LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/02 ts. 7
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Re Tlhoka Phuthego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Mekgwa ya go Rera Dikgang Tse di Molemo
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 11/02 ts. 7

Lebokoso la Dipotso

◼ Ke melemo efe e re e bonang fa re kopanela le phuthego e e abetsweng tshimo e re nnang mo go yone?

Re bona kgothatso e e ‘re tlhotlheletsang mo loratong le mo ditirong tse di molemo’ mo phuthegong. (Baheb. 10:24, 25) Ka phuthego re ithuta boammaaruri le go thusiwa go dira tiro ya rona ya go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) Gape re nonotshiwa gore re kgone go itshokela diteko ka boikanyegi e bile re na le balebedi ba ba lorato ba ba ka re thusang go lepalepana ka katlego le mathata le ditlhobaelo tse di ntseng di oketsega. Ga go pelaelo gore phuthego e ka re thusa thata gore re nonofe semoyeng. Le fa go ntse jalo, a go na le mesola mengwe fa re kopanela le phuthego e e abetsweng tshimo e re nnang mo go yone?

Maemo a batho ga a tshwane, mme dilo tse di jaaka tiro ya boitshediso, molekane yo o sa dumeleng le maemo a dipalangwa di ka ama tshwetso e motho a e dirang mo kgannyeng eno. Mme gone, go na le mesola ya semoya le e mengwe e motho a e bonang ka go kopanela le phuthego e e abetsweng tshimo e a nnang mo go yone. Bagolwane ba ka kgona go ikopanya le baboledi botlhe ka bonako fa go tlhaga maemo a tshoganyetso. Mabokoso a Dipotso a a fetileng a ne a gatelela mesola e mengwe e le mmalwa.—August 1991 (CD-ROM May 1991), April 1976 (CD-ROM March 1976) le February 1967 (CD-ROM January 1967).

Gantsi go mosola go ya dipokanong tse di fa gaufi ka gonne go re thusa go fitlha nako e sa ntse e le teng gore re kgone go tlotla le batho ba bangwe, go dira dilo tse di tlhokegang le go nna le seabe fa go opelwa pina e e simololang le fa go rapelwa thapelo e e bulang. Fa re nna gaufi le batho ba ba kgatlhegang, gantsi go nna motlhofo go ya kwa go bone, go ba tshwarela dithuto tsa magae tsa Baebele le go ba laletsa go tla dipokanong tse ba leng gaufi le tsone.

Re solofela gore ditlhogo tsa malapa di tla akanyetsa kgang eno ka thapelo, ba sekaseka mabaka otlhe a a amegang ka kelotlhoko fa ba swetsa gore ke eng se se siametseng malapa a bone semoyeng le senameng.—1 Tim. 5:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela