LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • th thuto 8 ts. 11
  • Ditshwantsho Tse di Rutang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditshwantsho Tse di Rutang
  • Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “O ne A sa Bue le Bone Sepe Fa e Se ka Setshwantsho”
    ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
  • “O ne A sa Bue le Bone Sepe Fa e Se ka Setshwantsho”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Ruta ka Temogo Le ka Go Tlhotlheletsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Etsa Morutisi yo Mogolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
th thuto 8 ts. 11

THUTO 8

Ditshwantsho Tse di Rutang

Temana e e umakilweng

Mathaio 13:34, 35

KGANGKGOLO: Tokafatsa tsela e o rutang ka yone ka go dirisa ditshwantsho tse di motlhofo, tse di kgatlhang le tse di tla thusang bareetsi.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Dirisa ditshwantsho tse di motlhofo. Fela jaaka Jesu, dirisa dilo tse di nnye go tlhalosa dilo tse dikgolo e bile o dirise tse di motlhofo go tlhalosa tse di thata. O se ka wa bua dilo tse dintsi tse di tla dirang gore go nne thata gore bareetsi ba tlhaloganye setshwantsho sa gago. Tlhomamisa gore setshwantsho sa gago se tsamaisana sentle le se o se rutang gore bareetsi ba gago ba se ka ba tlhakana tlhogo ka gonne ba sa tlhaloganye dilo dingwe mo setshwantshong sa gago.

    Kakantsho

    Nna kelotlhoko. Leba dilo tse di diragalang mo lefatsheng, ithute dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng e bile o reetse fa batho ba ba nang le bokgoni ba ruta. Fa o dira jalo, bona gore ke ditshwantsho dife tse o ka di dirisang go tokafatsa tsela e o rutang ka yone. Kwala ditshwantsho tseo o bo o di boloka mo faeleng.

  • Akanya ka se se tla thusang bareetsi. Dirisa ditshwantsho tse di amang bareetsi e bile di ba kgatlha. O se ka wa dirisa ditshwantsho tse di tla ba tlhabisang ditlhong kgotsa tse di tla ba kgopisang.

  • Ruta dintlha tsa botlhokwa. Dirisa ditshwantsho fa o tlhalosa dintlha tsa botlhokwa, e seng dintlha tse di sa reng sepe. Dira gore bareetsi ba se ka ba gopola setshwantsho fela mme ba gopole le dintlha tsa botlhokwa tse ba di ithutileng mo go sone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela