LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • th thuto 15 ts. 18
  • Bua o Tlhatswegile Pelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bua o Tlhatswegile Pelo
  • Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dintlha di Builwe ka go Tlhatswega Pelo
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Nna Matlhagatlhaga
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Tlotla le Bareetsi
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Bua Dintlha Tse di Rutang Bareetsi
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
th thuto 15 ts. 18

THUTO 15

Bua o Tlhatswegile Pelo

Temana e e umakilweng

1 Bathesalonika 1:5

KGANGKGOLO: Bontsha gore o dumela gore se o se buang se boammaaruri le gore se botlhokwa.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Baakanyetsa sentle. Bala dikgatiso tse di buang ka setlhogo sa puo ya gago go fitlha o tlhaloganya gore dintlha tsa konokono ke dife le gore Baebele e bontsha jang gore di boammaaruri. Leka go tlhalosa dintlha tsa konokono o dirisa mafoko a a tlhaloganngwang motlhofo. Ipotse gore dintlha tseo di ka thusa bareetsi jang mme o rapelele moya o o boitshepo.

    Kakantsho

    Fa o baakanyetsa, balela dintlha tsa gago kwa godimo. Seno se tla go thusa gore o di itse sentle le go tokafatsa tsela e o tla neelang puo ya gago ka yone.

  • Dirisa mafoko a a bontshang gore o tlhatswegile pelo. Go na le go bua se se kwadilweng mo kgatisong fela jaaka se ntse, dirisa mafoko a gago. Bua ka tsela e e bontshang gore o tlhatswegile pelo ka se o se buang.

  • Bua go tswa pelong. O se ka wa buela kwa godimo kgotsa kwa tlase. Leba bareetsi mo matlhong fa e le gore go dira jalo ga go kitla go ba kgopisa.

    Kakantsho

    Go bua o tlhatswegile pelo ga go kaye go phatloga fela, go nna maitsegotlhe kgotsa go pateletsa batho go dumela se o se buang. Le fa o bua go tswa pelong, dira jalo ka tsela e e bontshang lorato.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela