Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi
NOVEMBER 1-7
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOSHUA 18-19
“Jehofa o Ile a Kgaoganyetsa Baiseraele Lefatshe ka Tsela e e Botlhale”
it-1-E 359 ¶1
Melelwane ya Lefatshe
Go lebega go ne go lebelelwa dilo tse pedi fa ditso di ne di newa lefatshe. Sa ntlha, go latlhelwa ga bola, sa bobedi, gore lotso lo ne lo le kana kang. Bola bo ne bo thusa go itse gore lotso lo lo rileng lo tla nna mo lefelong lefe, a ke kwa bokone, kwa borwa, kwa botlhaba kgotsa kwa bopirima, gore a e tla nna gaufi le metsi kgotsa kwa dithabeng. Jehofa ke ene a neng a dira tshwetso fa go latlhelwa bola, seno se ne se thusa gore ditso di se ka tsa fufegelana kgotsa tsa ngongorega. (Dia 16:33) Gape Jehofa o ne a tla dira gore seemo sa lotso longwe le longwe se tsamaisane le se Jakobe a neng a se porofeta pele a tlhokafala mo go Genesise 49:1-33.
it-1-E 1200 ¶1
Boswa
Mafatshe a e neng e le boswa. Jehofa o ile a naya Baiseraele karolo nngwe ya lefatshe mme o ile a bolelela Moshe gore lefatshe leo le kgaogantswe jang ka melelwane. (Dip 34:1-12; Jos 1:4) Moshe ke ene a neng a abela bomorwa Gada, bomorwa Rubene le halofo ya lotso lwa ga Manase karolo nngwe ya lefatshe. (Dip 32:33; Jos 14:3) Ditso tse dingwe tsotlhe di ne tsa abelwa boswa ke Joshua le Eliasare ba dirisa bola. (Jos 14:1, 2) Go dumalana le boporofeti jwa ga Jakobe jo bo mo go Genesise 49:5 le 7, Simeone le Lefi ga ba ka ba kgaoganyetswa lefatshe gore e nne boswa jwa bone. Lefatshe la ga Simeone le ne le le mo gare ga lefatshe la ga Juda (Jos 19:1-9) mme Lefi o ne a newa metse e le 48 e e neng e le mo lefatsheng la Baiseraele botlhe. E re ka Balefi ba ne ba tlhomilwe go dira tirelo e e kgethegileng kwa lefelong le le boitshepo, Jehofa e ne e le boswa jwa bone. Ba ne ba newa karolo ya bolesome e le boswa jwa bone gore e ne tuelo ya tirelo e ba neng ba e dira. (Dip 18:20, 21; 35:6, 7) Mo lotsong longwe le longwe malapa a ne a neilwe dikabelo mme a ne a tla dira dikabelo tseo mo lefatsheng la one. Fa malapa ao a oketsega ba kgaoganyetswa lefatshe e le boswa, gone mo lefatsheng la bone.
it-1-E 359 ¶2
Melelwane ya Lefatshe
Fa bola bo sena go latlhelwa mme go bonwe gore lotso longwe le longwe lo tla nna kae, go ne go lebelelwa gore lotso loo lo tla abelwa lefatshe le le kana kang: “Lo tshwanetse go kgaoganyetsa malapa a lona lefatshe ka bola gore e nne la bone. Ditlhopha tse dikgolo lo di okeletse boswa, mme ditlhopha tse dinnye lo fokotse boswa jwa tsone. Boswa jwa mongwe le mongwe bo tla nna kwa bola jwa gagwe bo welang gone.” (Dip 33:54) Seno se ne se raya gore tshwetso e e dirilweng ka bola e ne e sa fetoge mme se se neng se fetoga e ne e le gore lotso longwe lo tla newa lefatshe le le kana kang. Ka jalo fa go ne go fitlhelwa gore lefatshe le le neng le neilwe lotso lwa ga Juda lo ne lo le lontsi thata, lo ne lwa fokodiwa lo bo lo newa lotso lwa ga Simeone.—Jos 19:9.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 359 ¶5
Melelwane ya Lefatshe
Pego e e buang ka go kgaoganngwa ga lefatshe le le ka fa bophirima jwa Joredane e bontsha gore, sa ntlha, bola bo ile ba supa melelwane le metse e e ka fa bophirima jwa Joredane e e neng ya abelwa Juda (Jos 15:1-63), Josefa (Eferaime) (Jos 16:1-10) le halofo ya lotso lwa ga Manase (Jos 17:1-13). Morago ga moo, go lebega tiro ya go kgaoganngwa ga lefatshe e ile ya kgoreletsega ka gonne Baiseraele ba ne ba tswa kwa Gilegala mme ba fudugela kwa Shilo. (Jos 14:6; 18:1) Baebele ga e tlhalose nako e Baiseraele ba e feditseng ba kgaoganya lefatshe mme Joshua o ile a feleletsa a kgalemela ditso tse supa go bo di ile tsa tsaya nako go ya kwa lefatsheng le di le kgaoganyeditsweng. (Jos 18:2, 3) Go ka tswa go na le mabaka a a neng a dira gore ditso tseno tse supa di diege go ya kwa lefatsheng le di le kgaoganyeditsweng. Bangwe ba tlhalosa gore batho ba ditso tseno tse supa ba ka tswa ba ne ba tsaya gore ga go a potlaka gore ba fudugele kwa lefatsheng le ba le kgaoganyeditsweng, ka gonne ba ne ba setse ba na le dilo di le dintsi tse ba di gapileng e bile ba ne ba sa akanye gore Bakanana ba ka ba tlhasela. Lebaka le lengwe le le neng le ka tswa le dira gore Baiseraele ba goge dinao, ke ka gonne ba ne ba okaoka go ya go gapa lefatshe le legolo le le neng le nniwa ke baba ba bone. (Jos 13:1-7) Gape ba ka tswa ba ne ba sa itse mo go oketsegileng ka karolo eo ya Lefatshe le le Solofeditsweng e ba neng ba ise ba fudugele kwa go yone.
NOVEMBER 8-14
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOSHUA 20-22
“Re Ithuta Eng Ka go Sa Tlhaloganyane?”
Ditsela Tsa go Buisana le Molekane wa Gago
Go ntsha maikutlo ka kgololesego go ka thusa gore go se ka ga nna le dikgotlhang le go sa tlhaloganyane sentle. Bogologolo kwa Iseraele, ditso tsa Rubene, Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase tse di neng di nna kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane di ne tsa aga “sebeso se se tlhomologileng thata” fa thoko ga Joredane. Ditso tse dingwe tse di kwa bophirima di ne di sa tlhaloganye mabaka a go bo ba ne ba aga sebeso seno. Di ne di akanya gore bomorwarraabone ba ba neng ba le kwa moseja ga Joredane ba ne ba dirile tiro nngwe ya botlhanogi. Mme ka gone di ne tsa ikemisetsa go lwa le bone ka gonne di ne di tsaya gore ke batsuolodi. Le fa go ntse jalo, e ne ya re pele ga ba tswa ba ya go tlhabana, ba ne ba romela setlhopha sa batho gore ba ye go bua le ditso tsa kwa botlhaba. Ba ne ba dirile ka botlhale tota! Ba ne ba lemoga gore sebeso seo se ne se sa direlwa go fisa ditshupelo le ditlhabelo tse di seng kafa molaong. Mme ditso tse di kwa botlhaba di ne di tshaba gore mo isagweng ditso tse dingwe di ne di tla ba raya di re: “Ga lo na kabelo epe mo go Jehofa.” Sebeso seo e ne e tla nna bosupi jwa gore le bone ke baobamedi ba ga Jehofa. (Joshua 22:10-29) Ba ne ba raya sebeso seo leina ba re ke Bosupi, gongwe e le ka gonne e ne e le bosupi mo go bone jwa gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.—Joshua 22:34.
‘Latelela Dilo Tse di Isang Kagisong’
Baiseraele bangwe ba ka tswa ba ne ba na le maikutlo a gore go ne go setse go na le bosupi jo bo lekaneng jwa gore ditso tseno di dirile phoso, mme fa ba ne ba ka di tlhasela di sa lebelela go ne go ka se swe Baiseraele ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, go na le gore ditso tse di kwa bophirima jwa Joredane di potlakele go tsaya kgato, di ne tsa romela baemedi gore ba ye go buisana le bomorwarraabone ka kgang eno. Ba ne ba botsa ba re: “Ke tiro efe eno ya go sa ikanyege e lo e diretseng Modimo wa Iseraele ka go boa gompieno mo go saleng Jehofa morago?” Tota ga se gore ditso tse di neng di agile sebeso di ne di sa ikanyege. Mme di ne di tla itshwara jang fa di latofadiwa jalo? A di ne di tla omanya batho ba ba di latofatsang kana di gane go ba buisa? Batho ba ditso tse di neng di latofadiwa ba ne ba araba ka bonolo, ba tlhalosa sentle lebaka la se ba neng ba se dirile, gore ba ne ba tlhotlhelediwa ke go batla go direla Jehofa. Tsela e ba arabileng ka yone e ne ya dira gore ba nne ba na le kamano e e molemo le Modimo e bile e ne ya boloka matshelo. Go buisana ba ritibetse go ne ga thusa go rarabolola bothata mme ga dira gore ba agisane.—Josh. 22:13-34.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 402 ¶3
Kanana
Le fa gone Bakanana ba le bantsi ba ile ba falola fa metse ya bone e ne e gapiwa, re santse re ka re “Jehofa o ne a naya Iseraele lefatshe lotlhe le a neng a ikanne gore o tla le naya borraabonemogolo,” o ne a ba naya “boikhutso mo matlhakoreng otlhe” e bile “ga go na tsholofetso epe mo ditsholofetsong tsotlhe tse di molemo tse Jehofa a neng a di solofeditse batho ba Iseraele e e neng ya se ka ya diragala; di ne tsa diragadiwa tsotlhe fela.” (Jos 21:43-45) Bakanana ba ba neng ba setse ga ba a ka ba leka go tla go tlhasela Baiseraele. Modimo o ne a tlhalosa pelenyana gore o ne a tla leleka Bakanana “ka bonya ka bonya” gore lefatshe le se ka la sala le se na banni mme diphologolo tsa naga tsa oketsega. (Ek 23:29, 30; Dut 7:22) Bakanana ba ne ba na le dilo tse dintsi tsa ntwa, go akaretsa le dikara tsa ntwa tse di nang le disekele tsa tshipi. Mme fa Baiseraele ba ne ba palelwa ke go gapa dikgaolo tse dingwe tsa Bakanana, seno ga se reye gore Jehofa o paletswe ke go diragatsa tsholofetso ya gagwe. (Jos 17:16-18; Baa 4:13) Go na le moo, pego ya Baebele e bontsha gore Baiseraele ga ba ka ba kgona go fenya Bakanana ba le bantsi ka gonne ba ne ba sa ikanyege mo go Jehofa.—Dip 14:44, 45; Jos 7:1-12.
NOVEMBER 15-21
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOSHUA 23-24
“Joshua o Gakolola Setšhaba sa Iseraele Lekgetlo la Bofelo”
it-1-E 75
Go Itsalanya le Ditšhaba Tse Dingwe
Fa Baiseraele ba ne ba goroga kwa Kanana e leng Lefatshe le le Solofeditsweng, go ne ga tlhaga bothata bongwe. Molaodimogolo Jehofa o ne a neile Baiseraele tshwanelo ya go tsena mo lefatsheng leo, e le go diragatsa tsholofetso ya gagwe e a neng a solofeditse borraabonemogolo. Ka jalo, fa Baiseraele ba ne ba tsena mo lefatsheng leo, e ne e se batswakwa e bile Jehofa o ne a ba thibetse gore ba se ka ba itsalanya le ditšhaba tse dingwe tse di neng di obamela medimo e mengwe. (Ek 23:31-33; 34:11-16) Ba ne ba tshwanetse go ikobela melao ya Modimo fela, mme e seng melao ya ditšhaba tse dingwe tse di neng di le koo tse di neng di tloga di lelekwa. (Lef 18:3, 4; 20:22-24) Ba ne ba tlhagisiwa gore ba se ka ba nyalelana le ditšhaba tse dingwe. Fa ba ne ba ka dira jalo, ba ne ba tla nna le basadi le ba masika ba ba obamelang medimo e mengwe e bile ba ne ba tla nna le seabe mo bodumeding jwa maaka, ba bo ba feleletsa ba tlhanogetse Jehofa.—Dut 7:2-4; Ek 34:16; Jos 23:12, 13.
Lefoko la ga Jehofa Ga le Ke le Tlhoka go Diragala
Ruri re ka bolela jaana ka ntlha ya sotlhe se re se iponetseng ka matlho: “Ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona. A lo diragaletse otlhe fela. Ga go na le fa le le lengwe la one le le sa diragalang.” (Joshua 23:14) Jehofa o golola batlhanka ba gagwe, o a ba sireletsa e bile o a ba tlamela. A go na le tsholofetso epe ya gagwe e o e itseng e a sa e diragatsang ka nako e a neng a e beile? Ruri ga e yo. Re tla bo re dira ka botlhale fa re ikanya Lefoko la Modimo le le ikanyegang.
Go tweng ka isagwe? Jehofa o re boleletse gore bontsi jwa rona re ka solofela go tshela mo lefatsheng le le fetotsweng paradaise e e itumedisang. Ba se kae ba rona ba solofetse go busa le Keresete kwa legodimong. Le fa tsholofelo ya rona e ka tswa e le efe, re na le lebaka le le utlwalang la go nna re ikanyega fela jaaka Joshua. Nako ya gore tsholofelo ya rona e diragadiwe e tla tla. Ka nako eo re tla gopola ditsholofetso tsotlhe tse Jehofa a di dirileng, mme le rona re tla re: ‘Di diragetse tsotlhe fela.’
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Joshua
24:2—A rraagwe Aborahame, Tera, o ne a obamela medingwana? Kwa tshimologong, Tera e ne e se moobamedi wa ga Jehofa Modimo. A ka tswa a ne a obamela modimo wa kgwedi e bong Sin—modimo yo o neng a ratwa thata kwa Ure. Go ya ka pego ya ditiragalo tsa Bajuda, Tera a ka tswa e bile e ne e le modiri wa medingwana. Le fa go ntse jalo, fa Aborahame a ne a tloga kwa Ure ka taelo ya Modimo, Tera o ne a tsamaya le ene go ya kwa Harana.—Genesise 11:31.
NOVEMBER 22-28
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAATLHODI 1-3
“Pego e e Bontshang Bopelokgale le go Loga Maano ka Botlhale”
Ehude o Roba Jokwe ya Mogateledi
Leano la ga Ehude ga le a ka la atlega ka ntlha ya botlhale jwa gagwe kana ka ntlha ya go bo baba ba gagwe ba ne ba se botlhale. Go direga ga maikaelelo a Modimo ga go a ikaega ka dilo tse batho ba di dirang. Lebaka le legolo le le dirileng gore Ehude a atlege e ne e le ka go bo a ne a engwe nokeng ke Modimo fa a ne a dira dilo go dumalana le thato ya Modimo e e sa kgoneng go senngwa ya go golola batho ba Gagwe. Modimo o ne a tlhophile Ehude, mme “e rile Jehofa a tsosetsa [batho ba gagwe] baatlhodi, Jehofa a nna le moatlhodi yoo.”—Baatlhodi 2:18; 3:15.
Ehude o Roba Jokwe ya Mogateledi
Selo sa ntlha se Ehude a neng a se dira e ne e le go “itirela tšhaka”—tšhaka e e magalemabedi e e khutshwane sentle mo a neng a ka e fitlha kafa tlase ga diaparo tsa gagwe. Gongwe o ne a lebeletse gore ba ne ba tla mo phuruphutsha. Gantsi dibetsa di ne di tsenngwa ka fa letlhakoreng la molema la mmele, moo batho ba ba dirisang letsogo la moja ba neng ba ka di ntsha ka bofefo go di dirisa. Ka gonne Ehude a ne a le molema, o ne a fitlha sebetsa sa gagwe “kafa tlase ga seaparo sa gagwe mo seropeng sa gagwe sa moja,” moo go neng go ka direga gore balebedi ba kgosi ba se ka ba phuruphutsha gone. Ka jalo, o ne “a isetsa Egelone kgosi ya Moabe sehuba” a sa kgorelediwe ke sepe.—Baatlhodi 3:16, 17.
Ga go bolelwe gore go ne ga diragala eng pele kwa lolwapeng lwa ga Egelone. Baebele e bua fela e re: “Ga diragala ya re [Ehude] a feditse go isa sehuba, a akofa a tsamaisa batho, batshodi ba sehuba.” (Baatlhodi 3:18) Ehude o ne a ntsha sehuba, a tsamaya le batshodi ba sehuba go fitlha ba le sekgala se se siameng go tswa mo ntlong ya ga Egelone, mme a boela gape kwa ntlong ya ga Egelone fa a sena go ba tsamaisa. Ka ntlha yang? A o ne a tsamaya le banna bao go itshireletsa, kana a e ne e le ka ntlha ya molao o o neng o beilwe, kana a gongwe banna bao e ne e le batshodi ba sehuba fela? Gape, a o ne a batla gore ba tsamaye gore ba nne ba babalesegile pele a diragatsa leano la gagwe? Go sa kgathalesege gore maikaelelo a ga Ehude e ne e le afe, o ne a boela kwa kgosing ka bopelokgale a le esi.
“[Ehude] a boa fa matikiring a a neng a le kwa Gilegala, mme a re: ‘Kgosi, ke batla go go bolelela sephiri.’” Dikwalo ga di tlhalose gore o ne a kgona jang go boa a tsena mo ntlong a tla fa pele ga Egelone. A seo se ne se sa tshwanela go belaetsa batlhanka? A gongwe ba ne ba akanya gore Moiseraelenyana a le mongwe fela a ka se ntshe morena wa bone kotsi? A ba ne ba akanya gore Ehude o ne a tla a le esi go tla go bua batho ba gagabo maswe mo kgosing? Kgang ke gore, Ehude o ne a batla go bua le kgosi a le esi, mme o ne a dumelwa.—Baatlhodi 3:19.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Baatlhodi
2:10-12. Re tshwanetse go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta Baebele gore re ‘se ka ra lebala ditiro tsa ga Jehofa.’ (Pesalema 103:2) Batsadi ba tshwanetse go tsenya boammaaruri jwa Lefoko la Modimo mo dipelong tsa bana ba bone.—Duteronome 6:6-9.
NOVEMBER 29–DECEMBER 5
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAATLHODI 4-5
“Jehofa o Dirisa Basadi ba Babedi go Golola Batho ba Gagwe”
“Ke Ema Jaaka Mmè mo Iseraele”
Sisera! Go utlwa leina leo fela go ne go kgaola Baiseraele pelo. Bodumedi le setso sa Bakanana di ne di tlese bosetlhogo, di akaretsa go dira bana ditlhabelo le go dira boaka mo tempeleng. Maemo a ne a ntse jang fa molaodi yono wa Kanana le masole a gagwe ba laola? Pina ya ga Debora e bontsha gore go ne go se motlhofo gore batho ba tsene le go tswa mo nageng e bile go ne go se na batho mo metseng. (Baatlhodi 5:6, 7) Re ka akanya ka batho ba roroma ba iphitlhile mo dikgweng le mo dithoteng, ba tshaba go lema kgotsa go nna mo motseng o o sa sireletsegang, ba tshaba go tsamaya mo ditseleng tse di bulegileng mo ba neng ba tla tlhaselwa motlhofo, bana ba bone ba tsewa mo go bone le basadi ba bone ba betelelwa.
“Ke Ema Jaaka Mmè mo Iseraele”
Go tsere dingwaga di le 20 batho ba tshelela mo poifong go fitlha Jehofa a bona bosupi jwa gore batho ba gagwe ba ba ditlhogodithata ba ne ba ikemiseditse go dira diphetogo, kgotsa jaaka pina e e tlhotlheleditsweng ya ga Debora le Barake e tlhalosa, “Go fitlha nna, Debora, ke ema, go fitlha ke ema jaaka mmè mo Iseraele.” Ga re itse gore a tota Debora, mosadi wa ga Lapidothe, o ne a na le bana mme mafoko ano a dirisitswe ka tsela ya tshwantshetso. Ka jalo, Jehofa o ne a abela Debora tiro ya go sireletsa setšhaba jaaka mmè a dira. O ne a laela gore go bidiwe monna yo o nang le tumelo e bong Moatlhodi Barake a bo a mo laela gore a tlhabane le Sisera.—Baatlhodi 4:3, 6, 7; 5:7.
“Ke Ema Jaaka Mmè mo Iseraele”
Jaele o ne a tshwanetse go akanya ka bonako. O ne a naya Sisera lefelo la go ikhutsa. Sisera o ne a mo laela gore a se ka a bolelela ope yo o mmatlang gore o kwa kae. Fa a robala, Jaele o ne a mo khurumetsa ka kobo mme fa a mo kopa metsi a mo naya mashi a a nang le lobebe. Ka bonako fela Sisera o ne a thulamela. Jaele o ne a tsaya didirisiwa tse pedi tsa mo ntlong tse gantsi basadi ba ba nnang mo megopeng ba neng ba di dirisa ka botswerere—lomapo lwa mogope le noto. O ne a kukunela kwa tlhogong ya ga Sisera gore a dire tiro e e tshosang ya go nna motlhabani wa ga Jehofa. Go okaoka go le gonnye fela, go ne go ka mo tsenya mo mathateng. A o ile a akanya kafa monna yono a bogisitseng batho ba Modimo ka gone ka dingwaga tse dintsi? Kgotsa a o ne a akantse ka tshiamelo ya go nna mo letlhakoreng la ga Jehofa? Pego eno ga e re bolelele sepe ka gone. Re itse fela gore o ne a tsaya kgato. Sisera o ne a swa!—Baatlhodi 4:18-21; 5:24-27.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Baatlhodi
5:20—Dinaledi di ne tsa tlhabana jang kwa legodimong mo boemong jwa ga Barake? Baebele ga e bolele gore a seno se ne se akaretsa go thusiwa ke baengele, le go wa ga dinaledi tse banna ba ba botlhale ba ga Sisera ba neng ba di tsaya e le botlhodi jwa masetlapelo kgotsa gongwe se balepadinaledi ba neng ba se bolelela pele ka Sisera se se neng sa itshupa e le maaka. Le fa go ntse jalo, kwantle ga pelaelo, Modimo o ne a thusa ka tsela nngwe.
DECEMBER 6-12
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAATLHODI 6-7
“Tsamaya ka Maatla a o Nang le One”
Melaometheo ya Bomodimo E ka Go Solegela Molemo
Mongwe yo o neng a na le boikutlo jo bo siameng ka ga gagwe e bile a itsaya a le botlhokwa ka tsela e e tshwanetseng e ne e le Gidione, mongwe wa baatlhodi ba Bahebera ba bogologolo. O ne a sa batle go nna moeteledipele wa Iseraele. Le fa go ntse jalo, fa Gidione a ne a tlhophelwa maemo ao, o ne a tlhalosa kafa a neng a sa tshwanelege ka teng. O ne a tlhalosa jaana: “Sekete sa me ke sone se sebotlana thata mo go tsa Manase, mme ke nna yo mmotlana thata mo ntlong ya ga rre.”—Baatlhodi 6:12-16.
“Tšhaka ya ga Jehofa Le ya Ga Gidione”
A bo Bamidiana ba welwa ke letshogo le le seng kana ka sepe jang ne! Ka tshoganyetso, go tsoga modumo fa dinkgo di le 300 di thubega, dinaka di le 300 di lela le banna ba le 300 ba goa. E re ka Bamidiana ba gakgamaditswe thata ke go utlwa ba goa ba re “Tšhaka ya ga Jehofa le ya ga Gidione!”, ba oketsa modumo oo ka go simolola ba goa le bone. Mo tlhakatlhakanong eo, ga ba kgone go bona sentle gore baba ba bone ke bafe. Banna ba le 300 ba eme fela mo lefelong la bone fa Modimo a dira gore baba ba bone ba dirise ditšhaka tsa bone ka bobone go bolaana. Masole a a mo bothibelelong a a falala, mme ga go na ope yo o falolang ka gonne morago ga moo masole ano a dira tiro e e boima ya go leleka masole a Bamidiana ba bo ba a bolaela ruri. Kgabagare, tiro e e tsereng lobaka lo loleele ya go bolaya masole ano e tla bokhutlong.—Baatlhodi 7:19-25; 8:10-12, 28.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Baatlhodi
6:25-27. Gideone o ne a dirisa botlhale gore a se ka a galefisa baganetsi ba gagwe go sa tlhokege. Fa re rera dikgang tse di molemo, re tshwanetse go ela tlhoko gore re se ka ra kgopisa ba bangwe go sa tlhokege ka tsela e re buang ka yone.
DECEMBER 13-19
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAATLHODI 8-9
“Go Ikokobetsa go Botoka Go na Le go Ikgogomosa”
O Rarabolola Dikgotlhang Jang?
Gidione, yo o neng a lwa mo ntweng e e matlhomahibidu le Midiana, o ne a bitsa morafe wa Eferaime gore o mo thuse. Le fa go ntse jalo, fa ntwa e setse e khutlile, Eferaime o ne a ya kwa go Gidione mme a ngongoregela gore ga a ka a ba bitsa fa ntwa e ne e simologa. Pego eno e bolela gore “ba galefalana nae thata.” Gidione o ne a araba jaana: “Ana ke dirileng fa go ka tshwantshiwa le se se dirilweng ke lona? A maronopo a mofine wa ga Eferaime ga a a gaisa thobo ya mofine wa ga Abiesere? Modimo o neetse dikgosana tsa Midiane mo seatleng sa lona, e bong Orebe le Seebe; mme nna ke ne ka dira eng se se ka tshwantshiwang le se se dirilweng ke lona?” (Baatlhodi 8:1-3) Gidione o ne a tila se se neng se ka baka ntwa ya masetlapelo ya semorafe ka go dirisa mafoko a a tshwanetseng, le a a ritibatsang. Morafe wa Eferaime o ka tswa o ne o na le bothata jwa boikgodiso le boikgogomoso. Le fa go ntse jalo, seo ga se a ka sa thibela Gidione go leka go rarabolola kgang ka tsela ya kagiso. A re ka dira se se tshwanang?
Botlhokwa Jwa go Nna Boingotlo
Gidione ke sekao se se molemo sa go nna boingotlo. Fa moengele wa ga Jehofa a ne a bua le Gidione lekgetlo la ntlha, Gidione o ne a itlhalosa ka tsela e e bontshang gore o boingotlo. (Baatlh. 6:15) Fa a sena go amogela kabelo e Jehofa a mo neileng yone, o ne a tlhomamisa gore o tlhaloganya sentle gore go lebeletswe eng mo go ene e bile o ne a ikaega ka kaelo ya ga Jehofa. (Baatlh. 6:36-40) Gidione o ne a le pelokgale. Le fa go ntse jalo, ka metlha o ne a le kelotlhoko e bile a bontsha temogo. (Baatlh. 6:11, 27) O ne a sa dirise kabelo ya gagwe gore a itshenkele kgalalelo. Go na le moo, fa a wetsa kabelo e a neng a e neilwe, o ne a boela kwa kabelong ya gagwe ya pele.—Baatlh. 8:22, 23, 29.
Tsamaya mo Ditseleng Tsa ga Jehofa
Fa re batla go nna ditsala tsa Modimo, re tshwanetse go nna “boikokobetso mo mogopolong.” (1 Pet. 3:8; Pes. 138:6) Baatlhodi kgaolo 9 e bontsha kafa boikokobetso bo leng botlhokwa ka teng. Morwa Gideone e bong Jothame o ne a re: “Nako nngwe ditlhare di kile tsa ya go itloletsa kgosi.” Go ne ga umakwa setlhare sa motlhware, sa mofeige le sa mofine. Di ne di tshwantshetsa batho ba ba molemo ba ba neng ba sa leke go laola Baiseraele ka bone. Mme setlhare sa mokaikai sone, se se neng se dirisediwa go gotsa fela, se ne se emela puso ya ga Abimeleke yo o mabela, mmolai yo o neng a rata go gatelela ba bangwe. Le fa a ne a “nna e le kgosana mo Iseraele dingwaga di le tharo,” o ne a swa ka tshoganyetso. (Baatlh. 9:8-15, 22, 50-54) A bo go le botoka jang go nna “boikokobetso mo mogopolong”!
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 753 ¶1
Khiba, I
Le fa gone Gidione a ne a na le maikaelelo a a siameng a go keteka nako ya fa Jehofa a neng a dirile gore Baiseraele ba fenye le go mo tlotla, khiba “e ne ya nna serai mo go Gidione le mo go ba lelapa la gagwe” ka gonne Baiseraele ba ne ba e obamela. (Baa 8:27) Mme gone, Baebele ga e re Gidione o ile a obamela khiba eo. Tota e bile, moaposetoloi Paulo o mo akaretsa mo ‘basuping ba bantsintsi’ ba ga Jehofa ba ba ikanyegang.—Bah 11:32; 12:1.
DECEMBER 20-26
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAATLHODI 10-12
“Jefetha—Monna yo o Atamalaneng Thata le Jehofa”
Go Ikanyega go Dira Gore Modimo a re Amogele
9 Go ka direga gore Jefetha o ile a ithuta kafa Josefa a ileng a itshwarela bomorwarraagwe ka gone le fa gone ba ne ba mo tlhoile. (Genesise 37:4; 45:4, 5) Seno se ka tswa se ile sa mo thusa go dira dilo ka tsela e e itumedisang Jehofa. Bomorwarraagwe Jefetha ba ile ba mo utlwisa botlhoko tota. Selo sa botlhokwa e ne e se maikutlo a ga Jefetha, go na le moo, e ne e le go lwela leina la ga Jehofa le batho ba gagwe. (Baatlhodi 11:9) O ne a ikemiseditse go nna a ikanyega mo go Jehofa. Mme seo se ile sa dira gore Jehofa a mo segofatse a bo a segofatse le Baiseraele.—Bahebera 11:32, 33.
Jefetha o Diragatsa Maikano a Gagwe mo go Jehofa
Jefetha o leka go buisana le Baamona. O romela barongwa kwa kgosing ya bone gore ba ye go batla lebaka la go bo Baamona ba le dikgoka. Phetolo ya bone e na le tatofatso: Fa Baiseraele ba ne ba tswa kwa Egepeto, ba ne ba nna mo lefatsheng la Baamona, mme ba tshwanetse go le busa.—Baatlhodi 11:12, 13.
Ka gonne Jefetha a itse hisitori ya Baiseraele sentle, o kgona go ganetsa ditatofatso tsa Baamona. O ba bolelela gore Baiseraele ga ba ka ba tlhasela naga ya Baamona, Moabe kana Edoma fa ba ne ba tswa kwa Egepeto; e bile Amona ga e a ka ya gapa naga e e neng e bakile dikgotlhang ka nako ya Khudugo ya Baiseraele. Baamore ke bone ba neng ba gapile naga eo, mme Modimo o ne a tsenya kgosi ya bone, Sihone, mo seatleng sa Baiseraele. E bile Baiseraele ba ne ba nnile mo lefelong leo ka dingwaga di le 300. Ke eng fa e le gone Baamona ba reng lefelo leo ke la bone morago ga nako e telele jaana?—Baatlhodi 11:14-22, 26.
Jefetha o Diragatsa Maikano a Gagwe mo go Jehofa
Jefetha gape o bua ka kgang e bakileng mathata a Baiseraele: Modimo wa boammaaruri ke mang? A ke Jehofa kana ke medimo ya naga e Iseraele e e gapileng? Fa e le gore Kemoshe o ne a na le maatla, a o ne a se na go a dirisa go dira gore naga ya batho ba gagwe e se ka ya gapiwa? Eno ke ntwa e e magareng ga bodumedi jwa maaka, jo bo rotloediwang ke Baamona, le kobamelo ya boammaaruri. Ka jalo, Jefetha o konela ka go re: “A Jehofa Moatlhodi a atlhole gompieno fa gare ga bomorwa Iseraele le bomorwa Amona.”—Baatlhodi 11:23-27.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-2-E 26
Jefetha
Jefetha O ne A sa Tsholwa Pele ga Lenyalo. Mmaagwe Jefetha o ne a kile a nna “mogwebakammele” mme seno ga se reye gore o tshotswe pele ga lenyalo. Mmaagwe Jefetha o ne a gwebakammele pele a nna mosadi wa bobedi wa ga Gileade, fela jaaka Rahabe a ne a gwebakammele pele a nyalwa ke Salamone. (Baa 11:1; Jos 2:1; Mat 1:5) Barwa ba mosadi yo mongwe wa ga Gileade ba ile ba leleka Jefetha gore a se ka a nna le boswa bope jwa ga rraagwe e bong Gileade mme seno se bontsha gore Jefetha o ne a sa tsholwa pele ga lenyalo. (Baa 11:2) Mo godimo ga moo, moragonyana Jefetha o ile a nna moeteledipele wa Bagileade (le fa go ne go lebega e kete barwa ba mosadi wa ntlha wa ga Gileade e ne e tla nna bone ba ba etelelang pele). (Baa 11:11) Gape o ne a ntshetsa Modimo setlhabelo kwa motlaaganeng. (Baa 11:30, 31) O ne a ka se dire jalo fa e le gore o ne a tshotswe pele ga lenyalo ka gonne Molao o ne o re: “Go se nne le morwa ope yo o tshotsweng pele ga lenyalo yo o ka tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa. Tota le go ya kokomaneng ya bolesome, ope wa ditlogolwana tsa gagwe a se ka a tsena mo phuthegong ya ga Jehofa.”—Dut 23:2.
DECEMBER 27–JANUARY 2
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | BAATLHODI 13-14
“Batsadi ba ka Ithuta Eng mo go Manoa le Mosadi wa Gagwe?”
Batsadi—Thapisang Bana ba Lona go Tswa Boseeng
Akanya ka kgang ya ga Manoa yo e neng e le wa lotso lwa Badana, yo o neng a nna mo motseng wa Sora kwa Iseraeleng wa bogologolo. Moengele wa ga Jehofa o ne a bolelela mosadi wa ga Manoa yo e neng e le moopa gore o tla tshola morwa. (Baatlh. 13:2, 3) Ga go pelaelo gore Manoa le mosadi wa gagwe ba ba neng ba ikanyega ba ne ba itumedisiwa ke dikgang tseno. Le fa go ntse jalo, gape go ne go na le dilo tse ba neng ba tshwenyegile thata ka tsone. Ka jalo, Manoa o ne a rapela jaana: “Tshwarelo Jehofa. Monna wa Modimo wa boammaaruri yo o sa tswang go mo romela, tsweetswee mma a tle gape kwa go rona mme a re rute se re tshwanetseng go se dira ngwana yo o tla tsholwang.” (Baatlh. 13:8) Manoa le mosadi wa gagwe ba ne ba tshwenyegile ka gore ba tla godisa ngwana wa bone jang. Ga go pelaelo gore ba ne ba ruta morwaabone e bong Samesone molao wa Modimo, mme maiteko a bone ga a ka a itaya sefololetse. Baebele ya re: “Fa nako e ntse e tsamaya moya wa ga Jehofa wa simolola go tlhotlheletsa [Samesone].” Mme seno se ne sa dira gore Samesone yo e neng e le moatlhodi mo Iseraele a dire dilo di le dintsi tse di bontshang gore o na le maatla.—Baatlh. 13:25; 14:5, 6; 15:14, 15.
Samesone o Fenya ka Maatla A a A Newang ke Jehofa!
Fa Samesone a ntse a gola, “Jehofa a tswelela pele go mo segofatsa.” (Baatlhodi 13:24) Letsatsi lengwe Samesone o ne a tla kwa go rraagwe le mmaagwe mme a re: “Go na le mosadi yo ke mmoneng kwa Temena wa bomorwadia Bafilisitia, mme jaanong mo mpatleleng gore e nne mosadi wa me.” (Baatlhodi 14:2) Akanya kafa ba neng ba gakgametse ka gone. Go na le gore morwaabone a golole Iseraele mo diatleng tsa bagateledi, o ne a batla go dira kgolagano ya lenyalo le bone. Go nyala mosadi yo o neng a obamela medimo ya boheitane go ne go le kgatlhanong le Molao wa Modimo. (Ekesodo 34:11-16) Ka jalo, batsadi ba gagwe ba ne ba gana ba re: “A ga go na mosadi ope mo go bomorwadia bomorwarrago le mo bathong botlhe ba gaetsho, gore o ye go tsaya mosadi kwa Bafilisiteng ba ba sa rupang?” Le fa go le jalo, Samesone o ne a gatelela jaana: “Ntlele ene fela, ka gonne ke ene yo o siameng tota mo matlhong a me.”—Baatlhodi 14:3.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Samesone o Fenya ka Maatla A a A Newang ke Jehofa!
Ke ka tsela efe e mosadi yono wa Mofilisitia a neng a ‘siametse’ Samesone? Cyclopedia ya ga McClintock le Strong ya re ga se gore o ne a le “montle” fela, “mme o ne a siametse gore a kgone go diragatsa maikaelelo a gagwe.” Maikaelelo afe? Baatlhodi 14:4 e tlhalosa gore Samesone “o ne a batla sebaka sa go tsogologela Bafilisitia.” Samesone o ne a kgatlhegela mosadi yono ka boikaelelo joo. Fa Samesone a gola, “moya wa ga Jehofa wa simolola go mo tlhotlheletsa,” kgotsa wa mo tlhotlheletsa go tsaya kgato. (Baatlhodi 13:25) Ka jalo moya wa ga Jehofa ke one o o neng o tlhotlheletsa Samesone go dira kopo eno e e sa tlwaelegang ya go batla mosadi e bile ke one o o neng o mo kaela mo nakong yotlhe e a neng a le moatlhodi mo Iseraele ka yone. A Samesone o ne a bona sebaka se a neng a se batla? Sa ntlha, a re sekasekeng kafa Jehofa a neng a mo tlhomamisetsa ka gone gore o tla mo thusa.