LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • th thuto 12 ts. 15
  • Bontsha Gore o Amega ka Bareetsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bontsha Gore o Amega ka Bareetsi
  • Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna Matlhagatlhaga
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Leka go Fitlhelela Pelo
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Go Tsenya Maikutlo fa o Bua
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tlotla le Bareetsi
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
th thuto 12 ts. 15

THUTO 12

Bontsha Gore o Amega ka Bareetsi

Temana e e umakilweng

1 Bathesalonika 2:7, 8

KGANGKGOLO: Bua le bareetsi ka tsela e e lorato e bile o bontshe gore o batla go ba thusa.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Akanya ka bareetsi. Akanya ka mathata a ba nang le one. Ipotse gore ba ka tswa ba ikutlwa jang.

  • Tlhopha mafoko a gago sentle. Leka go kgothatsa bareetsi ba gago, go ba gomotsa le go ba nonotsha. O se ka wa kgopisa batho ba ba sa dumeleng mo go Jehofa kgotsa wa kgala dilo tse ba di dumelang.

  • Bontsha gore o kgatlhegela bareetsi. O ka dira seo ka go bua ka lentswe le le bonolo le ka go tshikinyang mmele ka tsela e e tshwanelang. Nna o etse tlhoko gore tsela e o ikutlwang ka yone e bonala mo sefatlhegong sa gago mme o nne o nyenya.

    Kakantsho

    O se ka wa pateletsa go tsenya maikutlo kgotsa wa feteletsa dilo. Fa o bala, leka go ntsha maikutlo a se o se balang mme o se ka wa dira gore bareetsi ba tlhome mogopolo mo go wena. Leka go bua ka tsela e e bontshang lorato.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela