go farologana le ba Babelona ba ba neng ba diretse modingwana wa bone wa sesadi, Ishtar dibeso di le 180.) Fa ba sena go kgabaganya Noka ya Joredane ba ne ba laelwa gore ba age sebeso ka maje a a sa segiwang (Dut 27:4-8) mme sebeso seo se ile sa agiwa ke Joshua kwa Thabeng ya Ebale. (Jos 8:30-32) Fa Baiseraele ba sena go gapa Lefatshe le le Solofeditsweng ba bo ba le aroganya go ya ka ditso, Barubene, Bagada le halofo ya lotso lwa ga Manase ba ne ba aga sebeso se segolo se se kgatlhang fa Joredane. Ka ntlha ya seno, Baiseraele ba bangwe ba ne ba batla go ba lwantsha mme moragonyana ba ne ba tlhalosa gore, ga ba a ka ba aga sebeso seno ka gonne ba batla go tlhanogela Jehofa mme ba ile ba se aga e le segopotso sa gore ba tshwanetse go ikanyega mo go Jehofa ka gonne ke Modimo yo o esi wa boammaaruri.—Jos 22:10-34.
it-1-E 925-926
Thaba ya Gerisime
Fela fa Baiseraele ba sena go gapa motse wa Ai, ba ne ba phuthegela kwa Thabeng ya Gerisime le Ebale go ya ka se Moshe a neng a se laetse, ba eteletswe pele ke Joshua. Fa ba le koo ba ne ba tla balelwa molao o o neng o tla ba bolelela gore ke ditshegofatso dife tse di neng di tla ba tlela fa ba ikobela Jehofa le gore ke diphutso dife tse di neng di tla ba tlela fa ba sa mo ikobele. Lotso lwa ga Simeone, Lefi, Juda, Isakare, Josefa, le Benjamine di ne tsa ema fa pele ga Thaba ya Gerisime. Ditso tse dingwe tse thataro di ne di eme fa pele ga Thaba ya Ebale mme Balefi ba ne ba eme fa gare ga ditso tseno ba tshwere letlole la kgolagano. (Dut 11:29, 30; 27:11-13; Jos 8:28-35) Go lebega ditso tse di neng di eme fa pele ga Thaba ya Gerisime di ne di araba fa go ne go balwa ditshegofatso mme tse di neng di eme fa pele ga Thaba ya Ebale di ne di araba fa go balwa diphutso. Molao o ne o balelwa kwa godimo “fa pele ga phuthego yotlhe ya Iseraele, go akaretsa basadi le bana le batswakwa ba ba neng ba nna le bone.” (Jos 8:35) Ditso tseno tsotlhe di ne di kgona go utlwa fa go balelwa molao kwa godimo go sa kgathalesege gore di ne di eme fa pele ga thaba efe.
JULY 12-18
MATLOTLO A A MO LEFOKONG
LA MODIMO | DUTERONOME 13-15
“Molao wa ga Moshe O ne O Bontsha Jang Gore Jehofa o Amega ka Batho ba ba Humanegileng?”
it-2-E 1110 ¶3
Karolo ya Bolesome
Go ne go na le karolo e nngwe ya bolesome e Baiseraele ba neng ba tshwanetse go e ntsha, mme e ne e farologane le karolo ya bolesome e ba neng ba tlhola ba e ntshetsa Balefi mme gone Balefi ba ne ba solegelwa molemo ke karolo eno ya bobedi. Gantsi dikarolo tseo tsa bolesome di ne di dirisiwa ke malapa a Baiseraele fa ba ne ba ya meletlong. Fa malapa mangwe a ne a nna kgakala, a ne a kgona go rekisa karolo ya one ya bolesome gore a kgone go newa madi, mme a ne a tla a dirisa madi ao go reka dilo tse a di tlhokang fa a tsena kwa Jerusalema le go itumelela kopano e e boitshepo. (Dut 12:4-7, 11, 17, 18; 14:22-27) Ka ngwaga wa boraro le wa borataro pele ga ngwaga wa sabata, karolo eo ya bolesome e ne e se kitla e dirisediwa ditshenyegelo tsa dikopano mme e ne e tla dirisediwa go thusa Balefi, batswakwa, batlholagadi le bana ba ba se nang borre.—Dut 14:28, 29; 26:12.
it-2-E 833
Ngwaga wa Sabata
Ngwaga wa Sabata o ne o bidiwa “ngwaga wa kgololo [hash·shemit·tahʹ].” (Dut 15:9; 31:10) Ka ngwaga oo, go ne go ntse jaaka e kete lefatshe le golotswe ka gonne le ne le sa lemiwe. (Ek 23:11) Baiseraele ba ba neng ba kolota, ba ne ba letleletswe gore ba se ka ba duela, kgotsa melato ya bone e ne e phimolwa gotlhelele. Dilo tseno tsotlhe di ne di direlwa go galaletsa Jehofa. Mme gone batho bangwe ba re ga e se gore dikoloto tsotlhe di ne di phimolwa. Ke fela gore ka ngwaga oo, Mohebera o ne a sa tshwanela go pateletsa Mohebera yo mongwe gore a mo duele mme o ne a ka pateletsa motswakwa gore a mo duele ka gonne ka ngwaga oo, balemi ba ne ba se na lotseno. (Dut 15:1-3) Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba re, fa motho a ne a dirile sekoloto gore a kgone go thusa motho mongwe yo o tlhokang, sekoloto seo se ne se phimolwa mme fa e le gore motho o ne a dirile sekoloto ka gonne a batla go dira dilo dingwe tsa kgwebo, se ne se sa phimolwe.
it-2-E 978 ¶6
Lekgoba
Melao e e neng e sireletsa lekgoba le mong wa gagwe. Lekgoba la Mohebera le ne le tshwarwa ka tsela e e farologaneng le lekgoba la motswakwa, moagi wa moeng kgotsa le le agileng le Baiseraele. Lekgoba le e neng e se Mohebera le ne le sa gololwe mme mong wa gagwe o ne a ka kgona go mo fetisetsa mo go morwawe. (Lef 25:44-46) Mme lekgoba la Mohebera le ne le gololwa mo ngwageng wa bosupa kgotsa ka ngwaga wa Jubile, go ikaegile ka gore go tla ngwaga ofe pele. Mohebera yo e leng lekgoba o ne a tshwarwa jaaka motho yo o hirilweng. (Ek 21:2; Lef 25:10; Dut 15:12) Fa Mohebera a ne a ithekisitse go nna lekgoba la motswakwa kgotsa motho yo o neng a agile le Baiseraele o ne a ka kgona go ithekolola kgotsa go rekololwa ke mongwe yo neng a atamalane thata le ene ka losika. Madi a a neng a tlile go gololwa ka one a ne a ikaegile ka gore go ne go setse dingwaga tse kae pele ga Jubile kgotsa ga ngwaga wa bosupa. (Lef 25:47-52; Dut 15:12) Fa a ne a gololwa, mong wa gagwe o ne a tshwanetse go mo naya mpho e e neng e tla mo thusa gore a kgone go simolola botshelo. (Dut 15:13-15) Fa a ne a tlile le mosadi, o ne a gololwa le ene. Fa mong wa gagwe a ne a ka mo naya mosadi (mosadi yoo e ne e le motswakwa o ne a se kitla a gololwa ka ngwaga wa bosupa), mosadi yoo le bana ba gagwe ba ne ba tla tswelela e le makgoba a mong wa bone. Mo maemong ao, Mohebera yoo o ne a ka tlhopha go tswelela e le lekgoba la mong wa gagwe. Mme mong wa gagwe o ne a tla mo phunya tsebe go bontsha gore o ne a tla tswelela e le lekgoba la gagwe botshelo jwa gagwe jotlhe.—Ek 21:2-6; Dut 15:16, 17.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Re ka ithuta eng mo molaong o o fitlhelwang mo go Ekesodo 23:19: “O se ka wa bedisa potsane ka mashi a mmaayone”?
Taelo eno ya Molao wa ga Moshe e e tlhagang gararo mo Baebeleng e ka re thusa go tlhaloganya tsela e Jehofa a lebang se se tshwanetseng ka yone, kutlwelobotlhoko ya gagwe le bopelonomi jwa gagwe. Gape e gatelela kafa a tlhoileng kobamelo ya maaka ka gone.—Ekesodo 34:26; Duteronome 14:21.
Go bedisa potsane kgotsa phologotswana le fa e ka nna efe ka mashi a mmaayone go tla bo go sa dumalane le tsela ya tlholego e Jehofa a rulagantseng gore dilo di direge ka yone. Modimo o dirile gore mashi a podi a otle potsane le go e thusa gore e gole. Go ya ka mokanoki mongwe, go apaya potsane ka mashi a mmaayone go tla bo go bontsha “go sa tlotle kamano e Modimo a e dirileng a bo a e itshepisa fa gare ga podi le potsane.”
Mo godimo ga moo, bangwe ba akantsha gore go bedisa potsane ka mashi a mmaayone e ka tswa e ne e le moetlo o baheitane ba neng ba o dira go nesa pula. Fa e le gore seno e ne e le moetlo wa baheitane, thibelo eno e ne e tla sireletsa Baiseraele mo ditirong tsa bodumedi tse di senang tlhaloganyo le tse di setlhogo tse di neng di dirwa ke ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Molao wa ga Moshe o ne o thibela Baiseraele ka tlhamalalo gore ba se ka ba tsamaya mo melaong ya ditšhaba tseo.—Lefitiko 20:23.
Sa bofelo, molao ono o re bontsha kafa Jehofa a leng pelotlhomogi ka gone. Tota e bile, Molao o ne o na le ditaelo di le mmalwa tse di tshwanang le eno tse di neng di le kgatlhanong le go sotla diphologolo le tse di neng di thibela gore dilo di se ka tsa dirwa ka tsela e e seng ya tlholego e di rulaganyeditsweng gore di direge ka yone. Ka sekai, Molao o ne o akaretsa ditaelo tse di neng di thibela gore phologolo e se ka ya ntshiwa setlhabelo fa e ise e nne le mmaayone bogolo malatsi a le supa, mme gape o ne o thibela go bolaya phologolo mmogo le ngwana wa yone ka letsatsi le le lengwe fela, le go tsaya nonyane mmogo le mae a yone kana bana ba yone mo sentlhageng ka nako e le nngwe fela.—Lefitiko 22:27, 28; Duteronome 22:6,7.
Go bonala sentle gore Molao e ne e se lenaane fela la ditaelo le dithibelo tse di raraaneng. Gareng ga dilo tse dingwe, melaometheo ya one e re thusa go godisa tsela e e siameng e re itshwarang ka yone e e bontshang gore re na le dinonofo tsa ga Jehofa tse di molemolemo.—Pesalema 19:7-11.
JULY 19-25
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DUTERONOME 16-18
“Melaometheo ya go Atlhola ka Tsela e e Siameng”
it-1-E 343 ¶5
Bofofu
Bofofu bo ne bo tshwantshetsa go sa diragatse tshiamiso mo dikgannyeng tsa boatlhodi, mme Molao o na le dikgakololo tse dintsi tse di kgatlhanong le pipamolomo, go newa dimpho kgotsa go nna le tlhaolele. Fa moatlhodi a neilwe pipamolomo, dimpho kgotsa a tlhaola batho go ya ka maemo, seo se ka dira gore a se ka a atlhola kgetsi ka tsela e e siameng. “Pipamolomo e foufatsa batho ba ba bonang sentle.” (Ek 23:8) “Pipamolomo e foufatsa matlho a ba ba botlhale.” (Dut 16:19) Go sa kgathalesege gore moatlhodi o atlhola ka tsela e e siameng go le kana kang, fa a neilwe dimpho, seo se ka dira gore a atlhole ka tsela e e sa siamang, le fa a ka tswa a itse gore dimpho tseo o di neilwe e le pipamolomo kgotsa e se pipamolomo. Lefoko la Modimo ga le lebe go ntsha dimpho e le yone fela tsela e e ka foufatsang moatlhodi, mme gape a ka foufadiwa ke tsela e a ikutlwang ka yone ka batho ba a ba atlholang, ka gonne le a re: “Ga o a tshwanela go tlhaola mohumanegi kgotsa wa tseela motho yo o humileng kwa godimo.” (Lef 19:15) Ka jalo, moatlhodi o ne a sa tshwanela go atlhola batho ba ba humileng ka bonolo, fela ka gonne ba humile.—Ek 23:2, 3
it-2-E 511 ¶7
Palo
Pedi. Gantsi fa go ne go sekasekiwa kgetsi, go ne go tlhokega basupi ba babedi. Fa basupi bao ba ne ba ntsha bosupi jo bo tshwanang, seo se ne se dira gore kgang e tlhomamisiwe. Baatlhodi ba ne ba tla reetsa kgang fela fa go ne go na le basupi ba babedi kgotsa ba bararo. Molaomotheo ono o sa ntse o dirisiwa mo phuthegong ya Bokeresete. (Dut 17:6; 19:15; Mat 18:16; 2Bk 13:1; 1Ti 5:19; Bah 10:28) Modimo o ile a dirisa molaomotheo ono fa a ne a ntsha Morwawe gore a boloke batho. Jesu o ile a re: “Mo Molaong wa lona go kwadilwe jaana: ‘Bosupi jwa batho ba babedi bo boammaaruri.’ Ke nna ke nayang bosupi ka ga me, le Rara yo o nthomileng o naya bosupi ka ga me.”—Joh 8:17, 18.
it-2-E 685 ¶6
Moperesiti
Baperesiti ba ne ba neilwe tshiamelo ya go tlhalosa Molao wa Modimo e bile ba ne ba dira ditshwetso dingwe tsa boatlhodi kwa Iseraele. Ba ne ba nna mo metseng e ba neng ba e abetswe mme ba ne ba thusa baatlhodi fa go ne go na le dikgetsi tse di thata tse di neng di sa kgone go rarabololwa ke kgotlatshekelo ya mo motseng. (Dut 17:8, 9) Fa motho a ne a bolailwe, baperesiti ba ne ba tshwanetse go dira le banna ba bagolwane ba motse, go tlhomamisa gore go latelwa ditaelo tse di siameng fa go rarabololwa kgetsi eo gore motse o se ka wa nna le molato wa madi. (Dut 21:1, 2, 5) Fa monna a ne a latofatsa mosadi wa gagwe ka gore o dirile boaka, mosadi yoo o ne a tshwanetse go tlisiwa mo lefelong le le boitshepo, mme moperesiti o ne a tla dira dilo dingwe e le go botsa Jehofa gore mosadi yoo o ne a dirile boleo joo kgotsa o ne a sa bo dira. (Dip 5:11-31) Ditshwetso tse di dirilweng ke baperesiti le baatlhodi di ne di tshwanetse go tlotliwa. Fa motho a ne a sa ikobele ditshwetso tseo ka boomo, o ne a tla bolawa.—Dip 15:30; Dut 17:10-13.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 787
Go Kgaola
Go ya ka Molao, motho o ne a kgaolwa ka bosupi jwa batho ba le babedi. (Dut 19:15) Basupi bao e ne e tshwanetse go nna bone ba ntlha go kgobotletsa motho yo o molato ka maje. (Dut 17:7) Go dira jalo, go ne go tla bo go bontsha gore ba rata molao wa Modimo le gore ba batla go boloka phuthego ya Iseraele e le phepa. Gape go ne go tla thibela Baiseraele go dira tshwetso ba se na bosupi le go latofatsa mongwe ka sengwe se a sa se dirang.
JULY 26–AUGUST 1
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DUTERONOME 19-21
“Jehofa o Tsaya Botshelo bo le Botlhokwa”
Etsa Sekao sa ga Jehofa sa Tshiamiso le Kutlwelobotlhoko
Go ne go le motlhofo go ya kwa metseng e merataro ya botshabelo. Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba age metse eo mo matlhakoreng oomabedi a Noka ya Joredane. Ka ntlha yang? Gore go nne motlhofo gore mmolai a tshabele kwa go yone ka bonako. (Dipa. 35:11-14) Ditsela tse di yang kwa metseng eo di ne di tlhokometswe sentle. (Dute. 19:3) Go ya ka molao wa Sejuda, go ne go na le matshwao mo tseleng a a bontshang gore metse ya botshabelo e kwa kae. E re ka go ne go na le metse ya botshabelo, motho yo o bolaileng yo mongwe ka phoso o ne a sa patelesege go tshabela kwa nageng e nngwe, kwa a neng a ka raelesega go obamela medimo ya maaka teng.
Etsa Sekao sa ga Jehofa sa Tshiamiso le Kutlwelobotlhoko
Boikaelelo jwa thulaganyo ya metse ya botshabelo e ne e le go thusa Baiseraele gore ba se ka ba nna le molato wa madi. (Dute. 19:10) Jehofa o rata botshelo e bile o tlhoile “diatla tse di tshololang madi a a se nang molato.” (Dia. 6:16, 17) Tota e bile, e re ka e le Modimo yo o tshiamiso le yo o boitshepo, o ne a ka se itlhokomolose polao epe fela le fa e ne e dirilwe ka phoso. Gone ke boammaaruri gore motho yo o bolaileng yo mongwe ka phoso o ne a bontshiwa kutlwelobotlhoko. Le fa go ntse jalo, motho yoo o ne a tshwanetse go isa kgang ya gagwe kwa banneng ba bagolwane, mme fa ba tsaya tshwetso ya gore o ne a sa mmolaya ka boomo, mmolai yoo o ne a tshwanetse go nna mo motseng wa botshabelo go fitlha moperesiti yo mogolo a tlhokafala. Seno se raya gore o ne a ka nna mo motseng oo botshelo jotlhe jwa gagwe. Seno se ne se bontsha Baiseraele gore Jehofa o tsaya botshelo jwa motho bo le botlhokwa. Ba ne ba tshwanetse go bontsha gore ba tlotla Moneibotshelo ka go tila sepe fela se se neng se ka tsenya botshelo jwa motho yo mongwe mo kotsing.
it-1-E 344
Madi
Motho o ne a tshwanetse go itumelela botshelo jo Modimo a mo neileng jone mme fa motho yo mongwe a ne a ka mmolaya, o ne a tla ikarabelela mo go Jehofa. Re kgona go lemoga seno mo go se Modimo a ileng a se bolelela Kaine fa a ne a re: “Madi a ga monnao a goela kwa go nna go tswa mo mmung.” (Ge 4:10) Tota le fa motho a ne a tsenya botshelo jwa morwarraagwe mo kotsing ka go mo tlhoa, go eletsa gore a swe, go mo senya leina kgotsa go ntsha bosupi jwa maaka ka ene, motho yoo o ne a nna le molato wa madi.—Lef 19:16; Dut 19:18-21; 1Jo 3:15.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 518 ¶1
Kgotlatshekelo
Kgotlatshekelo e ne e le kwa kgorong ya motse. (Dut 16:18; 21:19; 22:15, 24; 25:7; Ru 4:1) Mafoko a a reng “kwa kgorong” a kaya lefelo le le gaufi le kgoro ya motse. Batho ba ne ba ya kwa kgorong ya motse gore ba ye go reetsa fa go ne go balwa molao. (Neh 8:1-3) E re ka kgotlatshekelo ya motse e ne e le kwa kgorong, go ne go le motlhofo go sekaseka kgetsi e e neng e ka tswa e akaretsa dilo tsa kgwebo kgotsa dilo tse dingwe ka gonne batho ba ne ba tswa ba tsena mo motseng, ka jalo, go ne go le motlhofo go bona batho ba e neng e tla nna basupi mo kgetsing eo. Gape seo se ne se tla tlhotlheleletsa baatlhodi go bontsha gore ba kgathalela batho le go dira ditshwetso ka tsela e e siameng. Go lebega go ne go na le lefelo le le gaufi le kgoro ya motse le baatlhodi ba neng ba sekaseka dikgetsi kwa go lone ba sa kgorelediwe ke sepe.—Job 29:7.
AUGUST 2-8
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DUTERONOME 22-23
“Molao wa ga Moshe O ne O Bontsha Jang Gore Jehofa o Kgathalela Diphologolo?”
it-1-E 375-376
Morwalo
Bogologolo go ne go dirisiwa diphologolo go rwala merwalo. Mme Baiseraele ba ne ba laetswe gore fa ba bona tonki ya mongwe e wetse fa fatshe ka gonne e imelwa ba ne ba tshwanetse go thusa mong wa yone go e golola, tota le fa motho yoo a ba tlhoile.—Ek 23:5.
it-1-E 621 ¶1
Duteronome
Mo bukeng ya Duteronome go na le melao e e tlhalosang gore diphologolo di tshwanetse go tshwarwa sentle. Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go ntsha nonyane mo sentlhageng sa yone ka gonne seo se ne se tla utlwisa nonyane eo botlhoko e re ka e ne e itse gore e tlhoka go tlhokomela mamphorwana a yone. Nonyane eo e ne e tshwanetse go tlogelwa pele gore e tswe mo sentlhageng mme Baiseraele ba ne ba ka itseela mamphorwana. Ka jalo, nonyane eo e ne e tla kgona go nna le mamphorwana a mangwe.—Dut 22:6, 7.
‘Lo se Ka Lwa Pataganela Jokwe E le Mo go Sa Lekalekaneng’
JAAKA o ka bona mo setshwantshong seno, kamela le poo tse di lemang mmogo fano di goga boima. Jokwe e e di kopantseng fano—e e tshwanetseng go dirisediwa diphologolo tse pedi tse di lekanang ka bogolo le ka maatla—e dira gore di boge. E re ka Modimo a ne a amega ka boitekanelo jwa diphologolo tseno tse di gogang dilo, o ne a raya Baiseraele a re: “O se ka wa lema ka poo le esele mmogo.” (Duteronome 22:10) Molaomotheo oo o ka dira le mo kgannyeng ya poo le kamela.
Gantsi, molemirui a ka se ka a bogisa diruiwa tsa gagwe jalo. Mme fa e le gore o ne a se na dipoo tse pedi, o ne a ka nna a tsenya diruiwa dipe fela tse pedi tse a nang le tsone kafa tlase ga jokwe e le nngwe. Go bonala e le sone se molemirui wa lekgolo la bo19 la dingwaga yo o mo setshwantshong seno se a ileng a se dira. E re ka diphologolo tse pedi tseno di sa lekane ka bogolo le ka boima, phologolo e e bokoa ga e kitla e kgona go tsamaisana le e nngwe mme e e nonofileng yone e tla goga boima.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 600
Sekoloto
Kwa Iseraele batho ba ne ba nna fela ba le mo dikolotong ka gonne fa ba busa madi ba ne ba adima a mangwe gape. Fa Moiseraele mongwe a ne a kolota motho yo mongwe madi, ka tsela nngwe seno se ne se dira gore e nne lekgoba la motho yoo. (Dia 22:7) Modimo o ne a laela Baiseraele gore ba nne pelotshweu le gore ba se ka ba ikakanyetsa ba le bosi ka go sa kope morokotso fa ba adimile Baiseraele ba ba humanegileng madi. (Ek 22:25; Dut 15:7, 8; Ps 37:26; 112:5) Mme gone ba ne ba ka duedisa batswakwa morokotso. (Dut 23:20) Bajuda bangwe ba re motho o ne a duela morokotso fa a adimile madi go dira dilo dingwe tsa kgwebo, mme o ne a sa o duele fa a a adimile ka gonne a a tlhoka. Batswakwa ba ne ba nna kwa Iseraele ka nakwana, gantsi e le ka gonne ba ne ba dira dilo tsa kgwebo. Ba ne ba duedisiwa morokotso ka gonne le bone fa ba ne ba adimile ba bangwe, ba ne ba ba duedisa morokotso.
AUGUST 9-15
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DUTERONOME 24-26
“Molao wa ga Moshe O ne O Bontsha Jang Gore Jehofa o Rata Basadi?”
it-2-E 1196 ¶4
Mosadi
Melao ya sesole e ne e solegela banna le basadi molemo ka gonne e ne e sa letlelele gore monna a ye bosoleng fa ene le mosadi wa gagwe ba ise ba fetse ngwaga ba nyalane. Seo se ne se naya banyalani tshono ya go nna le ngwana, mme seno se ne se tla gomotsa mosadi wa gagwe fa monna a ile kwa ntweng tota le fa go ka diragala gore a swele koo.—Dut 20:7; 24:5.
it-1-E 963 ¶2
Go Phutha
Thulaganyo eno ya go phutha e ne e sa direlwa gore batho ba nne botswa, mme e ne e diretswe go thusa bahumanegi, go thusa batho gore ba rate go aba, ba se ka ba ikakanyetsa ba le bosi le gore ba ikaege ka Jehofa. Seno se re thusa go bona boammaaruri jwa mafoko a ga Dafide fa a ne a re: “Ga ke ise ke bone ope yo o siameng a latlhilwe, kgotsa bana ba gagwe ba tlhoka dijo.” (Ps 37:25) Fa bahumanegi ba ne ba ka latela thulaganyo eno ba bo ba dira ka natla mo tirong ya go phutha, ba ne ba se kitla ba bolawa ke tlala, le bana ba bone ba ne ba se kitla ba kopa batho dijo.
A o Ne o Itse?
Kwa Iseraele wa bogologolo, fa monna a ne a tlhokafala a se na ngwana wa mosimane, go ne go lebeletswe gore morwarraagwe a nyale mosadi wa gagwe mme a tshole bana le ene gore a tsweledise pele losika lwa monna yo o tlhokafetseng. (Genesise 38:8) Thulaganyo eno, e moragonyana e neng ya tsenngwa mo Molaong wa ga Moshe, e ne e itsiwe e le go nyala seyantlo. (Duteronome 25:5, 6) Se Boase a neng a se dira, se se tlhalosiwang mo bukeng ya Ruthe, se bontsha gore seno se ne se ka dirwa ke banna ba bangwe ba losika lwa monna yo o tlhokafetseng fa e le gore ga a na bomorwarraagwe.—Ruthe 1:3, 4; 2:19, 20; 4:1-6.
Se se bontshang gore go nyala seyantlo go ne go dirwa mo motlheng wa ga Jesu ke gore, Basadukae ba ne ba bua ka gone, jaaka go kwadilwe mo go Mareko 12:20-22. Rahisitori wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Flavius Josephus o ne a re mokgwa ono o ne o sa thuse fela gore losika lwa monna yo o tlhokafetseng lo tswelele lo le teng mme gape o ne o dira gore boswa bo se ka jwa tswa mo lelapeng e bile o dira gore motlholagadi a tlhokomelwe sentle. Mo metlheng eo, mosadi o ne a se na tshwanelo ya go rua dithoto tsa monna wa gagwe boswa. Le fa go ntse jalo, ngwana yo o tshotsweng mo lenyalong la seyantlo o ne a na le tshwanelo ya go rua boswa jwa dithoto tsa monna yo o tlhokafetseng.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Lorato le Tshiamiso Kwa Iseraele wa Bogologolo
Jehofa o bona tsela e banyalani ba tshwaranang ka yone. O ne a batla gore basadi ba Baiseraele ba tshwarwe sentle. Monna yo o neng a ikobela Molao o ne a rata mosadi wa gagwe e bile o ne a ka se mo tlhale ka mabaka a a sa utlwaleng. (Dute. 24:1-4; Math. 19:3, 8) Fa ba nna le mathata a a masisi a bo a mo tlhala, o ne a tshwanetse go mo naya lekwalo la tlhalo. Lekwalo leo le ne le sireletsa mosadi gore a se ka a latofadiwa ka gore o dirile boitsholo jo bo sa siamang. Mo godimo ga moo, pele monna a ka naya mosadi wa gagwe lekwalo la tlhalo, o ne a tshwanetse go bua le bagolwane ba motse. Seo se ne se tla naya bagolwane tshono ya gore ba leke go ba thusa go rarabolola mathata a bone. Ga se ka metlha Jehofa a neng a tsereganya fa monna a tlhala mosadi wa gagwe ka ntlha ya mabaka a a sa utlwaleng. Le fa go ntse jalo, o ne a utlwa selelo sa mosadi yoo e bile a mo tlhomogela pelo.—Mal. 2:13-16
AUGUST 16-22
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DUTERONOME 27-28
“Ditshegofatso Tseno Tsotlhe di Tla Tla mo go Wena di le Dintsi”
Bona Masego ka Kgosi ya Modimo e e Kaelwang ke Moya!
Tota go reetsa go akaretsa go tsaya tsia se se buiwang mo Lefokong la Modimo le go tsaya tsia dijo tsa semoya tse a re nayang tsone. (Math. 24:45) Gape go raya go ikobela Modimo le Morwawe. Jesu o ne a re: “Ga se mongwe le mongwe yo o nthayang a re, ‘Morena, Morena,’ yo o tla tsenang mo bogosing jwa magodimo, mme yo o dirang thato ya ga Rre yo o kwa magodimong o tla tsena.” (Math. 7:21) Go reetsa Modimo go raya go ikobela ka go rata thulaganyo e a e tlhomileng e leng phuthego ya gagwe ya Bokeresete e e nang le bagolwane ba ba tlhomilweng, “dimpho tse e leng banna.”—Baef. 4:8.
A Tshegofatso ya ga Jehofa e Tla go Wela?
Lediri la Sehebera le le ranotsweng ka gore “nna o reetsa” mo go Duteronome 28:2 le bontsha tiro e e tswelelang pele. Batho ba ga Jehofa ga ba a tshwanela go mo reetsa fela ka dinako dingwe; ba tshwanetse go nna ba mo reetsa ka dinako tsotlhe. Ke fela fa ba dira jalo ba tla welwang ke ditshegofatso tsa Modimo. Lediri la Sehebera le le ranotsweng ka gore “wela” le tlhalosiwa e le lereo la go tsoma leo gantsi le rayang “go tshwara” kgotsa “go fitlhelela.”
Senka Masego a ga Jehofa ka Tlhoafalo
Gore Baiseraele ba nne kutlo ba ne ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe? Molao wa Modimo o ne o bolela gore o ne a ka se itumele fa batho ba gagwe ba sa mo direle “ka boipelo le ka go ipela ga pelo.” (Bala Duteronome 28:45-47.) Go ikobela ditaelo tsa ga Jehofa ga e a tshwanela go nna seomodiro fela, re dira se se neng se ka dirwa le ke diphologolo kgotsa madimona. (Mar. 1:27; Jak. 3:3) Go ikobela Modimo ka bopeloephepa go supa lorato. Seo se bontshiwa ke boitumelo jo re nnang le jone ka gonne re dumela gore melao ya ga Jehofa ga e imele le gore “o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—Baheb. 11:6; 1 Joh. 5:3.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 360
Letshwao la Molelwane
Molao wa ga Jehofa o ne o thibela Baiseraele go sutisa letshwao la molelwane wa moagelani. (Dut 19:14; bona le Dia 22:28.) Tota e bile molao o ne o re go hutsegile motho yo o sutisang “letshwao la molelwane wa moagelani wa gagwe.” (Dut 27:17) E re ka motho a ne a ikaegile ka se se mo tshimong ya gagwe gore a kgone go tshela, fa motho a ne a sutisa molelwane wa gagwe seno se ne se fokotsa se a itshedisang ka sone. Fa motho a ne a dira jalo, o ne a tsewa e le legodu.—Job 24:2.
AUGUST 23-29
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DUTERONOME 29-30
“Go Direla Jehofa ga go Thata”
Jehofa o Batla Gore re Itlhophele
A go thata go itse se Modimo a se batlang re bo re se dira? Moshe o tlhalosa jaana: “Taelo eno e ke e go laelang gompieno ga e thata go le kalo mo go wena, e bile ga e kgakala.” (Temana 11) Jehofa ga a batle gore re dire dilo tse re ka se kgoneng go di dira. Dilo tse a di batlang ga di dintsi e bile re ka kgona go di dira. Gape re ka kgona go itse gore o batla eng. Ga go tlhokege gore re tlhatlogele “kwa magodimong” kgotsa re ye “kwa ntlheng e nngwe ya lewatle” gore re itse gore Modimo o batla gore re dire eng. (Temana 12, 13) Baebele e re bolelela ka tlhamalalo gore re tshwanetse go tshela jang.—Mika 6:8.
Jehofa o Batla Gore re Itlhophele
“GANTSI ke ne ke boifa gore ga nkitla ke ikanyega mo go Jehofa.” Go ne ga bua jalo mosadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a akanya gore dilo tse di maswe tse di mo diragaletseng a sa le monnye di tla dira gore a palelwe mo botshelong. A go ntse jalo? A fa o diragaletswe ke dilo tse di maswe mo botshelong seo se kaya gore ga o motho wa sepe? Nnyaa. Jehofa Modimo o re neile kgololesego ya go itirela ditshwetso gore re itlhophele gore re batla go tshela jang. Jehofa o batla gore re dire ditshwetso tse di siameng, mme Lefoko la gagwe e leng Baebele le re bolelela kafa re ka dirang seo ka gone. Akanya ka mafoko a ga Moshe, a a mo go Duteronome kgaolo 30.
Jehofa o Batla Gore re Itlhophele
A Jehofa o amega ka gore re tlhopha tsela efe? Ee ruri! Moshe yo o neng a tlhotlheleditswe ke Modimo o ne a re: ‘Tlhopha botshelo.’ (Temana 19) Le fa go ntse jalo, re tlhopha botshelo jang? Moshe o ne a tlhalosa jaana: “Ka go rata Jehofa Modimo wa gago, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela.” (Temana 20) Fa re rata Jehofa, re tla batla go mo reetsa ka boikobo le go mo ikanya go sa kgathalesege gore go direga eng. Fa re dira jalo, re tlhopha botshelo—tsela e e molemolemo ya botshelo gone jaanong re na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo mo nakong e e tlang.—2 Petere 3:11-13; 1 Johane 5:3.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 665 ¶3
Tsebe
Jehofa o ne a dirisa batlhanka ba gagwe go tlhalosa gore ditsebe tsa Baiseraele ba ba neng ba gana go mo reetsa, di ne di sa rupisiwa. (Jer 6:10; Dit 7:51) Go ne go ntse jaaka e kete ba tsentse sengwe mo ditsebeng se se dirang gore ba se ka ba kgona go utlwa. Ditsebe tse di sa rupang ke ditsebe tsa batho ba ba ganang go reetsa Jehofa, ka jalo, o a di tswala gore ba se ka ba tlhaloganya sepe. Mme o bula ditsebe tsa ba ba batlang go mo reetsa gape o ba thusa go mo ikobela. (Dut 29:4; Bar 11:8) Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore go tla nna le Bakeresete ba bangwe ba e neng e tla nna batlhanogi ka gonne ba sa batle go utlwa boammaaruri jwa Lefoko la Modimo mme ba batla gore ditsebe tsa bone di “tsikitliwe” ka dilo tse ba di ratang, ba bo ba reetsa barutisi ba maaka. (2Ti 4:3, 4; 1Ti 4:1) Gape ditsebe tsa mongwe di ka nna tsa “baba” ka gonne a utlwa dikgang tse di makatsang, segolobogolo tsa masetlapelo.—1Sa 3:11; 2Dk 21:12; Jer 19:3.
AUGUST 30–SEPTEMBER 5
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DUTERONOME 31-32
“Re ka Ithuta Eng mo Pineng e Jehofa a Tlhotlheleditseng Moshe go e Kwala?”
“Kitlanya Pelo ya me Gore e Boife Leina la Gago”
Pele Baiseraele ba tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, Jehofa o ne a ruta Moshe pina nngwe. (Dute. 31:19) Mme Moshe o ne a tshwanetse go ruta batho pina eo. (Bala Duteronome 32:2, 3.) Fa re tlhatlhanya ka Duteronome 32 temana 2 le 3, re kgona go bona gore Jehofa o batla gore batho botlhe ba itse leina la gagwe le gore ba se ka ba re le boitshepo thata mo ba ka se kang ba kgona go le bitsa. Baiseraele ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse tota fa ba utlwa Moshe a ba ruta ka Jehofa le leina la gagwe. Dilo tse Moshe a neng a ba ruta tsone di ile tsa ba kgothatsa le go nonotsha tumelo ya bone fela jaaka pula e thusa dijalo go gola. Re ka etsa Moshe jang fa re ruta?
Fa re le mo bodireding, re ka dirisa Baebele go bontsha batho gore leina la Modimo ke Jehofa. Re ka ba fa dikgatiso, ra ba bontsha dibidio kgotsa ra ba fa sepe fela se se mo website ya rona se se buang ka Jehofa. Fa re le kwa mmerekong, kwa sekolong kgotsa gongwe re tsaya loeto, re ka kgona go nna le tshono ya go bua le batho ba bangwe ka Jehofa. Fa re ba bolelela ka dilo tse dintle tse Jehofa a tlileng go re direla tsone mo lefatsheng, ba ka simolola go lemoga gore tota Jehofa o a re rata. Fa re ruta ba bangwe boammaaruri ka Modimo, re a bo re dira gore leina la gagwe le itshepisiwe. Re ba thusa go lemoga gore dilo di le dintsi tse ba ntseng ba di rutiwang ka Modimo ke maaka. Fa re ruta batho boammaaruri jo bo tswang mo Baebeleng ba tla lapologelwa.—Isa. 65:13, 14.
Dipapiso Tse di mo Baebeleng—A o A di Tlhaloganya?
Gape Baebele e tshwantshanya Jehofa le dilo tse di sa tsheleng. O tlhalosiwa e le “Lefika la Iseraele,” e le “lefika,” le “kago e e thata.” (2 Samuele 23:3; Pesalema 18:2; Duteronome 32:4) Dilo tseno di tshwana ka eng? Fela jaaka lefika le legolo le sa sute, ka jalo Jehofa Modimo ke ene a ka go bolokang.
Etsa Jehofa fa o Thapisa Bana ba Gago
Akanya ka lorato lo Jehofa a neng a lo bontsha fa a ne a dirisana le Baiseraele. Moshe o ne a dirisa setshwantsho se sentle go tlhalosa lorato lwa ga Jehofa mo setšhabeng se sennye seo sa Iseraele. Re bala jaana: “Fela jaaka ntsu e fudua sentlhaga sa yone, e fofafofa fa godimo ga mamphorwana a yone, e tsharolola diphuka tsa yone, e a tsaya, e a tshola ka dintlha tsa diphuka tsa yone, Jehofa a le nosi o ne a nna a . . . etelela [Jakobe] pele.” (Duteronome 32:9, 11, 12) Fa ntsu e ruta mamphorwana a yone go fofa, e “fudua sentlhaga sa yone,” e phaphasetsa diphuka tsa yone go tlhotlheletsa mamphorwana a yone gore a fofe. Fa kgabagare lemphorwana le photsha mo sentlhageng, se gantsi se a bong se le mo lepaweng le le kwa godimo la thaba, mmaalone o “fofafofa fa godimo ga” lone. Fa go bonala e kete lemphorwana leno le tloga le itaagana fa fatshe, mmaalone o fofela ka bonako kwa tlase ga lone, a le tshware ka ‘dintlha tsa diphuka tsa yone.’ Ka lorato, Jehofa o ne a tlhokomela setšhaba sa Iseraele se se sa tswang go tsholwa ka tsela e e tshwanang. O ne a naya batho Molao wa ga Moshe. (Pesalema 78:5-7) Go tswa foo Modimo o ne a baya setšhaba seno leitlho ka kelotlhoko e kgolo, a iketleeditse go tla go namola batho ba gagwe fa ba tsena mo mathateng.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Duteronome
31:12. Basha ba tshwanetse go nna le batho ba bagolo kwa dipokanong tsa phuthego mme ba iketleeletse go reetsa le go ithuta.