LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 8/15 ts. 26-30
  • Ke ka Ntlha Yang o Bega se se Bosula?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang o Bega se se Bosula?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Anaanela Botlhokwa Jwa Kgalemo
  • Ke Boikarabelo Jwa ga Mang Joo?
  • Go Rarabolola Kgang Eno
  • Go Boloka Boitshepo mo Phuthegong
  • Go Thusa ba ba Fositseng
  • Kgato ya Molaomotheo wa Lorato
  • Amogela Kotlhao ya ga Jehofa ka Metlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Go Boloka Phuthego E na Le Kagiso e Bile e le Phepa
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Bagolwane, Bontshang Gore lo Kutlwelobotlhoko le Gore lo Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 8/15 ts. 26-30

Ke ka Ntlha Yang o Bega se se Bosula?

BANGWE kwa Afrika Bophirima ba bolela gore, “Yo o senolang sengwe mo phatlalatseng e nna mmaba wa batho.” Ke se se neng sa diragalela Olu, ka nako ya fa a ne a sekisa morwarraagwe ka go tlhakanela dikobo le kgaitsadiagwe. Morwarraagwe o ne a goa ka gore, “O rramaaka!” Mme a itaya Olu ka bosetlhogo, a mo koba mo ntlong ya gaabo le go fisa diaparo tsotlhe tsa ga Olu. Batho ba motse ba ne ba ema morwarraagwe nokeng. E re ka a ne a sa tlhole a amogelwa mo motseng, Olu o ne a tshwanelwa ke go tloga moo. E ne ya nna morago ga gore mosetsana a lemogiwe gore o imile, batho ba neng ba lemoga gore Olu o ne a boletse boammaaruri. Morwarraagwe o ne a ipobola mme Olu o ne boela gape mo gae. Dilo di ka bo di diragetse ka tsela e e farologaneng gotlhelele. Olu o ka bo a bolailwe.

Ka phepafalo, ba ba se nang lorato mo go Jehofa ga ba rate go dumela gore diphoso tsa bone di senolwe. Mokgwa wa batho ke go gana kgalemo le go tlhoa yo o neelanang ka yone. (Bapisa Johane 7:7.) Ga go gakgamatse go bo bontsi bo didimala jaaka maje fa ba tshwanetse go senola diphoso tsa ba bangwe mo go ba ba nang le thata ya go ba kgalemela.

Go Anaanela Botlhokwa Jwa Kgalemo

Le fa go ntse jalo, gareng ga batho ba ga Jehofa go na le boikutlo jo bo farologaneng ka kgalemo. Banna le basadi ba ba ratang Modimo ba anaanela thata thulaganyo e Jehofa a e dirileng ya go thusa batho ba ba dirileng diphoso mo teng ga phuthego ya Bokeresete. Ba tsaya kgalemo e e ntseng jalo e le sesupo sa gagwe sa boutlwelobotlhoko.—Bahebere 12:6-11.

Seno se ka tshwantshiwa le tiragalo nngwe mo botshelong jwa ga Kgosi Dafite. Le fa e ne e le monna yo o siameng go tswa bosheng jwa gagwe, go ne ga nna le nako e ka yone a neng a wela mo boleong jo bo masisi. Sa ntlha o ne a dira boaka. Go tswa foo, ka a ne a leka go bipa phoso ya gagwe, o ne a rulaganyetsa gore monna wa mosadi yoo a bolawe. Le fa go ntse jalo Jehofa o ne a senola boleo jwa ga Dafite mo go Nathane wa moporofeti, yo ka bopelokgale a neng a itebaganya le Dafite ka seno. A dirisa setshwantsho se se maatla, Nathane o ne a botsa Dafite gore ke eng se se tshwanetseng sa dirwa ka monna wa mohumi yo o nang le dinku di le dintsi mme a tsaya le go bolaya konyana e e leng yone fela, phologolo e e leng letlotlo la monna wa mohumanegi gore a itumedise tsala ya gagwe. Dafite yo o kileng a bo e le modisa, o ne a shakgala le go galefa mo go maswe. O ne a re: “Monna yo o dirileng seo se o tshwanetse go swa!” Nathane jaanong a dirisa setshwantsho seo mo go Dafite, a re: “Ke wena monna yoo!”—2 Samuele 12:1-7.

Dafite ga a ka a galefela Nathane; le fa e le go leka go itshireletsa kgotsa go araba ka bogale. Go na le moo, kgalemo ya ga Nathane e ne ya ama segakolodi sa gagwe fela thata. Dafite ka a ne a tshwenyegile mo go maswe, o ne a ipobola jaana: “Ke leofetse Jehofa.”—2 Samuele 12:13.

Go senola ga ga Nathane boleo jwa ga Dafite, mo go neng ga latelwa ke kgalemo e e siameng, go ne ga nna le matswela a a molemo. Le fa tota Dafite a sa ka a sirelediwa go utlwa ditlamorago tsa phoso ya gagwe, o ne a ikwatlhaya le go letlana le Jehofa. Dafite o ne a ikutlwa jang ka kgalemo e e ntseng jalo? O ne a kwala jaana: “A mosiami a ntiteye, e tlaa bo e le pelonomi fela; a nkomanye, e tlaa bo e le jaaka fa lookwane lo thelwa mo tlhogong ya me; a tlhogo ya me e se lo gane.”—Pesalema 141:5.

Mo motlheng wa rona le gone, batlhanka ba ga Jehofa ba ka nna le seabe mo boleong jo bo masisi, le e leng ba ba ikanyegileng dingwaga di le dintsi. Ka go lemoga gore bagolwane ba ka nna ba thusa, ba le bantsi ba tsaya kgato pele go ba atamela go bona thuso. (Jakobe 5:13-16) Mme ka dinako dingwe motho yo o dirileng phoso a ka nna a leka go bipa boleo jwa gagwe jaaka Kgosi Dafite a dirile. Ke eng se re ka se dirang fa re itse ka boleo bongwe jo bo masisi mo phuthegong?

Ke Boikarabelo Jwa ga Mang Joo?

Fa bagolwane ba itse ka ga boleo jo bo masisi, ba ya kwa mothong yo o dirileng seno go mo neela thuso le go mo kgalema. Ke boikarabelo jwa bagolwane go atlhola ba ba ntseng jalo mo phuthegong ya Bokeresete. E re ka ba etse tlhoko boemo jwa yone jwa semoya, ba thusa le go tlhagisa mongwe fela yo o tsereng kgato e e sa siamang kgotsa e e phoso.—1 Bakorinthe 5:12, 13; 2 Timotheo 4:2; 1 Petere 5:1, 2.

Mme go tweng fa e le gore ga o mogolwane mme o itse ka ga boleo bongwe jo bo masisi jo bo dirilweng ke Mokeresete yo mongwe? Dikaelo di bonwa mo Molaong o Jehofa a neng a o neela setšhaba sa Iseraele. Molao o ne wa bolela gore fa motho a ne a itse ka ga ditiro tsa botenegi, boepapuso, polao kgotsa tlolomolao nngwe fela e e masisi, e ne e le boikarabelo jwa gagwe go e bega le go kaya se a neng a se itse. Lefitiko 5:1 e bolela jaana: “Fa mongwe a leofa ka go re, e rile a le mosupi wa sengwe, a utlwa lentswe la ikaniso, go re, a sengwe o se bonye, kgotsa a o a itse, a se ka a se bolela, foo a a belege tshiamololo ya gagwe.”—Bapisa Duteronome 13:6-8; Esethere 6:2; Diane 29:24.

Le fa Bakeresete ba se ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe gompieno, ba ka nna ba kaelwa ke melaometheo ya gone. (Pesalema 19:7, 8) Ka jalo fa o itse ka ga boleo bongwe jo bo masisi jwa Mokeresetekawena, ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Go Rarabolola Kgang Eno

Sa ntlha, go botlhokwa gore go nne le lebaka le le utlwalang la go dumela gore boleo jo bo masisi bo diragetse eleruri. Monna yo o botlhale o boletse gore, “O se ka wa nna mosupa molato wa wa gaeno ka bomo; o se ka wa tsietsa ka molomo wa gago.”—Diane 24:28.

O ka nna wa swetsa go ya ka tlhamalalo kwa bagolwaneng. Ga go phoso go dira jalo. Le fa go ntse jalo, gantsi tsela e e lorato thata ke go ya kwa mothong yo o amegang. Gongwe dilo ga di jaaka di bonala. Kgotsa gongwe kgang e setse e le mo diatleng tsa bagolwane. Tlotla kgang le motho yono o ritibetse maikutlo. Fa go sa ntse go na le lebaka la go dumela gore boleo jo bo masisi bo dirilwe, mo kgothaletse go kopana le bagolwane go bona thuso le go mo tlhalosetsa molemo wa go dira jalo. O se ka wa bua le ba bangwe ka kgang eno, ka gonne seno e tla bo e le go seba.

Fa motho yono a sa bolelele bagolwane mo lobakeng lo lo rileng, wena o tshwanetse go ba bolelela. Ka jalo, mogolwane a le mongwe kana ba le babedi ba tla tlotla kgang eno le molatofadiwa. Bagolwane ba tlhoka gore ba ‘botse, ba senke, ba botse ka tlhoafalo go bona gore phoso e dirilwe.’ Fa e le gore go ntse jalo, ba tla tshwara kgetse go ya ka dikaelo tsa Dikwalo.—Duteronome 13:12-14.

Go tlhokega basupi ba ka nna babedi go nitamisa gore motho o molato. (Johane 8:17; Bahebere 10:28) Fa e le gore motho yoo o gana molato e bile bosupi jwa gago ke jone fela jo bo leng teng, kgang eno e tla tlogelwa mo diatleng tsa ga Jehofa. (1 Timotheo 5:19, 24, 25) Seno se dirwa ka kitso ya gore mo go Jehofa dilo tsotlhe “di mo mpaananeng fela” le gore fa e le gore motho o molato, kgabagare maleo a gagwe a tla mo “tshwara.”—Bahebere 4:13; Dipalo 32:23.

Mme a re re gongwe motho yono o gana molato e bile ke wena fela mosupi yo o kgatlhanong le ene. A jaanong o tla simolola go mo baya molato ka go mo senya leina? Nnyaa, kwantle ga fa o mo sebile mo go ba ba sa amegeng mo kgannyeng eo. Ga se go senya leina go bolela ka maemo a a amang phuthego mo go ba ba nang le taolo le boikarabelo go lebela le go baakanya dikgang. Sentlentle, go tumalanong le keletso ya rona ya go dira se se siameng le se se ikanyegang ka gale.—Bapisa Luke 1:74, 75.

Go Boloka Boitshepo mo Phuthegong

Lebaka le lengwe la go bolela phoso ke gore go sireletsa boitsheko jwa phuthego. Jehofa ke Modimo yo o itshekileng, Modimo yo o boitshepo. O tlhoka gore botlhe ba ba mo obamelang ba nne phepa mo semoyeng le mo boitsholong. Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng le gakolola jaana: “Jaaka bana ba ba utlwang, tlogelang go bopega go ya ka dikeletso tse pele lo neng lo na le tsone mo bosenangkitso jwa lona, mme, tumalanong le Moitshepi yo o neng a lo bitsa, le lona ka bolona nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona, ka gonne go kwadilwe ga twe: ‘Lo tshwanetse go nna boitshepo, ka gonne nna ke boitshepo.’” (1 Petere 1:14-16) Batho ba ba dirang bomaswe kana phoso ba ka leswefatsa le go dira gore phuthego yotlhe e se ka ya ratiwa ke Jehofa kwantle fela ga fa go tsewa kgato ya go ba siamisa kgotsa go ba tlosa.—Bapisa Jošua, kgaolo 7.

Makwalo a ga moaposetoloi Paulo go phuthego ya Bokeresete kwa Korinthe a bontsha ka fa go bolela phoso go dirang ka teng tebang le go itshekisa batho ba Modimo koo. Mo lekwalong la gagwe la ntlha, Paulo o ne a kwala jaana: “Tota e bile kgokafalo e begwa gareng ga lona, e bile e le kgokafalo e e seyong le eleng gareng ga merafe, gore monna mongwe o tsere mosadi wa ga rraagwe.”—1 Bakorinthe 5:1.

Baebele ga e re bolelele gore moaposetoloi o bone pego eo kae. Go ka nna ga diragala gore Paulo o ne a itse ka ga boemo go tswa go Setefanase, Foretunato le Akaiko, ba ba neng ba tsaya mosepele go tswa Korinthe go ya Efeso kwa Paulo a neng a nna teng. Gape Paulo o ne a amogela lekwalo la dipotso go tswa kwa phuthegong ya Bokeresete kwa Korinthe. E ka tswa e le ka motswedi ofe fela, morago ga go sena go begiwa boemo mo go Paulo ke basupi ba ba ikanyegang, ke gone a neng a kgona go neelana ka kaelo mo kgannyeng eno. O ne a kwala seno: “Tlosang motho yo o boikepo mo gare ga lona.” Monna yoo o ne a kobiwa mo phuthegong.—1 Bakorinthe 5:13; 16:17, 18.

A taelo ya ga Paulo e tlisitse matswela a a molemo? Eleruri e dirile jalo! Go bonala fa motho yo o dirileng phoso a ile a lemoga phoso ya gagwe. Mo lekwalong la gagwe la bobedi go Bakorinthe, Paulo o ne a rotloetsa phuthego go ‘itshwarela ka bopelonomi le go gomotsa’ monna yo o ikwatlhaileng yoo. (2 Bakorinthe 2:6-8) Ka jalo go bega phoso go felela ka kgato ya gore go itshekisiwe phuthego le go busetsa motho yo o sentseng kamano ya gagwe le Modimo mo go ratiweng ke Modimo.

Re bona sekai se sengwe gape mo lekwalong la ntlha la ga Paulo go phuthego ya Bokeresete kwa Korinthe. Mo lekgetlhong leno moaposetoloi o bolela maina a basupi ba ba neng ba bega kgang nngwe. O ne a kwala jaana: “Gonne ke ne ka lotlegelwa kaga lona, bakaulengwe ba me, ke ba ntlo ya ga Keloe, gore go na le tlhokakutlwano gareng ga lona.” (1 Bakorinthe 1:11) Paulo o ne a itse gore tlhokakutlwano eno mmogo le go neela batho tlotlo e e sa tshwanelang, di ne di dirile gore go nne le setlhopha se se neng se tshosetsa go senya kutlwano ya phuthego. Ke gone ka moo, ka go amega thata ka boitekanelo jwa semoya jwa badumedikaene, Paulo a neng a tsaya kgato ka bonako le go kwalela phuthego kgakololo e e siamisang.

Gompieno, bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi mo diphuthegong mo lefatsheng lotlhe ba dira ka natla go boloka boitsheko jwa semoya jwa phuthego ka go tshegetsa boemo jwa mongwe le mongwe wa bone jwa go amogelwa ke Modimo. Bangwe ba a boga ka ntlha ya go dira jalo; ba bangwe le e leng go swa e le gore ba boloke bothokgami. Ruri go mpampetsa kgotsa go bipa phoso go tla bontsha go tlhoka kanaanelo ka matsapa ano.

Go Thusa ba ba Fositseng

Ke ka ntlha yang bangwe ba ba wetseng mo boleong jo bo masisi ba sa batle go ya kwa bagolwaneng ba phuthego? Go le gantsi ke ka ntlha ya gore ga ba lemoge botlhokwa jwa go ya kwa bagolwaneng. Bangwe ka phoso ba dumela gore fa ba ipobola, boleo jwa bone bo tla itsisiwe phuthego yotlhe. Ba bangwe ba itlhokomolosa bomasisi jwa tsela ya bone. Ba bangwe ba akanya gore ba ka itshiamisa kwantle ga thuso ya bagolwane.

Mme badiraphoso ba ba ntseng jalo ba tlhoka thuso e e lorato go tswa go bagolwane ba phuthego. Jakobe o ne a kwala jaana: “A go na le motho yo o bobolang mo go lona? A a biletse banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene, mme a ba rapele malebang le ene, ba mo tlotse ka lookwane ka leina la ga Jehofa. Mme thapelo ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, mme Jehofa o tla mo kakatlolola. Gape, fa a dirile maleo, o tla a itshwarelwa.”—Jakobe 5:14, 15.

A bo e le thulaganyo e e molemo jang ne ya go thusa ba ba fositseng go tsosolosa bomoya jwa bone! Ka go dirisa kgakololo e e fodisang e e tswang mo Lefokong la Modimo le ka go rapela mo boemong jwa bone, bagolwane ba ka thusa ba ba lwalang mo semoyeng go fola mo ditseleng tsa bone tse di phoso. Ka jalo, go na le go ikutlwa ba latofadiwa, ba ba ikwatlhaileng gantsi ba ikutlwa ba lapologile e bile ba wetse makgwafo fa ba kopana le bagolwane ba ba lorato. Monna mongwe yo mosha wa kwa Afrika Bophirima o ne a dirile kgokafalo e bile o ne a fitlha boleo jwa gagwe ka dikgwedi di le mmalwa. Morago ga gore boleo jwa gagwe bo bonale, o ne a bolelela bagolwane jaana: “Gone jaanong ke eletsa thata gore mongwe a ka bo a mpoditse ka ga go inaakanya ga me le mosetsana yoo! Go ipolela boleo jono go dira gore ke ikutlwe ke imologile.”—Bapisa Pesalema 32:3-5.

Kgato ya Molaomotheo wa Lorato

Batlhanka ba Modimo ba ba kolobeditsweng ba “kgabagantse go tswa losong go ya botshelong.” (1 Johane 3:14) Mme fa ba dira boleo jo bo masisi, ba boela gape kwa tseleng ya loso. Fa ba sa bone thuso, ba ka nna ba ganelela mo phosong, ba sa eletse go ikwatlhaya le go boela kwa kobamelong ya Modimo wa boammaaruri.—Bahebere 10:26-29.

Go bega phoso ke kgato ya kamego ya mmatota ka motho yo o dirileng phoso. Jakobe o ne a kwala seno: “Bakaulengwe ba me, fa mongwe mo go lona a timetse mo boammaaruring mme yo mongwe a mmusa, itseng gore yo o busang moleofi mo phapogong ya tsela ya gagwe o tla boloka moya wa gagwe mo losong mme o tla bipa letshutitshuti la maleo.”—Jakobe 5:19, 20.

Ka jalo, ke ka ntlha yang o bega bosula? Ka ntlha ya gore go tlisa matswela a a molemo. Eleruri, go bega phoso ke kgato ya lorato lwa Bokeresete lwa molaomotheo lo lo bontshiwang Modimo, phuthego le motho yo o dirileng phoso. Jaaka leloko lengwe le lengwe la phuthego ka boikanyego le ntse le dira tumalanong le melao e e siameng ya Modimo, Jehofa o tla segofatsa phuthego yotlhe ka botlalo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Gape [Jehofa] o tla lo nitamisa go ya bokhutlong, gore lo nne ba ba se nang go ka latofadiwa ka sepe mo letsatsing la Morena wa rona Jesu Keresete.”—1 Bakorinthe 1:8.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ke go bontsha lorato go kgothaletsa Mosupi yo o dirileng phoso gore a bue le bagolwane

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Bagolwane ba thusa batho ba ba dirileng phoso go boa ba ratiwa ke Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela