LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 1/1 ts. 5-10
  • Go Fenya Satane le Ditiro Tsa Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fenya Satane le Ditiro Tsa Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Boloka Bothokgami fa re Bogisiwa
  • Kwa Rwanda e e Kgautlhantsweng ke Mekubukubu
  • Babolokabothokgami ba Basha
  • Maano a Mangwe a Boferefere a ga Satane
  • A o Tla Nna o Bolokile Bothokgami Jwa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Tswelela o Ikanyega mo go Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • Jobe O ne A Baka Leina la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • O Eme o Tiile Kgatlhanong le Maano a a Boferefere a ga Satane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 1/1 ts. 5-10

Go Fenya Satane le Ditiro Tsa Gagwe

“Ke gone ka re, lo ineeleng mo Modimong; tlhabanang le diabolo, mme o tlaa lo tshaba.”—JAKOBE 4:7.

1. ‘Seatla sa baikepi’ se amile batho jang gompieno?

JOBE o ne a bolela jaana ka tshwanelo: “Lefatshe le tsentswe mo seatleng sa baikepi.” (Jobe 9:24) E bile jaanong re lebane le metlha e e tlhokofatsang go e gaisa yotlhe mo hisitoring yotlhe ya batho. Ka ntlha yang? Ka gonne eno ke ‘metlha ya bofelo’ ya fa Satane a laola lefatshe ka tsela e e bosula. Ga go gakgamatse he, go bo ‘batho ba ba bosula le batsietsi ba sulafalela pele fela ba tsietsa, ba bile ba tsiediwa’ ba tlhotlhelediwa ke Satane. (2 Timotheo 3:1, 13) Mo godimo ga moo, dipogiso, go direlwa tshiamololo, bosetlhogo, bokebekwa, mathata a ikonomi, malwetsi a a sa foleng, matlhoko a go tsofala, go tshwenyega thata mo maikutlong—mathata ano le a mangwe gape a mantsintsi a ka re utlwisa botlhoko thata.

2. Re ka emelelana le ditlhaselo tsa ga Satane jang gompieno?

2 Mmaba yo mogolo, Satane Diabolo, o tlhasela batho thata, mme bogolo segolo baobamedi ba Modimo ba boammaaruri. Mokgele wa gagwe ke go faposa batho botlhe ba ba ka bolokang bothokgami gore ba nne kgatlhanong le Modimo gore le bone ba tle ba senngwe mmogo le ene le baengele ba gagwe ba badimona. Lefa go ntse jalo, re tlhomamisediwa gore fa re itshoka re ntse re bolokile bothokgami, Diabolo o tla re tshaba. Fela jaaka Jesu, re ka ‘ithuta go utlwa’ Modimo ka dilo tse di re bogisang, mme ka bopelonomi jwa Gagwe jo bo sa re tshwanelang re bone botshelo jo bo sa khutleng.—Bahebere 5:7, 8; Jakobe 4:7; 1 Petere 5:8-10.

3, 4. (a) Paulo o ne a tshwanelwa ke go itshokela diteko dife tse di tswang kwa ntle? (b) Paulo o ne a amegile ka eng jaaka mogolwane wa Mokeresete?

3 Moaposetoloi Paulo le ene o ne a lekiwa ka ditsela di le dintsi. O ne a kwala jaana fa a ne a bolela kafa a tshwanelang ka gone gore a nne modiredi wa ga Keresete: “Nna bogolo; ke bua jaaka yo o sa ikutlweng ka bontsi jwa ditiro, le ka go tsena mo matlong a kgolegelo gantsi, le ka dithupa tse di fetang selekanyo, le ka go swa gantsi. Ke kgwathisitswe gatlhano ke Bajuta, ke ntse ke bewa dithupa di le 39. Ke iteilwe ka dithobane gararo, ka kgobotlediwa ka maje gangwe fela, ka thubegelwa ke sekepe gararo, ka lala gangwe fela ka ba ka tlhola mo botennyeng jwa lewatle; ke ntse ke le mo diketong gantsi, ka nna mo poitshegong ya dinokwane, le mo poitshegong ya ba gaetsho, le mo poitshegong ya Baditšhaba, mo poitshegong mo motseng, mo poitshegong mo nageng, mo poitshegong mo lewatleng, mo poitshegong mo go bakaulengwe ba e seng bone; ke le mo tirong le mo tapisegong, mo ditisong gantsi, mo tlaleng le mo lenyoreng, mo go itimeng dijo gantsi, mo serameng le mo bosaikategang.

4 “Kwa ntle ga dilo tse di kwa ntle, go na le mo go nkimelang ka malatsi otlhe, ke raya tlhobaelo ka ga diphutego tsotlhe. Go na le mang yo o bokoa, nna ke se bokoa? Mang yo o kgopisiwang, nna ke sa gakale?” (2 Bakorinthe 11:23-29) Ka jalo, Paulo o ne a boloka bothokgami fa a lebane le dipogiso le diteko tse di tswang kwantle, mme jaaka mogolwane wa Mokeresete, o ne a amegile thata ka gore a nonotshe bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba bokoa mo phuthegong, a ba thusa gore ba boloke bothokgami. A bo seo e le sekao se se molemo jang ne mo bagolwaneng ba Bakeresete gompieno!

Go Boloka Bothokgami fa re Bogisiwa

5. Go bogisiwa ka tlhamalalo go ka fenngwa jang?

5 Satane o dirisa dilo dife go fedisa bothokgami? Jaaka go bontshitswe fa godimo, mongwe wa mekgwa e e setlhogo thata e Satane a e dirisang ke go bogisa ka tlhamalalo, mme lefa go ntse jalo go na le tharabololo. Baefeso 6:10, 11 e re gakolola jaana: “Lo nonofale mo Moreneng, le mo thateng ya nonofo ya gagwe. Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo, gore lo tle lo itse go ganela le maano a boferefere [kana, “ditiro tsa botlhajana,” ntlhanyana e e kwa tlase go NW] a diabolo.”

6. Go ka bontshiwa jang gore Basupi ba ga Jehofa ba ‘fentse’?

6 Gantsi mo metlheng eno ya bofelo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela diteko. Ka jalo, re ka bolela jaana le Paulo: “Mo dilong tsotlhe tse re gaisa bafenyi ka ene yo o re ratileng.” (Baroma 8:37) Seno se supiwa ke rekoto ya bothokgami jwa Basupi ba ga Jehofa fa ba ne ba le mo dikampeng tsa pogisetso kwa Jeremane, Austria, Poland, le Yugoslavia fa go ne go busa Bonazi fa gare ga 1933 le 1945, ka nako ya kgatelelo ya Bokomonisi kwa Yuropa Botlhaba fa gare ga 1945 le 1989, le ka nako ya dipogiso tse di ileng tsa ama dikarolo tsa Afrika le Latin America mo metlheng ya bosheng fela jaana.

7. Go begiwa dikai dife tse di amang maikutlo tsa bothokgami go tswa kwa Ethiopia?

7 Basupi ba ga Jehofa kwa Ethiopia ba ne ba nna sekao se se amang maikutlo sa bothokgami fa gare ga 1974 le 1991. Mongwe wa batho ba ba neng ba ba tshwere yo o ilweng ke polotiki kwa tlhogong o ne a raya mokaulengwe mongwe yo o neng a tshwerwe a re: “Go ka nna botoka go golola ditau tse di mo zuung go na le go golola batho ke lona!” Babogisi bano ba ba setlhogo ba ne ba teketa batlhanka ba ga Jehofa, mme morago ga dingwaga di le mokawana kgotlatshekelo ya boikuelo e ne ya laela gore bakaulengwe bano ba bolawe. Setopo sa mokaulengwe mongwe se ne sa bewa fa se neng se ka bonwa ke mongwe le mongwe gone gore e nne sekao sa tlhagiso. Bakaulengwe ba bangwe ba ba neng ba dira boikuelo malebana le go atlholelwa loso ba ne ba gololwa ke kgotla e e neng e le tekatekano go feta ya pele, mme bangwe ba ‘bafenyi’ bano ba ba ikanyegang ba ne ba na le seabe mo thulaganyong ya Kopano ya Kgaolo ya “Thuto ya Bomodimo” kwa Addis Ababa mo masimologong a 1994.a—Johane 16:33; bapisa 1 Bakorinthe 4:9.

8. Satane o ile a leka jang go dirisa “go fetsa batho losika” ka tsela e e neng e tla mo solegela molemo?

8 Satane o paletswe ke go fedisa bothokgami jwa bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ba ikanyegang ka go ba tlhasela ka tlhamalalo. Ka jalo, o dirisa mekgwa efe e mengwe ya botlhajana? Tshenolo 12:12 e bolela jaana kaga metlha eno ya bofelo: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.” E re ka a paletswe ke go fedisa batho ba Modimo ba ba ikanyegang ka dipogiso, o leka ka bogale go ganyaola batho botlhe, kwantle ga pelaelo a ikaeletse go senya batho ba ga Jehofa mmogo le bone. Ka jalo mokgwa o go tweng ke go fetsa batho losika o ile wa dirisiwa mo dikarolong tsa se pele e neng e le Yugoslavia, mme go ne ga dirwa maiteko a go fedisa ditlhopha tsa batho ba ba rileng kwa Liberia, Burundi, le Rwanda.

9. Ke ka ntlha yang fa gantsi maano a ga Satane a tlholega? Ntsha dikai.

9 Lefa go ntse jalo, gantsi maretshwa a ga Satane ga a diragatse se mong wa one a neng a se ikaeletse, ka gonne go tlhokofadiwa ke Satane go dira gore batho ba ba dipelo di ikanyegang ba lemoge gore tsholofelo e le yosi e ba nang le yone e mo Bogosing jwa Modimo, jo Basupi ba ga Jehofa ba rerang ka jone ba tlhagafetse. (Mathaio 12:21) Eleruri batho ba ba kgatlhegang ba oologela kwa Bogosing! Ka sekai, kwa Bosnia le Herzegovina tse di kgautlhantsweng ke mekubukubu, go ne ga tla batho ba le 1 307 kwa moletlong wa Segopotso sa loso lwa ga Jesu ka March 26, 1994, ba feta palo ya ngogola ka 291. Go ne ga nna le ditlhora tsa batho ba ba neng ba le teng kwa Sarajevo (414), Zenica (223), Tuzla (339), Banja Luka (255), le kwa ditoropong tse dingwe. Kwa Croatia e e fa gaufi go ne ga nna le tlhora e ntšha ya ba ba neng ba le teng ya 8 326. Thubakanyo e e neng e direga fa gaufi ga e a ka ya thibela Basupi ba ga Jehofa kwa dinageng tseo gore ba utlwe taolo ya gore ‘ba nne ba bolela loso lwa Morena a tsamaye a tle.’—1 Bakorinthe 11:26.

Kwa Rwanda e e Kgautlhantsweng ke Mekubukubu

10, 11. (a) Go ile ga diragala eng kwa Rwanda e go tweng ke naga ya Bokeresete? (b) Barongwa ba ba ikanyegang ba ile ba reng?

10 Batho ba le 4 075 ba ne ba tla Kopanong ya Kgaolo ya “Thuto ya Bomodimo” ka 1993 kwa Rwanda, e e nang le baboledi ba Bogosi ba le 2 080, mme ga kolobediwa batho ba le 230. Ba le 142 mo go bano ba ne ba ikwadisetsa tirelo ya bobulatsela jo bo thusang gone fela foo. Dithuto tsa magae tsa Baebele tse di neng di tshwarwa di ne tsa tlhatlogela go 7 655 ka 1994—kwantle ga pelaelo palo e kgolo eno ya se ka ya itumedisa Satane! Merafe e ne ya simolola go ganyaolana, le mororo bontsi jo bogolo jwa batho mo nageng eno ba ipolela gore ke Bakeresete. L’Osservatore Romano ya Vatican e ne ya dumela jaana: “Seno ruri ke go leka go fedisa setlhopha se se rileng sa batho mme ka maswabi le Bakatoliki ba tsentse letsogo.” Go fopholediwa gore go tlhokafetse banna, basadi, le bana ba ba ka tshwarang halofo ya milione, mme ba ba ka nnang dimilione tse pedi ba ne ba sala ba sena magae kana ba tlamega go inaya naga. E re ka ba ne ba tshegeditse boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete ka go sa tsenelele mo thubakanyong, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba leka go nna ba le mmogo. Go ne ga bolawa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba le makgolokgolo. Mme mo phuthegong nngwe ya baboledi ba Bogosi ba le 65, koo go neng ga bolawa ba le 13, palo ya ba ba nnang gone kwa dipokanong e ne ya oketsega ya fitlha go 170 ka August 1994. Dilwana tsa namolo tse di neng di tswa kwa Basuping ba kwa dinageng tse dingwe e ne ya nna dingwe tsa tse di gorogileng pele. Re rapelela ba ba setseng.—Baroma 12:12; 2 Bathesalonia 3:1, 2; Bahebere 10:23-25.

11 Barongwa ba bararo ba ba neng ba le kwa Rwanda ba ne ba tswa ka letshoba la mogodu mo matlhotlhapelong ao. Ba kwala jaana: “Re itse gore bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe ba ile ba tshwanelwa ke go lebana le maemo a a tshwanang le ano le a a maswe go a feta, gape re itse gore gotlhe mo ke karolo ya sesupo sa metlha ya bofelo ya tsamaiso eno e e boikepo. Lefa go ntse jalo, fa motho a le mo go one ka namana, seno se dira gore a lemoge ka botlalo kafa dilo di ntseng ka teng mme se dira gore a tlhaloganye kafa botshelo bo leng tlhwatlhwakgolo thata ka gone. Dikwalo dingwe di setse di le botlhokwa mo go rona ka tsela e ntšha, mme re lebile pele kwa nakong e ka yone dilo tsa pele di se kitlang di tlhola di gakologelwa. Gone jaanong re batla go nna re tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa.”

Babolokabothokgami ba Basha

12, 13. (a) Mosha mongwe o ne a boloka bothokgami ka tsela efe? (b) Basha ba rona ba ka bona kae kgothatso gompieno?

12 Jesu o ne a bolela gore batho ba ba latlhilweng ke ba malapa a bone ka ntlha ya boammaaruri ba tla duelwa “ga lekgolo.” (Mareko 10:29, 30) Go ne ga nna jalo ka Entellia, mosetsana mongwe wa dingwaga di le lesome kwa Afrika Bokone, yo o neng ya re fela fa a utlwa leina la Modimo—Jehofa—a le rata. O ne a ithuta le Basupi ba ga Jehofa mme a tsamaya metsotso e le 90 fa a ya dipokanong le fa a boa, lefa a ne a fitlhela ba lelapa la gagwe ba ba neng ba mo ganetsa ba mo tswaletse kwa ntle fa a boa. Fa a na le dingwaga di le 13, o ne a simolola go rera ka ntlo le ntlo, mme ba lelapa la ga bone ba ne ba mo ganetsa le go feta pele. Letsatsi lengwe ba losika ba ne ba mmofa diatla le maoto ba bo ba mo robatsa kwantle ka diura di le supa letsatsi le lela, ba etla ba mo tshela ka metsi a a leswe. Ba ne ba mo itaya mo go setlhogo, ba bo ba mmolaya leitlho le lengwe, kgabagare ba mo koba mo gae. Lefa go ntse jalo, o ne a bona tiro mo kokelong mme kgabagare a nna mooki yo o ithutetseng tiro eo. O ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 20 mme gone fela foo a ikwadisetsa go nna mmulatsela yo o thusang. Ba lelapa la gagwe ba ne ba kgatlhiwa thata ke go bo a bolokile bothokgami jwa gagwe, mme ba mo amogetse gape mo legaeng la bone, mme ba le robongwe mo go bone ba dumetse go tshwarelwa dithuto tsa magae tsa Baebele.

13 Entellia o ne a kgothadiwa thata ke Pesalema 116, bogolo jang ditemana 1-4, tse a neng a di bala kgapetsakgapetsa: “Ke rata Jehofa, gonne o utlwile lentswe la me, le mekokotlelo ya me. Ka a ntshekegetse tsebe ya gagwe, ke gone ke tlaa nnang ke mmitsa ka ke sa ntse ke tshedile. Dikgole tsa loso di ne di ntsentse gare, matlhoko a Bobipo a ntshwere; ka bona tlalelo le bohutsana. Foo ka bitsa leina la ga Jehofa; ka re: ‘Jehofa, ke a go rapela, golola mowa wa me.’” Jehofa o araba dithapelo tse di ntseng jalo!

14. Basupi ba kwa Poland ba ile ba bontsha bothokgami jang ka tsela e e tlhomologileng?

14 Fela jaaka mo motlheng wa ga Jesu, Satane gantsi o dirisitse go iwa ke bodumedi tlhogong go kgotletsa pogiso—mme ga a a atlega. Sekai se se tlhomologileng ke sa bakaulengwe ba rona ba kwa Poland, jaaka se tlhalositswe go 1994 Yearbook of Jehovah’s Witnesses. Basha le bone ba ne ba tshwanelwa ke go itshupa gore ke babolokabothokgami. Ka 1946 mongwe wa bone yo e neng e le mosetsana wa dingwaga tse 15 o ne a bolelelwa jaana: “Wena dira fela letshwao la Bakatoliki la sefapaano. Eseng jalo o a thuntshiwa!” E re ka a ne a boloka bothokgami, o ne a gogelwa mo sekgweng, a bogisiwa mo go setlhogo, a bo a thuntshiwa.—Bapisa Mathaio 4:9, 10.

Maano a Mangwe a Boferefere a ga Satane

15, 16. (a) Mokgwa wa ga Satane wa bodimona ke ofe, mme re ka mo lwantsha jang? (b) Ke ka ntlha yang fa go sa tlhokege gore basha ba rona ba kgotswe?

15 Mokgwa wa ga Satane wa bodimona tota ke “go busa, eseng jalo go senya”! O na le dibetsa di le dintsi tse di setlhogo tse a ka di dirisang. Ga go gakgamatse he, go bo moaposetoloi Paulo a tlhagisa jaana: “Gonne ga re lwe le nama le madi, mme re lwa le magosana, le bathata, le babusi ba lefatshe le le lefifi le, le masomosomo a mewa ya boikepo mo mannong a selegodimo. Ke gone, lo tseyeng dibolao tsotlhe tsa Modimo, gore lo itse go ema mo motlheng wa bosula, le gore, lo sena go dira gotlhe, lo bo lo ntse lo eme.” (Baefeso 6:12, 13) Go eletsa dilo tse di bonalang, boitlosobodutu le tshedimosetso e e anamisiwang ya boitsholo jo bo sa siamang, mmino wa kobamelo ya ga Satane, go gatelelwa ke balekane kwa sekolong, go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, le botagwa—sengwe le sengwe fela sa dilo tseno se ka senya matshelo a rona. Ka jalo, moaposetoloi o tswelela pele a gakolola jaana: “Mo godimo ga tsotlhe lo bo lo tseye thebe ya tumelo e e leng yone lo tlaa itseng go tima metswi yotlhe e e molelo ya yo o bosula ka yone.”—Baefeso 6:16.

16 Seno se lebega se tlhokega tota gompieno segolobogolo ka ntlha ya mmino o o sa tlwaelegang o Satane a o tladitseng mo lefatsheng leno. Mo makgetlhong mangwe o amana ka tlhamalalo le Kobamelo ya ga Satane. Pego nngwe e e neng e tswa kwa ofising ya ga ramelao kwa San Diego County (U.S.A.) e ne ya bolela jaana: “Re ne ra nna le konsarata fano e setlhopha sa yone se neng sa dira gore 15 000 ya thaka e tshesane e nne e tlhabe mokgosi e re ‘Natas’—ke gore, lefoko Satan, fa le peletwa go tswa kwa morago.” Bangwe ba ile ba tlhalosa Kobamelo ya ga Satane e le lefuti le basha bangwe ba kgopiwang ba bo ba wela mo go lone “ka gonne ba ntse ba sasankega ba itlhobogile, ba tenegile gape ba le mo bodutung.” Lona basha ba ba mo phuthegong ya Bokeresete, ga lo tlhoke go kgopiwa! Jehofa o lo neela dibetsa tsa semoya tse metswi ya ga Satane e se kitlang e kgona go di phunyeletsa le ka motlha.—Pesalema 16:8, 9.

17. Go tshwenyega thata mo maikutlong go ka fenngwa jang?

17 Metswi e e tukang ya ga Satane e dirilwe gore e kgone go laola maikutlo. Mmaba wa rona o ka nna a dira gore bangwe ba ikutlwe ba sena mosola a dirisa dikgatelelo tsa botshelo, tse di jaaka go lwala mo mmeleng kana go tshwenyega thata mo maikutlong. Motho a ka nna a kgobega marapo ka gonne a sa kgone go dira diura di le dintsi mo tirelong ya Modimo kana ka gonne a sa kgone go nna teng kwa dipokanong dingwe tsa phuthego. Fa bagolwane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ba pelonomi ba bontsha tlhokomelo ka lorato, ba ka nna ba thusa go fenya mathata a a bokete. O nne o gakologelwa gore Jehofa o rata batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (1 Johane 4:16, 19) Pesalema 55:22 e tlhalosa jaana: “Latlhela morwalo wa gago mo go Jehofa, mme o tla go kokotletsa; ga a ketla a leseletsa mosiami gope go tshikinngwa.”

18. Batho ba bangwe ba tshwanelwa ke go lwa le maano afe a ga Satane?

18 “Maano” a a boferefere a ga Satane a ile a tla ka tsela e nngwe gape bosheng jaana. Mo dinageng dingwe batho ba le bantsi ba ba godileng ba ile ba tlhorontshiwa ke dikakanyo tse di tshwenyang tsa gore fa ba ne ba le bana ba ne ba dirisiwa ka tsela e e seng ya tlholego ya tlhakanelodikobo ke ditlhopha tsa kobamelo ya ga Satane. Dikakanyo tse di ntseng jalo di tswa kae? Lefa go dirilwe patlisiso e e boteng, baitseanape ga ba dumelane ka megopolo gotlhelele. Ba bangwe ba akanya gore dikakanyo tseo ke go gakologelwa dilo tsa mmatota tse di diragetseng, ba bangwe ba akanya gore ke dikakanyo fela—gongwe di rotloeditswe ke go alafiwa tlhaloganyo ka tsela e e belaetsang—mme ba bangwe gape bone ba akanya gore ke mofuta wa dipono tse di bakwang ke tiragalo nngwe e e botlhoko ya fa ba ne ba sa le bana.

19. (a) Jobe o ne a tshwanelwa ke go itshokela dikakanyo dife? (b) Bagolwane ba ka latela sekao sa ga Elihu jang?

19 Re ela tlhoko gore motlhanka wa Modimo Jobe o ne a tshwanelwa ke go itshokela ‘megopolo e e tshwenyang’ eo Satane a neng a e tsenya mo go ene a dirisa Elifase le Sofare. (Jobe 4:13-18; 20:2, 3) Ka jalo Jobe o ne a nna le “matshwenyego,” mme seo sa felela ka gore ‘mafoko a gagwe a phomesegele fela’ kaga “ditheregiso” tse di neng di mo tshwenya mo mogopolong. (Jobe 6:2-4; 30:15, 16) Elihu o ne a reetsa Jobe ka tidimalo go tswa foo a mo thusa ka bopeloephepa gore a bone kafa Jehofa a lebang dilo ka tsela e e botlhale ka gone. Gompieno le gone, bagolwane ba ba akanyetsang ba bontsha gore ba amega ka ba ba mo botlhokong ka go sa ba okeletse “kgatelelo.” Go na le moo, ba tshwanetse go ba reetsa ka bopelotelele, fela jaaka Elihu, ba bo ba ba tshasa lookwane lo lo lapolosang lwa Lefoko la Modimo. (Jobe 33:1-3, 7; Jakobe 5:13-15) Ka jalo mongwe le mongwe yo o tshwenyegang mo maikutlong ka ntlha ya ditiragalo dingwe tse di botlhoko, lefa e ka tswa e le boammaaruri kana e le se se ikakanyediwang fela, kana yo o ‘tshosiwang ke ditoro, le diponatshegelo’ jaaka Jobe, a ka bona kgomotso e e lapolosang ya Dikwalo mo phuthegong.—Jobe 7:14; Jakobe 4:7.

20. Bakeresete ba ba tshwenyegileng mo maikutlong ba ka thusiwa jang gore ba se ka ba reketla semoyeng?

20 Gone jaanong Mokeresete o ka tlhomamisega gore, ka tsela nngwe, Satane ke ene a tlhotlheletsang dikakanyo tseno tse di bosula. Fa bangwe mo phuthegong ba tshwenyega ka tsela eno, go tla bo go le botlhale gore ba lebe dikakanyo tseno tse di tshosang jaaka maiteko a ga Satane ka tlhamalalo a go ba reketlisa semoyeng. Batho bano ba tlhoka go tlhaloganngwa le go tshegediwa ka bopelotelele ka Dikwalo. Fa batho ba ba tshwenyegang ba ya kwa go Jehofa ka thapelo le go sola bodisa jwa semoya molemo, ba tla bona bogolo jo bo leng bogolo thata jwa nonofo. (Isaia 32:2; 2 Bakorinthe 4:7, 8) Ka jalo ba tla kgona go itshoka ka boikanyegi mme ba gane go letla megopolo e e sa batlegeng e e bosula gore e ame kagiso ya phuthego. (Jakobe 3:17, 18) Ee, ba tla kgona go ganetsa Diabolo, ba bontsha moya o o tshwanang le o Jesu a neng a o bontsha fa a ne a re: “Tloga o ye koo Satane!”—Mathaio 4:10; Jakobe 4:7.

21. Dikwalo di re tlhagisa jang kaga mekgwa ya ga Satane ya boferefere?

21 Re itse gore maikaelelo a ga Satane ke go senya megopolo ya rona ka tsela nngwe, jaaka moaposetoloi Paulo a ne a tlhagisa jaana mo go 2 Bakorinthe 11:3: “Ke a boifa, gore e se re kgotsa motlha mongwe, jaaka noga e tsieditse Efa ka boferefere jwa yone, pelo tsa lona tsa senyega jalo, tsa kgaogana le tshiamo le boitsheko jo bo ntlheng ya ga Keresete.” Tsela e nama yotlhe kana setšhaba sa batho se se tlhanogetseng Modimo se senyegileng ka yone gompieno e re gakolola ka tshenyego e e bakilweng ke “Badigi” ba ba sa siamang e bile ba rata ntwa ba ba neng ba na le batsadi ba ba sa tshwaneng ba motlha wa ga Noa. (Genesise 6:4, 12, 13, ntlhanyana e e kwa tlase go NW; Luke 17:26) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Satane a dirisa ditiro tsa botlhajana le mekgwa ya boferefere go supa bogale jwa gagwe, bogolo jang kgatlhanong le batho ba Modimo.—1 Petere 5:8; Tshenolo 12:17.

22. Re ka solofela go bona masego afe fa Satane a setse a tlositswe?

22 Satane ga a umakiwe le go umakiwa mo dikgaolong tse di konelang tsa buka ya Baebele ya Jobe. Bothokgami jwa ga Jobe bo ne bo bontshitse gore kgwetlho ya ga Satane e e bosula ya gore batho ba ka se kgone go boloka bothokgami go Modimo e phoso. Ka tsela e e tshwanang, mo isagweng e e fa gaufi fa “boidiidi jo bogolo” jwa babolokabothokgami bo sena go ‘tswa mo pitlaganong e kgolo,’ Satane o tla tsenngwa mo moleteng. Banna le basadi ba tumelo, go akaretsa Jobe yo o ikanyegang, ba tla kopana le ‘boidiidi joo jo bogolo,’ gore ba itumelele masego a paradaise, a magolo go feta a a neetsweng Jobe!—Tshenolo 7:9-17; 20:1-3, 11-13; Jobe 14:13.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona 1992 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, tsebe 177.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Jobe, Jesu, le Paulo ba ne ba tlhoma dikao dife tse di molemo tsa go boloka bothokgami?

◻ Babolokabothokgami ba ile ba tlhabana le Satane jang?

◻ Basha ba ka ganana jang le maretshwa a ga Satane?

◻ Go ka dirwa eng go emelana le maano a ga Satane?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Meswat le Yoalan ba kwa Ethiopia jaanong ba direla Jehofa ka nako e e tletseng ba latela sekao sa ga rraabone, yo o neng a bolawa

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Entellia, mmolokabothokgami wa mosha kwa Afrika Bokone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela