Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi
© 2023 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
SEPTEMBER 4-10
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESETHERE 1-2
“Lwela go Nna Boikokobetso Jaaka Esethere”
Go Nna Boingotlo Le fa Re Lebana le Diteko
11 Go tlotlomadiwa thata go ka dira gore go nne thata go nna boingotlo. Ela tlhoko tsela e Esethere a ileng a itshwara ka yone le fa go ne go direga dilo tse a neng a sa di lebelela. Bontle jwa gagwe bo ne bo thiba letsatsi e bile o ne a newa tlhokomelo ya maemo a a kwa godimo ka lobaka lwa ngwaga. O ne a nna le makgarebe a a tswang mo dikarolong tse di farologaneng tsa Mmusomogolo wa Peresia, mme botlhe ba ne ba batla gore kgosi e ba tlhophe. Le fa go ntse jalo, Esethere o ne a tswelela a le boikokobetso e bile a tlotla ba bangwe. Tota le fa kgosi e sena go mo tlhopha gore e nne kgosigadi, ga a ka a ikgodisa.—Eseth. 2:9, 12, 15, 17.
O ne A Femela Batho ba Modimo
15 Fa nako ya gore Esethere a ye go ema fa pele ga kgosi e goroga, o ne a letlelelwa go tlhopha dilo dipe fela tse a akanyang gore o tla di tlhoka, gongwe gore a itire montle le go feta. Le fa go ntse jalo, o ne a nna boikokobetso mme a se ka a kopa sepe ntle le se Hegai a rileng o tla mo naya sone. (Eseth. 2:15) A ka tswa a ile a lemoga gore bontle ka bojone bo ka se gape pelo ya kgosi; go nna boingotlo le go ikokobetsa e ne e le tsone dinonofo tse di sa tlwaelegang mo lolwapeng loo tse di neng di ka mo kgatlha. A o ne a nepile?
Go Nna Boingotlo Le fa Re Lebana le Diteko
12 Go nna boingotlo go re thusa gore ka metlha re apare le go ipaakanya sentle e bile re itshware ka tsela e e siameng le e e bontshang gore re tlotla ba bangwe. Re a itse gore batho ba tla re rata fa re bontsha “moya o o didimetseng le o o bonolo,” e seng fa re ikgantsha kgotsa re itlotlomatsa. (Bala 1 Petere 3:3, 4; Jer. 9:23, 24) Fa e le gore re rata go ikgodisa, seo se tla bonala mo ditirong tsa rona. Re ka nna ra bua dilo dingwe tse di bontshang seno, gongwe re umaka gore re na le ditshiamelo tse di kgethegileng, re itse dilo dingwe tse di sa itsiweng ke batho botlhe kgotsa re itsane le bakaulengwe bangwe ba ba nang le maikarabelo. Kgotsa re ka tlhalosa dilo dingwe ka tsela e e tla dirang gore e nne rona re tlotlomadiwang le fa gone re ne re kopanetse dilo tseo le ba bangwe. Le mo ntlheng eno, Jesu o re tlhometse sekao se se molemo. Gantsi fa a bua o ne a nopola go tswa mo Dikwalong Tsa Sehebera. O ne a dira jalo gore bareetsi ba gagwe ba itse gore o ne a sa itlhamele se a se buang go na le moo, o ne a bua se se tswang kwa go Jehofa.—Joh. 8:28.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
A o Ne o Itse?
Babatlisisi ba fitlhetse mokwalo wa cuneiform wa Seperesia o o umakang leina la monna mongwe yo o bidiwang Marduka (Ka Setswana, Moredekai). E ne e le motsamaisi, gongwe e le akhaontente kwa Shushane. Ka nako ya fa mokwalo oo o bonwa, Authur Ungnad yo e leng moitsehisitori wa lefelo leo o ne a kwala gore leno e ne e le lekgetlo la ntlha Moredekai a umakiwa mo mokwalong o e seng wa Baebele.
Fa e sa le go tloga ka pego eo ya ga Ungnad, baithuti bangwe ba Baebele ba ne ba ranola mekwalo e mentsi ya cuneiform ya Seperesia. Mengwe ya mekwalo eo, e ne e le mo dikwalelong tse dinnye tsa letsopa tse di fitlhetsweng mo maropeng a motse wa Persepolis mo karolong e e neng e le Bobolokelamatlotlo e e gaufi le dipota tsa motse oo. Dikwalelo tseno ke tsa nako ya fa go ne go busa Xerxes I. Di kwadilwe ka puo ya Se-Elame e bile di na le maina a mantsi a go buiwang ka one mo bukeng ya Esethere.
Dikwalelo di le mmalwa tsa kwa Persepolis di umaka leina la ga Marduka yo e neng e le mokwaledi wa kgosi kwa ntlong ya segosi kwa Shushane fa go ne go busa Xerxes I. Sekwalelo sengwe sa re Marduka e ne e le moranodi. Dintlha tseo di tshwanela Moredekai yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. E ne e le modiredimogolo yo o neng a direla Kgosi Ahasueruse (Xerxes I) e bile o ne a bua dipuo di le pedi. Letsatsi le letsatsi Moredekai o ne a nna kwa kgorong ya kgosi e e neng e le kwa ntlong ya segosi kwa Shushane. (Eseth. 2:19, 21; 3:3) Kgoro eno e ne e le kago e kgolo e badiredibagolo ba segosi ba neng ba bereka kwa go yone.
Go na le dilo tse di kgatlhang tse Marduka yo go buiwang ka ene mo dikwalelong a tshwanang ka tsone le Moredekai yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. Ba ne ba tshela ka nako e le nngwe le kwa lefelong le le lengwe e bile e le badiredibagolo ba ba dirang tiro e e tshwanang. Dintlha tseno tsotlhe di bontsha gore Marduka yo baithutamarope ba buang ka ene, ke Moredekai yo o umakiwang mo bukeng ya Esethere
SEPTEMBER 11-17
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESTHER 3-5
“Thusa ba Bangwe Gore ba Dire ka Natla”
it-2-E 431 ¶7
Moredekai
O Gana go Obamela Hamane. Ahasueruse o ne a tlhoma Hamane wa Moagage go nna tonakgolo a bo a laela botlhe ba ba mo kgorong ya kgosi gore ba ikobe fa pele ga ga Hamane. Moredekai o ne a gana go ikoba fa pele ga gagwe a bo a tlhalosa gore ke ka gonne ene ke Mojuda. (Est 3:1-4) Lebaka le Moredekai a le ntshitseng fa a ne a gana go ikoba fa pele ga ga Hamane le ne le bontsha gore ke Mojuda yo o ineetseng mo go Jehofa. O ne a lemoga gore go ikoba fa pele ga ga Hamane go ne go sa reye fela go wela fa fatshe jaaka Baiseraele ba ne ba tle ba dire mo nakong e e fetileng, fa ba ne ba bontsha gore ba tlotla mongwe yo o neng a busa. (2Sa 14:4; 18:28; 1Dk 1:16) Mo lekgetlong leno, Moredekai o ne a na le lebaka le le utlwalang la go gana go ikoba fa pele ga ga Hamane. Hamane a ka tswa e ne e le Moameleke mme Jehofa o ne a rile o mo ntweng le Baameleke “go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya kwa kokomaneng e nngwe.” (Ek 17:16) Moredekai o ne a batla go ikanyega mo go Jehofa e seng go tsaya karolo mo dipolotiking.
it-2-E 431 ¶9
Moredekai
O ne A Dirisiwa go Golola Baiseraele. Fa go sena go ntshiwa taelo ya gore Bajuda botlhe ba fedisiwe, Moredekai o ne a bolelela Esethere gore maemo a gagwe a segosi a tlile ka nako e e siameng ka gonne o tla kgona go thusa Bajuda gore ba falole. O ile a bontsha Esethere gore o na le maikarabelo a a seng kana ka sepe a bo a mo laela gore a kope kgosi gore e ba utlwele botlhoko le gore e ba thuse. Esethere o ne a dumela go dira jalo, le fa seo se ne se ka tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing.—Est 4:7–5:2.
O ne A Femela Batho ba Modimo
22 Esethere o tshwanetse a bo a ile a kotlomana pelo fa a utlwa molaetsa oo. Jaanong o ne a lebane le teko e kgolo ya tumelo. O ne a tshogile, jaaka go ne ga utlwala mo mafokong a gagwe fa a araba Moredekai. Esethere o ne a mo gopotsa molao wa kgosi. Fa motho a ne a ka ya kwa kgosing e sa mmitsa, o ne a ka atlholelwa loso. O ne a ka se bolawe fa fela kgosi e ne e ka otlololela lore lwa yone lwa segosi lwa gauta kwa go ene. A Esethere o ne a na le lebaka lepe la go akanya gore ga a na go bolawa, segolobogolo fa a gopola se se diragaletseng Fasheti fa a ne a gana go tla kwa kgosing fa e mmitsa? O ne a bolelela Moredekai gore go setse go fetile malatsi a le 30 kgosi e sa mmitse! E re ka e ne e setse e le lobaka lo loleele a sa bidiwe, a ka tswa a ne a ipotsa gore a kgosi eno e e sa tlhomamang e ka tswa e fetotse mogopolo ka ene kgotsa e sa tlhole e mo rata.—Eseth. 4:9-11.
23 Moredekai o ne a araba Esethere a tiisitse gore a mo nonotshe tumelo. O ne a mo tlhomamisetsa gore fa a sa tseye kgato, poloko ya Bajuda e ne e tla tswa go sele. Mme gone a Esethere o ne a ka lebelela gore a falole fa pogiso e simologa? Mo kgannyeng eno, Moredekai o ne a bontsha gore o na le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa, yo o neng a se kitla a letla gore batho ba Gagwe ba nyelediwe e bile a se kitla a letla gore ditsholofetso tsa gagwe di se ka tsa diragadiwa. (Josh. 23:14) Go tswa foo Moredekai o ne a botsa Esethere jaana: “Ke mang yo o itseng gore o ka tswa o fitlheletse tlotlomalo ya segosi ka ntlha ya motlha o o ntseng jaana?” (Eseth. 4:12-14) Ruri Moredekai ke sekao se re tshwanetseng go se etsa! O ne a ikanya Modimo wa gagwe e bong Jehofa ka botlalo. A le rona re a mo ikanya?—Dia. 3:5, 6.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Go Lwela Kgololesego ya go Obamela
14 Fela jaaka Esethere le Moredekai ba bogologolo, gompieno batho ba ga Jehofa ba lwela go nna le kgololesego ya go obamela Jehofa ka tsela e a ba e laetseng. (Eseth. 4:13-16) A le wena o ka nna le seabe? Ee. O ka rapelela bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya ka metlha, ba gone jaanong ba bogang ka ntlha ya tshiamololo ya semolao. Dithapelo tse di ntseng jalo di ka nna thuso e e maatla mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba ba lebaneng le mathata le dipogiso. (Bala Jakobe 5:16.) A Jehofa o tsaya kgato ka ntlha ya dithapelo tse di ntseng jalo? Diphenyo tsa rona kwa dikgotlatshekelong di bontsha gore ruri o dira jalo!—Baheb. 13:18, 19.
SEPTEMBER 18-24
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESTHER 6-8
“Sekao se se Molemo sa go Bua Sentle”
O ne A le Botlhale, a le Pelokgale e Bile a Akanyetsa ba Bangwe
15 E re ka Esethere a ne a le pelotelele, o ne a leta letsatsi le lengwe gape pele a bolelela kgosi kopo ya gagwe, mme seo sa dira gore Hamane a nne le nako ya go ikepela lemena. A e ka tswa e le Jehofa Modimo yo o dirileng gore kgosi e tlhorege boroko? (Dia. 21:1) Ga go gakgamatse go bo Lefoko la Modimo le re kgothaletsa go nna le “boikutlo jwa go leta”! (Bala Mika 7:7.) Fa re letela Modimo, re ka fitlhela gore ditsela tse a rarabololang mathata a rona ka tsone di botoka thata go feta tse rona re neng re ka di akanya.
O ne A Bua ka Bopelokgale
16 Esethere o ne a sa batle gore kgosi e bo e fele pelo; mo moletlong wa bobedi, o ne a tshwanetse go mmolelela sengwe le sengwe. Mme o ne a tla dira seo jang? Kgosi e ne ya mo naya tshono e nngwe gape ka go mmotsa gore kopo ya gagwe e ka tswa e le efe. (Eseth. 7:2) Jaanong e ne e le ‘nako ya gore Esethere a bue.’
O ne A le Botlhale, a le Pelokgale e Bile a Akanyetsa ba Bangwe
17 Gongwe Esethere a ka tswa a ile a rapela Modimo mo pelong pele a bua mafoko ano: “Fa ke bone kamogelo mo matlhong a gago, wena kgosi, le gone fa go bonala go le molemo mo kgosing, mma ke newe moya wa me go ya kafa topong ya me le batho ba gaetsho go ya kafa kopong ya me.” (Eseth. 7:3) Ela tlhoko gore o ne a tlhomamisetsa kgosi gore o amogela se kgosi e bonang se le molemo. Ruri Esethere o ne a farologane thata le Fasheti, mosadi wa pele wa kgosi, yo o neng a tlontlolola monna wa gagwe ka boomo! (Eseth. 1:10-12) Mo godimo ga moo, Esethere ga a ka a tshwaya kgosi phoso go bo e ikanya Hamane. Go na le moo, o ne a rapela kgosi gore e mo sireletse ka gonne botshelo jwa gagwe bo le mo kotsing.
O ne A le Botlhale, a le Pelokgale e Bile a Akanyetsa ba Bangwe
18 Ga go pelaelo gore kopo eo e ile ya ama kgosi ya bo ya mo gakgamatsa. Tota ke mang yo o neng a ka nna le sebete sa go tsenya botshelo jwa mohumagadi wa gagwe mo kotsing? Esethere o ne a tswelela ka gore: “Re rekisitswe, nna le batho ba gaetsho, gore re nyelediwe, re bolawe re bo re senngwe. Jaanong fa re ka bo re rekiseditswe go nna batlhanka le malata fela, nkabo ke didimetse. Mme matshwenyego ano ga a tshwanela fa a lere tshenyegelo mo kgosing.” (Eseth. 7:4) Ela tlhoko gore Esethere o ne a tlhalosetsa kgosi se tota e leng bothata, mme a oketsa ka gore a ka bo a didimetse fa e le gore ba tshosediwa fela ka go dirwa makgoba. Le fa go ntse jalo, go gailwa gono ga morafe go ne go tla ama kgosi fela thata mo Esethere a neng a ka se ka a didimala ka kgang eno.
19 Sekao sa ga Esethere se re ruta go le gontsi ka go nna le bokgoni jwa go tlhatswa motho pelo. Fa o ka tshwanelwa ke go bolelela mongwe yo o mo ratang kgotsa yo o nang le taolo bothata bongwe jo bo masisi, o ka thusiwa thata ke go nna pelotelele, go bua ka tlotlo e bile o sa fitlhe sepe jaaka Esethere.—Dia. 16:21, 23.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esethere
7:4—Go nyelediwa ga Bajuda go ne go tla ‘lere tshenyegelo jang mo kgosing’? Fa Esethere a ne a bontsha kgosi ka botlhale gore Bajuda ba ne ba ka nna ba rekisiwa go nna makgoba, tota o ne a batla go gatelela ntlha ya gore kgosi e ne e tla senyegelwa fa ba bolawa. Dipapetlana di le 10 000 tsa selefera tse Hamane a neng a di solofeditse di ne di le kwa tlase tota fa di bapisiwa le khumo e e neng e tla bonwa fa Hamane a ne a logile leano la go rekisa Bajuda gore ba nne makgoba. Gape fa leano la ga Hamane le ne le tsweletse, kgosi e ne e tla latlhegelwa ke kgosigadi.
SEPTEMBER 25–OCTOBER 1
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESTHER 9-10
“O ne A Dirisa Taolo ya Gagwe go Thusa Batho ba Gagwe”
it-2-E 432 ¶2
Moredekai
Moredekai o ne a nna tonakgolo mo boemong jwa ga Hamane. Gape o ile a amogela palamonwana e e tshwayang ya kgosi. Esethere o ne a naya Moredekai ntlo e Hamane a neng a nna mo go yone, e Esethere a neng a e neilwe ke kgosi. Go tswa foo, Moredekai o ne a dirisa tetla e kgosi a neng a mo neile yone ya gore a kwale molao o o neng o tla thusa Bajuda gore ba kgone go itshireletsa. Seno se ne sa dira gore Bajuda ba itumele le gore ba ikutlwe ba gololesegile. Batho ba le bantsi ba ne ba tshegetsa Bajuda mme ka letsatsi la bo13 la kgwedi ya Adare, le molao oo o neng o tshwanetse go diragadiwa ka lone, Bajuda ba ne ba setse ba ipaakantse. Batho botlhe ba ba neng ba direla kwa ntlong ya segosi ba ne ba ema Bajuda nokeng ka gonne Moredekai o ne a na le maemo mo ntlong ya kgosi. Ntwa eo e ile ya letlelelwa gore e tswelele mo letsatsing le le latelang kwa Shushane. Bajuda ba ile ba bolaya baba ba bone ba le 75 000 go akaretsa le bana ba ga Hamane ba le lesome. (Est 8:1–9:18) Moredekai o ne a laela gore ngwaga le ngwaga ba keteke letsatsi la bo14 le la bo15 la kgwedi ya Adare, e leng “malatsi a Purime,” gore ba itumele le bahumanegi, ba je dijo mmogo e bile ba abelane dimpho le bone. Bajuda ba ne ba amogela taelo eo, ba bo ba ruta le ditlogolwana tsa bone go keteka moletlo oo le botlhe ba ba neng ba batla go nna karolo ya bone. E re ka Moredekai a ne a na le maemo a a kwa godimo, Bajuda ba ne ba mo tlotla e bile o ne a ba direla dilo tse dintlentle.—Est 9:19-22, 27-32; 10:2, 3.
it-2-E 716 ¶5
Purime
Boikaelelo. Batho ba le bantsi ba re Moletlo wa Purime o o ketekiwang ke Bajuda gompieno, ga o sa tlhole o ketekiwa ka ntlha ya bodumedi e bile ka dinako dingwe ba feteletsa dilo tse ba di dirang, mme go ne go sa nna jalo fa moletlo ono o ne o tlhomiwa le fa o ne o ketekiwa mo nakong e e fetileng. Moredekai le Esethere e ne e le batlhanka ba ga Jehofa mme ba ne ba tlhoma moletlo oo go mo galaletsa. Ke ka ntlha ya ga Jehofa go bo Bajuda ba ile ba gololwa, e re ka Moredekai a ne a ikanyega mo go Jehofa ka go obamela ene fela seno se ne sa dira gore batho ba bangwe ba galefe. Hamane a ka tswa e ne e le Moameleke, mme Jehofa o ne a hutsa setšhaba sa Baameleke a bo a re o tlile go ba fedisa gotlhelele. Moredekai o ne a tlotla taelo ya ga Jehofa a bo a gana go ikoba fa pele ga ga Hamane. (Est 3:2, 5; Ek 17:14-16) Gape, mafoko a Moredekai a neng a a bolelela Esethere (Est 4:14) a bontsha gore o ne a ikanya mongwe yo o nang le maatla a a kwa godimo go golola Baiseraele mme Esethere o ne a bontsha gore o kopa thuso mo go Jehofa fa a ne a itima dijo pele a ya kwa kgosing.—Est 4:16.
“Nnang Baetsi ba Modimo” mo go Diriseng Maatla
12 Jehofa o re abetse balebedi go etelela dilo pele mo phuthegong ya Bokeresete. (Bahebera 13:17) Banna bano ba ba tshwanelegang ba tshwanetse ba dirisa taolo e ba e neilweng ke Modimo go thusa letsomane ka dilo tse le di tlhokang le go le nonotsha semoyeng. A maemo ano a bagolwane a ba naya lebaka la go gatelela badumedikabone? Legoka! Bagolwane ba tshwanetse go nna le boikutlo jo bo tekatekano le jwa boikokobetso ka maemo a bone mo phuthegong. (1 Petere 5:2, 3) Baebele e laela balebedi jaana: “Lo dise phuthego ya Modimo, e a neng a e reka ka madi a Morwawe.” (Ditiro 20:28) Leno ke lebaka le le nonofileng la gore mongwe le mongwe mo letsomaneng a tshwarwe ka bonolo.
13 Re ka tshwantsha kgang eno jaana. Tsala ya gago e kgolo e go kopa go e tlhokomelela sengwe sa botlhokwa. O itse gore tsala ya gago e rekile selo seno ka madi a mantsi. A o ne o ka se tshware selo seno ka masisi o nna ketlotlhoko thata ka sone? Modimo le ene o abetse bagolwane boikarabelo jwa go tlhokomela sengwe se a se tsayang se le botlhokwa thata: phuthego, e maloko a yone a tshwantshiwang le dinku. (Johane 21:16, 17) Jehofa o rata dinku tsa gagwe fela thata—tota o di rata thata jaana mo a ileng a di reka ka madi a a tlhwatlhwakgolo a Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Jesu Keresete. Ga go na tlhwatlhwa e e fetang eno e Jehofa a neng a ka reka dinku tsa gagwe ka yone. Bagolwane ba ba boikokobetso ba nna ba akantse ka seno mme ba tshwara dinku tsa ga Jehofa ka tsela e e siameng.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esethere
9:10, 15, 16—Le fa gone molawana o o neng o ntshitswe o ne o dumelela gore Bajuda ba ikgapele dilo dingwe, ke ka ntlha yang fa ba ne ba se ka ba dira jalo? Ga go pelaelo gore go gana ga bone go ne go supa gore maitlhomo a bone e ne e le go boloka batho ba gabone e seng go ikhumisa.
OCTOBER 2-8
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOBE 1-3
“Tswelela o Bontsha Jehofa Gore O a Mo Rata”
Etsa Tumelo ya ga Noa, Daniele le Jobe
16 Dikgwetlho tse Jobe a ileng a lebana le tsone. Go ile ga nna le diphetogo di le dintsi mo botshelong jwa ga Jobe. Pele a lebana le mathata, o ne a le “mogolo go feta batho botlhe ba Botlhaba.” (Jobe 1:3) O ne a humile, a itsege e bile batho ba ne ba mo tlotla thata. (Jobe 29:7-16) Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a sa ikgogomose e bile o ne a sa akanye gore ga a tlhoke Modimo. Tota e bile, Jehofa o ne a re ke motlhanka wa gagwe, gape o ne a re Jobe ke “monna yo o se nang molato e bile a thokgame, a tshaba Modimo e bile a fapoga bosula.”—Jobe 1:8.
17 Botshelo jwa ga Jobe bo ne jwa fetoga fela thata mo nakong e khutshwane. O ne a latlhegelwa ke sengwe le sengwe e bile o ne a ngomogile pelo mo a neng a batla go swa. O ne a tlisediwa mathata ano ke Satane, yo o neng a latofatsa Jobe ka gore o obamela Modimo ka gonne a batla gore Modimo a mo segofatse. (Bala Jobe 1:9, 10.) Jehofa ga a ka a itlhokomolosa tatofatso eo. Go na le moo, o ne a letla Jobe gore a bontshe gore o a ikanyega le gore o ne a direla Jehofa ka gonne a mo rata, e seng ka gonne a batla gore a mo segofatse.
Tswelela o Ikanyega mo go Jehofa!
10 Satane o latofatsa batlhanka botlhe ba ga Jehofa. A re ga re rate Jehofa e bile ga re ikanyege mo go ene. A re fa re na le mathata, re tla mo tlhanogela. (Jobe 2:4, 5; Tshen. 12:10) Tatofatso eno e dira gore o ikutlwe jang? Ga go pelaelo gore e go utlwisa botlhoko. Akanya ka seno: Jehofa o letla Satane gore a go leke. O a go tshepa e bile o go naya tshono ya go bontsha gore o ikanyega mo go ene le gore Satane ke moaki. Jehofa o a itse gore o tla tswelela o ikanyega e bile o go solofetsa gore o tla go thusa. (Baheb. 13:6) Eleruri ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go itse gore Molaodimogolo wa lobopo o a re tshepa! A o kgona go lemoga gore ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana gore re ikanyege? Fa re ikanyega, re bontsha gore Satane ke moaki, re tlotlomatsa leina la Modimo e bile re ema bolaodi jwa gagwe nokeng. Ke eng se se ka re thusang go nna le nonofo eno ya botlhokwa?
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Se re Ithutang Sone mo Mafokong a Bofelo a ga Jesu
9 Jesu o ile a reng? Pele ga fa Jesu a swa o ile a goa a re: “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?” (Math. 27:46) Baebele ga e tlhalose gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a bua mafoko ano. Mme gone, akanya ka se re ka ithutang sone mo go one. Re lemoga gore Jesu o ile a diragatsa boporofeti jo bo leng mo go Pesalema 22:1. Gape mafoko ao a bontsha gore Jehofa o ne a sa tlhoma ‘legora go dikologa’ Morwawe. (Jobe 1:10) Jesu o ne a tlhaloganya gore Rraagwe o ne a letla gore batho ba ba neng ba mmogisa ba leke tumelo ya gagwe go fitlha a swa. Ga go na motho ope yo o kileng a lekiwa jaaka Jesu. Mme gape mafoko ano a ne a bontsha gore o ne a sa dira phoso epe mo a neng a tshwanelwa ke loso.
OCTOBER 9-15
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOBE 4-5
“Tila Tshedimosetso e e Seng Boammaaruri”
it-1-E 713 ¶11
Elifase
2. Ke mongwe wa ditsala tsa ga Jobe tse tharo. (Job 2:11) E ne e le Motemane mme go ka direga gore o ne a tswa mo losikeng lwa ga Esau, mo go rayang gore o ne a tswa mo losikeng lwa ga Aborahame mme e ne e le losika lwa ga Jobe. Ene le ba losika lwa gagwe ba ne ba ikgantsha ka botlhale jwa bone. (Jer 49:7) Mo “bagomotsing” bano ba bararo, Elifase o ne a le botlhokwa mo go bone botlhe e bile a na le tlhotlheletso ka gonne a ka tswa a ne a le mogolo mo go bone. Ke ene wa ntlha yo neng a bua mo makgetlong a le mararo fa ba ne ba ngangisana e bile ke ene yo neng a bua lobaka lo loleele.
Tila go Akanya ka Tsela E e Sa Siamang!
Fa Elifase a ne a gopola tiragalo e e sa tlwaelegang e e kileng ya mo diragalela, o ne a re: “Moya ka boone o ne wa feta mo godimo ga sefatlhego sa me; moriri wa letlalo la me o ne wa simolola go tlhonya. O ne wa ema o sa tshikinyege, mme ga ke a ka ka lemoga ponalo ya one; go ne go na le sebopego sengwe fa pele ga matlho a me; go ne go na le tshisibalo, mme jaanong ka utlwa lentswe.” (Jobe 4:15, 16) Ke moya o o ntseng jang o o neng wa tlhotlheletsa tsela e Elifase a neng akanya ka yone? Tsela e a neng a tshwayatshwaya diphoso ka yone fa a simolola go bua gape e bontsha gore ruri moya oo e ne e se mongwe wa baengele ba ba siameng ba Modimo. (Jobe 4:17, 18) E ne e le sebopiwa se se boikepo sa moya. Fa go ne go sa nna jalo, a Jehofa o ka bo a kgalemetse Elifase le ditsala tsa gagwe tse pedi ka ntlha ya go bua maaka? (Jobe 42:7) Tota Elifase o ne a tlhotlheleditswe ke ledimona. Dilo tse a neng a di bua ga di dumalane le tsela e Modimo a lebang dilo ka yone.
Se Dumele Maaka a ga Satane
Satane o ne a dirisa mongwe wa ditsala tse tharo tsa ga Jobe tse di neng di mo etetse e bong Elifase gore a gatelele kgang ya gore batho ba ka se kgone go nna ba ikanyega mo Modimong. O ne a bitsa batho a re ke “ba ba nnang mo matlong a letsopa,” mme a raya Jobe a re: “Motheo wa bone o . . . mo loroleng! Motho o ba thubaganya ka bonako go feta motoutwane. Ba a thubaganngwa go tloga mo mosong go fitlha maitseboa; ba nyelela ka bosaengkae go se na ope yo o go tsenyang mo pelong.”—Jobe 4:19, 20.
Gape Dikwalo di re tshwantsha le ‘dijana tsa letsopa’—dipitsa tse di thubegang motlhofo fela tse di dirilweng ka letsopa. (2 Bakor. 4:7) Re bokoa ka ntlha ya boleo le bosaitekanelang jo re bo ruileng. (Bar. 5:12) Fa re le rosi fela, Satane a ka re tlhasela motlhofo. Mme e re ka re le Bakeresete, Jehofa a ka re thusa. Le fa re na le makoa, re tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe. (Isa. 43:4) Mo godimo ga moo, Jehofa o naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang. (Luke 11:13) Moya wa gagwe o ka re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng,” go re thusa go lebana le masetlapelo ape fela a Satane a re bakelang one. (2 Bakor. 4:7; Bafil. 4:13) Fa re ganetsa Diabolo, re “nonofile mo tumelong,” Modimo o tla re nitamisa a bo a re nonotsha. (1 Pet. 5:8-10) Ka jalo, ga re a tshwanela go boifa Satane Diabolo.
mrt-E 32 ¶13-17
Itshireletse mo Tshedimosetsong e e Seng Boammaaruri
● Akanya gore tshedimosetso eo e tswa kae le gore e a reng
Se Baebele e se buang: ‘Tlhomamisa gore a dilo tsotlhe di boammaaruri.’—1 Bathesalonika 5:21.
Pele o dumela tshedimosetso nngwe kgotsa o e romelela batho ba bangwe, le fa e ka tswa e tletsetletse jang kgotsa e tlhageletse makgetlo a le mmalwa mo dikgannyeng, tlhomamisa gore a e boammaaruri. O ka dira seo jang?
Leka go akanya gore a o ka tshepa motswedi wa tshedimosetso eo. Dikhampani tsa dikgang kgotsa mekgatlho mengwe e ka fetola kgang nngwe gore e ba solegele molemo kgotsa e ka tshegetsa mokgatlho mongwe wa dipolotiki. Bapisa se o se bonang mo motsweding mongwe wa dikgang le metswedi e mengwe ya dikgang. Ka dinako tse dingwe, ditsala di kgona go phasalatsa tshedimosetso e e seng boammaaruri ba dirisa e-mail kgotsa social media. Ka jalo, o se ka wa dumela tshedimosetso nngwe le nngwe e o e utlwang ntle le fa o tlhomamisetse gore e boammaaruri.
Tlhomamisa gore tshedimosetso eo ke ya bosheng le gore e boammaaruri. Batla letlha la tshedimosetso eo le bosupi jo bo bontshang gore tshedimosetso eo e boammaaruri. Nna kelotlhoko fa tshedimosetso e e raraaneng e tlhalosiwa ka tsela e e motlhofo kgotsa e e ka dirang gore o tseege maikutlo.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Nna o Nitame, Mme o Fenye Lobelo Lwa Botshelo
Go nna mongwe wa phuthego ya lefatshe lotlhe ya baobamedi ba boammaaruri go ka re thusa thata gore re nitame. A bo re le lesego jang go nna bontlhanngwe jwa bokaulengwe joo jo bo lorato jwa lefatshe lotlhe! (1 Petere 2:17) Mme le rona re ka thusa badumedikarona go nitama.
Akanya ka ditiro tse di molemo tsa monna yo o neng a siame e bong Jobe. Tota le Elifase yo e neng e le mogomotsi wa maaka o ne a patelesega go dumela jaana: “Mafoko a gago, a ne a tsosa ope fela yo o kgotšwang; le mangole a a kgwetlhang o ne o a nonotsha.” (Jobe 4:4) A le rona re thusa batho ba bangwe jalo? Mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo jwa go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya go itshoka mo tirong ya Modimo. Fa re na le bone, re ka dira dilo go dumalana le mafoko ano: “Nonotshang diatla tse di bokoa, lo nitamise mangole a a kgwetlhang.” (Isaia 35:3) Ka gone, ke eng fa o sa ipeele mokgele wa gore o nonotshe le go kgothatsa Mokeresetekawena a le mongwe kana ba le babedi nako le nako fa o kopana le bone? (Bahebera 10:24, 25) Fa re ka anaanela le go ba akgolela maiteko a ba a dirang go itumedisa Jehofa, seo se ka ba thusa go nna ba nitame ka tsholofelo ya gore ba tla fenya lobelo lwa botshelo.
OCTOBER 16-22
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOBE 6-7
“Fa o Imetswe ke Mathata a Botshelo”
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Jobe
7:1; 14:14—Mafoko a a reng ‘tiro e e patelediwang’ a bolelang? Jobe o ne a tlaletswe thata jaana mo a neng a akanya gore botshelo bo thata e bile ke tiro e e patelediwang. (Jobe 10:17) E re ka nako e motho a e fetsang a le mo Sheole—go tloga ka nako e a swang ka yone go fitlha ka nako ya go tsosiwa ga baswi—e le nako e motho a patelesegang go e nna, Jobe o tshwantsha nako eo le tiro e e patelediwang.
Jehofa o Kgothatsa ba ba Kgobegileng Marapo
KA DINAKO dingwe, re ka kgobiwa marapo ke go akanya ka gore botshelo bo bokhutshwane le gore bo “tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Ka jalo, go a utlwala go bo ka dinako dingwe re kgobega marapo. Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba mo nakong e e fetileng ba kile ba ikutlwa ka tsela eo. E bile bangwe ba bone ba ne ba eletsa e kete ba ka swa. (1 Dikg. 19:2-4; Jobe 3:1-3, 11; 7:15, 16) Mme ka metlha Jehofa o ne a ba kgothatsa. Dilo tse di ba diragaletseng di ne tsa kwalwa mo Baebeleng gore di re kgothatse le gore re ithute mo go tsone.—Bar. 15:4.
Fa o Ikutlwa O sa Tlhole o Batla go Tshela
Le fa go ka lebega o se na tsholofelo mo seemong se o leng mo go sone, gakologelwa gore ga o nosi mme ka maswabi, mo e ka nnang mongwe le mongwe o lepalepana le bothata bongwe jo bo rileng gompieno. Baebele ya re: “Popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo.” (Baroma 8:22) Le fa gone jaanong go ka lebega e kete bothata jwa gago bo ka se ka jwa rarabololwa, gantsi dilo di a tokafala fa nako e ntse e tsamaya. Fa go ntse go le jalo, ke eng se se ka thusang?
Bolelela tsala e e godileng e o e ikanyang kafa o ikutlwang ka teng. Baebele ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Jobe, monna yo Baebele e mo tlhalosang e le monna yo o siameng, o ne a bolelela batho ba bangwe kafa a ikutlwang ka teng ka nako ya ditlhobaelo tsa gagwe. Fa a ne a ikutlwa ka tsela e a neng a e tlhalosa a re ke go “ila botshelo jwa me,” o ne a re: “Ke tla bua kaga go tshwenyega ga me. Ke tla bua moya wa me o utlwile botlhoko!” (Jobe 10:1) Go bulela batho ba bangwe mafatlha a gago go ka fokotsa botlhoko jo o bo utlwang mme go ka dira gore o lebe mathata a o lebaneng le one ka tsela e nngwe.
Bolelela Modimo se se mo pelong ya gago ka thapelo. Bangwe ba akanya gore thapelo ke sengwe se se ka go thusang fela mo tlhaloganyong mme Baebele ga e bolele jalo. Pesalema 65:2 ya re Jehofa Modimo ke “Moutlwi wa thapelo” mme 1 Petere 5:7 ya re: “O a lo kgathalela.” Gangwe le gape Baebele e gatelela botlhokwa jwa go ikaega ka Modimo. Ka sekai:
“Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—DIANE 3:5, 6.
“[Jehofa] o tla diragatsa keletso ya ba ba mmoifang, e bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso, mme o tla ba boloka.”—PESALEMA 145:19.
“Eno ke tshepo e re nang le yone mo go ene, gore, go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.”—1 JOHANE 5:14.
“Jehofa o kgakala le baikepi, mme o utlwa thapelo ya basiami.”—DIANE 15:29.
Fa o bolelela Modimo mathata a o lebanang le one, o tla go thusa. Go a utlwala go bo Baebele e go kgothaletsa gore o ‘mo ikanye ka dinako tsotlhe. Tshololela pelo ya gago fa pele ga gagwe.’—Pesalema 62:8.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Reetsa Mme o Bontshe Kutlwelobotlhoko
10 Re ka etsa Jehofa jang? Re tshwanetse go leka go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona botoka. Tlotla le bone kwa dipokanong, bereka le bone mo bodireding, mme fa go kgonega, ba laletse kwa lelapeng la gago. Fa o dira jalo, gongwe o tla lemoga gore kgaitsadi yo o ntseng o akanya gore ga a rate batho, tota o ditlhong. Kgotsa o tla lemoga gore mokaulengwe yo o nang le madi yo o neng o akanya gore o rata dikhumo, tota o rata go thusa batho. Gape o ka nna wa lemoga gore lelapa le le nnang fela le tsena thari kwa dipokanong, le itshoketse go bogisiwa. (Math. 7:1) Gone ga re a tshwanela go ‘itsenyatsenya mo mererong ya batho ba bangwe.’ (1 Tim. 5:13) Mme gone, re tshwanetse go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le dilo tse di ba diragaletseng mo botshelong. Fa re dira jalo, re tla kgona go tlhaloganya gore ke eng fa ba itshwara ka tsela e e rileng.
OCTOBER 23-29
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOBE 8-10
“Lorato Lo lo Sa Kgaotseng Lwa Modimo lo re Sireletsa mo Maakeng a ga Satane”
A Tota re ka Itumedisa Modimo?
Jobe o ne a diragalelwa ke dilo tse di botlhoko ka go latelana le fa a ne a se na molato. O ne a na le kgopolo e e phoso ya gore Modimo ga a re sepe ka go bo a nna a ikanyega mo go Ene. (Jobe 9:20-22) Jobe o ne a ipolela a siame mo batho ba bangwe ba neng ba tsaya gore o ipona a siame go feta Modimo.—Jobe 32:1, 2; 35:1, 2.
Lorato Lo lo Sa Kgaotseng Lwa ga Jehofa lo go Solegela Molemo Jang?
14 Lorato lo lo sa kgaotseng lwa Modimo lo sireletsa kamano ya rona le ene. Dafide o ne a rapela jaana: “O lefelo la me la go iphitlha; o tla ntshireletsa fa ke le mo matshwenyegong. O tla dira gore ke eme mo bathong ba ba goang ka boitumelo fa o nkgolola. . . . Yo o ikanyang Jehofa o sireleditswe ke lorato lwa Gagwe lo lo sa kgaotseng.” (Pes. 32:7, 10) Fela jaaka dipota di ne di sireletsa motse wa bogologolo le batho ba ba nnang mo go one, lorato lo lo sa kgaotseng lwa ga Jehofa, lo re sireletsa mo go sengwe le sengwe fela se se ka senyang kamano ya rona le ene. Mo godimo ga moo, lorato loo lo tlhotlheletsa Jehofa gore a re gogele kwa go ene.—Jer. 31:3.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
“Ke Mang yo o Itseng Mogopolo wa ga Jehofa?”
19 Re ithutile eng ka “mogopolo wa ga Jehofa”? Re tshwanetse go letla Lefoko la Modimo gore le dire gore re tlhaloganye mogopolo wa ga Jehofa sentle. Ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa o tlhaela jaaka rona re tlhaela mme ga re a tshwanela go mo atlhola ka ditekanyetso tsa rona le ka tsela e re akanyang ka yone. Jobe o ne a re: “[Modimo] ga se motho yo o tshwanang le nna gore nka mo araba, gore re tle mmogo mo katlholong.” (Jobe 9:32) Fela jaaka Jobe, fa re simolola go tlhaloganya mogopolo wa ga Jehofa, re tlhotlheletsega go re: “Bona! Tseno ke dintlha fela tsa ditsela tsa gagwe, a bo go utlwilwe go le gonnye fela jang ne ka ga gagwe! Mme ke mang yo o ka bontshang go tlhaloganya tumo ya gagwe ya maru e e maatla?”—Jobe 26:14.
20 Fa re ntse re bala Dikwalo, re tshwanetse go dirang fa re bala temana e e sa tlhaloganyesegeng motlhofo, segolobogolo fa e bua ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone? Fa re dirile dipatlisiso mme re sa ntse re sa tlhaloganye sentle, re ka nna ra tsaya seno e le tsela ya go bona gore re ikanya Jehofa go le kana kang. Gakologelwa gore ka dinako tse dingwe, mafoko a a rileng mo temaneng eo a re naya tshono ya gore re bontshe gore re ikanya dinonofo tsa ga Jehofa. A ka boikokobetso re amogele gore ga re tlhaloganye sengwe le sengwe se ene a se tlhaloganyang. (Mor. 11:5) Ka jalo, re tla tlhotlheletsega go dumalana le mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa! Gonne ‘ke mang yo o itseng mogopolo wa ga Jehofa, kgotsa ke mang yo jaanong a leng mogakolodi wa gagwe?’ Kgotsa, ‘Ke mang yo pele a neng a mo naya, mo e leng gore o tshwanetse go duelwa?’ Ka gonne dilo tsotlhe di tswa mo go ene e bile di ka ene e bile ke tsa gagwe. Kgalalelo e nne mo go ene ka bosaengkae. Amen.”—Bar. 11:33-36.
OCTOBER 30–NOVEMBER 5
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOBE 11-12
“Ditsela Tse Tharo Tse Di ka Re Thusang Gore re Nne Botlhale le Gore re Solegelwe Molemo”
Jobe O ne A Baka Leina la ga Jehofa
17 Ke eng se se neng sa thusa Jobe gore a nne a bolokile bothokgami? Go bonala sentle gore pele a welwa ke masetlapelo, o ne a setse a na le kamano e e gaufi le Jehofa. Le fa re se na bosupi bope jwa gore Jobe o ne a itse gore Satane o ne a latofaditse Jehofa, Jobe o ne a ikemiseditse go tswelela pele a ikanyega. O ne a re: “Nka se tlose bothokgami jwa me mo go nna go fitlha ke swa!” (Jobe 27:5) Jobe o ne a dira jang gore a nne le kamano e e gaufi jaana le Jehofa? Kwantle ga pelaelo, o ne a rata se a neng a se utlwile malebana le tsela e Modimo a neng a dirisana ka yone le Aborahame, Isake le Jakobe, ba e neng e le masika a gagwe a a kgakala. Mme fa Jobe a ntse a etse popo tlhoko, o ne a kgona go lemoga dinonofo tse dintsi tsa ga Jehofa.—Bala Jobe 12:7-9, 13, 16.
Ga o Nosi, Jehofa O na Le Wena ka Metlha
10 Itsalanye le Bakeresete ba ba ikanyegang mo phuthegong. Batla batho ba o ka tsalanang le bone mo phuthegong ba o ka ithutang sengwe mo go bone, tota le fa ba sa lekane le wena ka dingwaga kgotsa ba tswa mo setsong se se farologaneng le se o tswang mo go sone. Baebele e re bolelela gore go na le botlhale “mo go ba ba tsofetseng.” (Jobe 12:12) Bagodi le bone ba ka ithuta go le gontsi mo basheng ba ba ikanyegang ba ba mo phuthegong. Dafide o ne a le monnye thata mo go Jonathane, le fa go ntse jalo, ga a ka a letla seo se mo thibela gore ba nne ditsala. (1 Sam. 18:1) Tota le fa Dafide le Jonathane ba ne ba lebana le maemo a a thata, ba ne ba thusana gore ba direle Jehofa. (1 Sam. 23:16-18) Kgaitsadi Irina yo e leng ene fela Mosupi kwa gagabo a re: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona e ka nna batsadi ba rona kgotsa bomonnaarona. Fa re ikutlwa re le nosi, Jehofa a ka ba dirisa gore e nne lelapa le re le tlhokang.”
11 Go dira ditsala tse disha ga go motlhofo, segolobogolo fa o le ditlhong. Ratna, e bong kgaitsadi yo o ditlhong yo o neng a ithuta boammaaruri le fa a ne a ganediwa a re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go amogela gore ke tlhoka thuso ya bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong.” Go ka nna thata gore o bolelele motho yo mongwe tsela e o ikutlwang ka yone, mme fa o ka dira jalo o ka kgona go atamalana le ene. Ditsala tsa gago di batla go go kgothatsa le go go ema nôkeng, mme gone o tshwanetse go ba bolelela gore ba ka go thusa jang.
12 Tsela e nngwe e e molemo e o ka kgonang go dira ditsala ka yone ke fa o bereka le bakaulengwe le bokgaitsadi mo tshimong. Carol yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Go fetsa nako le bokgaitsadi mo tshimong le mo ditirong tse dingwe tse di direlwang Jehofa, go ne ga dira gore ke nne le ditsala tse dintsi. Fa dingwaga di ntse di feta, Jehofa o ne a nkema nôkeng a dirisa tsone ditsala tseno.” Go itsalanya le Bakeresete ba ba ikanyegang go na le melemo e mentsi. Jehofa o dirisa ditsala tseo go go thusa gore o se ka wa ikutlwa o le nosi.—Dia. 17:17.
it-2-E 1190 ¶2
Botlhale
Botlhale jo bo Tswang Kwa Modimong. Botlhale bo tswa kwa go Jehofa Modimo mme ke ene fela yo leng botlhale. (Bar 16:27; Tsh 7:12) E re ka kitso e tsamaisana le mabaka a a utlwalang e bile Jehofa e le Mmopi “go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng” (Ps 90:1, 2), o itse dilo tsotlhe ka lobopo gore lo dirilwe jang le hisitori ya lone. Melao ya tlholego, modikologo le melaometheo e batho ba ikaegileng ka yone fa ba dira dipatlisiso, di tswa kwa go Jehofa mme kwantle ga tsone batho ba ka ikutlwa e kete ga ba na mosola le gore ga ba na mo ba ka remelelang tshedimosetso e ba e fitlheletseng gone. (Job 38:34-38; Ps 104:24; Dia 3:19; Jer 10:12, 13) Melao ya gagwe ya boitsholo e re solegela molemo, e re thusa gore re dire ditshwetso tse di siameng e bile e dira gore re atlege mo botshelong. (Dut 32:4-6) Ga go na sepe se Jehofa a sa se itseng. (Isa 40:13, 14) Le fa ka dinako dingwe a ka letlelela gore dilo tse di sa tsamaisaneng le molao wa gagwe di diragale kgotsa di atlege ka nakwana, bokamoso jwa rona bo ikaegile ka ene e bile o tlile go diragatsa thato ya gagwe, ka jalo dilo tsotlhe tse a di solofetsang di “tla atlega.”—Isa 55:8-11; 46:9-11.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Go Buisana le Bana ba Dingwaga Tsa Bolesome
▪ ‘Fa a bua sengwe, a ke tlhaloganya e seng fela se a se buang mme le tsela e a ikutlwang ka yone?’ Jobe 12:11 ya re: “A tsebe ka boyone ga e leke mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo?” Go feta le e leng pele, o tlhoka go ‘leka’ se morwao kgotsa morwadio a se buang. Gantsi bana ba dingwaga tsa bolesome ba na le go bua jaaka e kete se ba se buang ka dinako tsotlhe se boammaaruri. Ka sekai, morwao kgotsa morwadio a ka nna a re, “Ka dinako tsotlhe o ntshwara jaaka ngwana!” kgotsa “Ga o ke o ntheetsa!” Go na le gore o ganetsane le mafoko a a a dirisang a a jaaka “ka dinako tsotlhe” le “ga o ke o,” lemoga gore ngwana wa gago tota ga a reye gore go ntse jalo. Ka sekai, fa a re “ka dinako tsotlhe o ntshwara jaaka ngwana” o kaya gore “ke akanya gore ga o ntshepe,” mme fa a re “ga o ke o ntheetsa!” a ka tswa a raya gore “ke batla go go bolelela kafa ke ikutlwang ka gone.” Leka go tlhaloganya kafa a ikutlwang ka gone e seng fela se a se buang.