LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • Ke Ka Ipaakanyetsa Jang Tiro ya Boitshediso?
    Tsogang!—1992 | January 8
    • Basha ba Botsa Jaana . . .

      Ke Ka Ipaakanyetsa Jang Tiro ya Boitshediso?

      “KE IKUTLWA ke tshogile ebile ke itumetse thata!” Go ne ga bolela jalo Maureen yo o nang le dingwaga di le 16 ka nako ya fa a ne a bodiwa gore o ne a ikutlwa jang fa a akanya ka letsatsi la fa a tla bo a batla tiro ya boitshediso. Ke ga tlholego fela gore bobotlana o ikutlwe o garoga pelo fa o akanya ka go batla tiro ya boitshediso—le eleng lefa o itse sentle kafa e gwetlhang ka teng. René yo mmotlana o ne a bolela jaana pele fela ga fa a fetsa sekolo: “Morago ga dingwaga di le 12 tsa go sikarisiwa morwalo wa go tsena sekolo, tiro e tla bo e le selo se se ipedisang fela thata.”

      E ka ne maikutlo a gago e le afe, ga go na pelaelo epe gore letsatsi lengwe o tla bona tiro eo mo go yone o tla bong o dira jaaka mongwe wa badiri bao ba thapelwang go dira tiro ya mofuta mongwe le mongwe. O ka ipaakanyetsa jang letsatsi leo? Go tsena sekolo go go naya tshono ya gore o nne le mekgwa e mentle, e e ntseng jaaka go goroga ka nako. Mo godimo ga moo, basha bao ba santseng ba tsena sekolo ba ka nna ba nna le maitemogelo ka go dira ditiro tseo e seng tsa letsatsi lotlhe. Lefa go ntse jalo, gore o ipaakanyetse tiro ya boitshediso sentle, go botlhokwa thata gore o akanye ka masisi kaga dithuto tseo o di tlhophang kwa sekolong.

      Go Leba Tiro ka Tsela E E Lekalekaneng

      Sa ntlha, o tshwanetse gore o sekaseke gore tota ke eng se o batlang go se fitlhelela ka go bereka. Basha bangwe ga ba akanye sepe kaga gore ba tlile go bona madi a a kana kang. Gone ke boammaaruri gore “madi ke phemèlō” ebile a botlhokwa mo botshelong. (Moreri 7:12) Mme lefa go ntse jalo Bibela e boammaaruri fa e bolela gore “botshèlō yoa motho ga boa èma mo letlotloñ ya dithoto tse o nañ nacō.” (Luke 12:15) Mo bukeng e e reng Yes—I Can! e e kwadilweng ke Barkai, bakwadi ebong Barkai le Yeo ba gakolola jaana: ‘O se ka wa wela mo seraing sa go batla fela go boelwa ke madi a le mantsi.’ Ba oketsa jaana: “Go kgotsofadiwa ke tiro ke selo se se botlhokwa fela gore motho a tle a itumele mo isagweng.” Ka gone Paulo yo o nang le dingwaga di le somesupa o ne a bontsha tekatekano fa a ne a bolela jaana: “Ke tla rata fela gore ke amogele madi a a lekaneng mme ke ipelela seo ke se dirang.”

      Lefa go ntse jalo, fa e le gore o Mokeresete, go santse go na le dilo tse dingwe tseo o ka akanyang ka tsone. Tota le eleng mofuta wa tiro eo e ipedisang go di gaisa tsotlhe, e e kgatlhisang ga e ka ke ya go naya selo se o se tlhokang semoyeng. O tshwanetse wa gakologelwa gore “chwanèlō eotlhe ea motho” ke go “boiha Modimo, u bo u tshegetsè ditaolō tsa ōna.” (Moreri 12:13) Ereka taolo ya Modimo mo Bakereseteng e le go “diha barutwa,” Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba babotlana ba rulaganyetsa mekgele ya botshelo jotlhe ya go dira jaaka babulatsela, kana bareri ba nako e e tletseng. (Mathaio 28:19, 20) Mosetsana mongwe wa mo Afrika Borwa yo o bidiwang Shulamite o dirile fela jalo. Ebile o bolela gore seno se mo tlisetsa “kgotsofalo e e seng kana ka sepe ya go thusa mo go neyeng batho dilo tsa semoya tseo ba di tlhokang.”

      Gongwe le wena o eletsa go nna le seabe mo bodiheding jwa nako e e tletseng. Mme lefa go ntse jalo, go ka nna ga diragala gore o tshwanelwe ke go bereka gore o itlamele. O ka nna wa tshwanelwa le eleng ke gore letsatsi lengwe o tlamele lelapa. Kafa letlhakoreng le lengwe, maemo a ka nna a se ka a go letla gore o nne mmulatsela, ebile o ka nna wa tshwanelwa ke go batla tiro ya letsatsi lotlhe. Lefa go ntse jalo, a o ne o se kitla o batla go bona tiro e e neng e ka go letla gore o nne le seabe ka botlalo ka mo go neng go ka kgonega ka gone mo go direleng Modimo? Dilo di le dintsi di tla ikaega ka gore ke dithuto dife tseo o di tlhophang kwa sekolong.

      Tlhopha Dithuto Tse Di Siameng

      Kwa dinageng dingwe mosha a ka nna a tlhopha fa gare ga thuto e e kwa godimo, thuto ya kgwebo, ya botaki, le thuto ya tiro ya diatla. Gantsi go botlhale go sekaseka gore ke mefuta efe ya tiro eo e leng gone mo lefelong leo o nnang mo go lone. Ebile gape, o ka nna wa sekaseka go bona gore ke dilo dife tseo o kgonang go di dira sentle ka botswerere le gore ke dilo dife tse o di kgatlhegelang. O ka dira seno jang? Ka go kwala lenaane la dilo tsotlhe tseo o di kgatlhegelang kana tseo o di kgonang. A ke thuto ya dipalo? Saense ya khomputara? Go thula dikoloi? Akaretsa le ditiro tse o di dirang fela go intsha bodutu fela mmogo le dilo tse dingwe tseo o di kgatlhegelang eseng go le kalo. Seno se tla go naya bobotlana lesedinyana la go bona gore ke tiro ya mofuta ofe eo e ka go tshwanelang go di gaisa tsotlhe le gore ke dithuto tsa mofuta ofe tseo di ka go thibelang go bona tiro eo. Gape, go buisana le batsadi ba gago kana le bagolo ba bangwe ba ba nang le maitemogelo go ka nna ga go thusa gore o sekaseke go bona gore ke dilo dife tseo o kgonang go di dira ka botswerere le gore totatota ke dilo dife tse o di ratang.—Bapisa Diane 15:22.

      Ka sekai, a o motho yo o botsalano? He gongwe o ne o tla batla go akanyetsa ka ga go tlhopha dithuto tseo di neng di tla dira gore o bone tiro mo marekisetsong kana mo ditirong tse dingwe tseo di neng di tla go tlhoka gore o dirisane gaufi thata le batho ba bangwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa e le gore o setswerere sa go bereka ka diatla, o ka nna wa batla go akanyetsa kaga go tlhopha thuto ya tiro ya diatla. Lefa go ntse jalo, baefangele ba le bantsi ba nako e e tletseng ba itlamela ka ditiro tsa diatla tse ba neng ba simolola go di ithutela kwa sekolong se segolo (sa bogareng). Bangwe ba bone tiro eo e seng ya letsatsi lotlhe moo go agiwang gone, koo go baakangwang dilo tsa motlakase gone, koo go betliwang ka logong gone, ba bopa dilwana kwa gae ba bo ba di rekisa, koo go dirwang tiro ya botlanyi gone, kana tiro ya bokwaledi.

      Mosadi yo mmotlana ebong Damaris yo o tswang kwa Colombia e leng kwa South America, o ne a solegelwa molemo fela thata ke go tlhopha tiro ya botlanyi le ya go berekana le diakhaoto tsa kgwebo. O ne a bona tiro eo e seng ya letsatsi lotlhe ya bokwaledi eo e neng ya tshegetsa mokgele wa gagwe wa botshelo jotlhe wa boefangele. Bakeresete bangwe ba ne ba itlamela ka dilo tseo ba di tlhokang ka go dira tiro ya go phepafatsa, ya go dira mo ditshingwaneng, le tse dingwe.

      Ka Nako ya Fa go Sena Dithuto Tse Dingwe Tseo O Ka Di Tlhophang

      Lefa go ntse jalo, ga se dikolo tsotlhe tseo di ka kgonang go go thapisetsa tiro ka tsela e e lekaneng; dingwe ebile ga di kgone go ruta barutwana bao ba tsenang mo go tsone ditsela tsa motheo tsa go kgona go bala le go kwala sentle. Mo mafelong a a rileng motho a ka tlhoka gore a ithute sengwe gape gore a kgone go bona mofuta ope fela wa tiro. Kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo, o ka nna wa batlisisa go bona gore a mo lefelong leo o nnang mo go lone a go na le dithulaganyo tsa gore o ka kgona go bona tiro e o tla thapisiwang o ntse o dira. Selo se sengwe gape se o ka se tlhophang ke thuto ya sekolo eo e tsayang lobaka lo lokhutshwane eo e rutiwang motho gore a nne le botswerere jwa go bereka ka diatla tsa gagwe eo e ka dirang gore a kgone go bona tiro. Se se kgatlhang ke gore bangwe ba tlhophile thuto e e ntseng jalo mo godimo ga tiro ya bone jaaka baefangele ba nako e e tletseng.

      Basha ba kwa dinageng tse di tlhabologang ba ka nna ba fitlhela gore ke dithuto di sekae fela tsa sekolo tseo ba ka di tlhophang le gore go na le dikolo di sekae fela tseo ba tlhophang go tsena kwa go tsone. Katiti ebong lekawana go tswa kwa motseselegaeng o o kafa borwa jwa Afrika, o ne a sena sepe seo a neng a ka se tlhopha fa e se go ithuta puo ya Selatine, dipalo, le physical science, le eleng lefa dithuto tse di ntseng jalo di ne di sena mosola o o kalokalo ka nako ya fa a ne a batla tiro mo lefelong leo a neng a nna mo go lone. Lefa go ntse jalo, Katiti o ne a kgona go bona tiro. Jang? Ka go dirisa botswerere jo a neng a na najo go dira dilo tseo di neng di tlhokega mo lefelong leo. Ka nako ya fa Katiti a ne a tlogela sekolo, o ne a itlamela ka go lema merogo le go e rekisa, ka go loga dikhafo le dikepisi tsa boboya a bo a di rekisa, le eleng le ka go rekisa melemo e o sa tlhokeng tetla ya ngaka pele go e bona, a di rekisa kwa metseng ya kwa gae. Ka ntlha ya go bo a ne a ithutile ditsela tse di molemo thata tse di tlhokegang tsa go buisana le batho ba bangwe, o ne a kgona go atlega go dira ditiro tseno tse di farologaneng tse di kgatlhang.

      Buka ya Choosing Your Career and Your Higher Education e bolela gore botswerere jwa “go buisana le ba bangwe, jwa go tlhaloganya le go tlhaloganngwa bo botlhokwa fela thata” kwa tirong. Ditiro di le dintsi, e ka ne e le tsa go bereka ka diatla, tsa kgwebo, kana tsa thuto e e kwa godimo, ke tseo di tlhokang gore motho a bo a kgona go buisana le ba bangwe ka botswerere. Ka gone le eleng lefa sekolo seo o se tsenang se sena thuto e e kgethegileng e e amanang le tiro, dira ka natla gore o nne setswerere mo go kwaleng, mo go bueng, le mo go reetseng. Tsela eo o dirang gore motho yo o ka nnang a go thapa mo isagweng a akanye ka yone e tla ikaega segolo thata ka tsela e o kgonang go buisana le ba bangwe ka yone ka botswerere; ga go na pelaelo epe gore tsela eno ke yone e e tla dirang gore o kgone go bona tiro eo o e batlang. Mo Basuping ba ga Jehofa, basha ba le bantsi ba tokafaditse tsela ya bone eo ba buisanang le ba bangwe ka yone ka go nna le seabe mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo mo phuthegong ya Bokeresete.

      Go Ithontsha Dilo Tse Dingwe

      Buka ya Your Child At School e akgela jaana: “Ga re a dirwa ka tsela e e tshwanang rotlhe.” Basha bangwe ba rata tiro ya diatla fela thata, fa ba bangwe bone ba rata thuto e e kwa godimo thata. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba abetswe dineo le botswerere jwa go opela, go dira tiro ya botaki, kana go thuba lobelo. Selo se sengwe gape ke go itlamela jaaka motho yo o takang dilo a bo a di rekisa, kana jaaka morutisi wa mmino, mme lefa go ntse jalo go gagamalela khumo le go batla go itsege thata mo ditirong tse di ntseng jalo go ka gobatsa Mokeresete semoyeng. Mo godimo ga moo, ereka ditiro tse di ntseng jalo di ka nna tsa dira gore o se ka wa nna le nako e e lekaneng ya go dira ditiro tsa Bokeresete tse di jaaka go nna gone kwa dipokanong le go nna le seabe mo tirong ya go rera, a go ne go tla bo go le botlhale go senya dingwaga di le dintsi o bapala thuto e e kwa godimo le go tlhagolela botswerere jo bo tlhokegang fela gore o di kgone?—1 Bakorintha 7:29.

      Mosupi yo mmotlana yo o bidiwang Philip o ne a leka go gagamalela mokgele wa botshelo jotlhe wa go tshameka thenese e le mokgele o go bonalang o ne o tla mo solegela molemo eletota. “Kgabagare,” go bolela jalo Philip, “ke ne ka tshwanela ke gore ke tlhophe fa gare ga Bokeresete le motshameko wa thenese. Tota go ne go sena nako e e lekaneng ya gore ke dire ditiro tse pedi tseno ka botlalo. Ke ne ka swetsa ka gore ke tlogele go tshameka thenese, lemororo go ne go se motlhofo ka nako eo, ga ke ise ke bo ke tsamaye ke ikwatlhaele go bo ke ne ka dira jalo.”

      Moaposetoloi Paulo o ne a dira tshwetso e e tshwanang le eo. Lefa e ne e le serutegi tota mo go tsa molao, o ne a tlhopha go gagamalela bodihedi jwa Bokeresete, a itlamela ka tiro ya diatla ya go dira ditente. (Ditihō 18:3; 22:3) Mme lefa go ntse jalo Paulo ga a ka a ikwatlhaya malebana le seo a ileng a se tlhopha. O ne a bolela jaana: “Dilō tse di neñ di le thushō mo go nna, ke cōna tse ke di kaileñ ha di ntatlhegetse ka ntlha ea ga Keresete. . . . Ke latlhegecwe ke dilō cotlhe ka ntlha ea gagwè, mme ke di kaea malele hèla, gore ke tlè ke bōnè Keresete.”—Bafilipi 3:7, 8.

      Gongwe le wena o tla tlhotlheletsega gore o tlhophe dilo tse di tshwanang le tseno. Go na le gore o batle thuto e e kwa godimo, go nna setswerere mo mminong, mo tirong ya botaki, o ka nna wa swetsa ka gore o tlhagolele go nna setswerere mo dilong tsa semoya. Seno se ka nna sa kaya go ithuta tiro nngwe ya diatla kana mofuta mongwe wa tiro oo batho ba le bantsi ba o lebang jaaka tiro e e sa itumediseng. Ka dinako tse dingwe mosha a ka nna a ithuta tiro ya diatla ka go bereka mmogo le batsadi ba gagwe, gongwe a ithuta go betla ka logong, go tsenya diphaephe, kana tiro nngwe fela ya diatla e e ntseng jalo.

      Ekane e le tshwetso efe e o e tsayang malebana le seno, akanya ka isagwe ya gago. Tlhopha dithuto tsa gago tsa sekolo ka botlhale le gone ka kelotlhoko. Ka thuso ya Modimo, o tla bo o siametse tiro ya boitshediso ka botlalo!

  • Go Tweng Fa E le Gore Batsadi ba Me Ga Ba Ntshegetse mo Tumelong ya Me?
    Tsogang!—1992 | January 8
    • Go Tweng Fa E le Gore Batsadi ba Me Ga Ba Ntshegetse mo Tumelong ya Me?

      BASHA ba le bantsi ba Bakeresete ba na le batsadi bao ba sa dumelang. “Ke nna fela yo ke ithutang Bibela kwa lelapeng la ga etsho,” go bolela jalo mosetsanyana mongwe yo o nang le dingwaga di le 12. “Ebile mmè o batla gore ke tlogele go e ithuta.” Ba bangwe ba na le batsadi bao ba sa eteleleng pele mo dilong tsa semoya. Maemo ano e ka nna teko ya mmatota go mosha yo o peloephepa yo o batlang go direla Modimo.

      Go boima tota go leka go nna Mokeresete wa boammaaruri fa batsadi ba gago ba sa go thuse ebile ba sa go kgothatse. Mme lefa go ntse jalo o ka kgona! Dikai di le dintsi tsa nako e e fetileng le tsa gompieno di tlhomamisa seno.

      Basha Ba Ba Ikanyegang mo Metlheng ya Bibela

      A o ko o akanye ka Abele eleng morwa wa batho ba ntlha ba babedi ebong Adame le Efa. Adame le Efa ba tshwanetse go bo ba ile ba tshegetsa bana ba bone ka botlalo semoyeng. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba tsuologa mme ba fularela Jehofa, ba tlogela bana ba bone gore ba iponele gore ba tla tswa jang fa e le ka bodumedi. Go na le gore a ikutlwele botlhoko kana go letla gore go sa rate dilo tsa semoya ga batsadi ba gagwe go bolaye tsela e a anaanelang dilo tse di boitshepo ka yone, go bonala Abele a ne a ithuta seo a neng a ka kgona go se ithuta ka Mmopi. Jehofa o ne a buisana le barwa ba ga Adame ebong Kaine le Abele, mme Abele o ile a nna le kamano le Modimo mme a gola go nna monna wa tumelo. “Ka tumèlō Abele a isetsa Modimo setlhabèlō se se gaisañ sa ga Kaine; me a shupiwa ka gōna ha a le tshiamō.”—Bahebera 11:4; Genesise 4:2-15.

      Josia ke sekai se sengwe gape sa mosha yo le ene a neng a tshwanelwa ke gore a tswelele pele fela a sa tshegediwe ke batsadi ba gagwe mo bodumeding. Rraagwe ebong Kgosi Amone wa Juda, o ne a bolawa ka nako ya fa Josia a ne a na le dingwaga di le robedi fela. Ka nako ya fa a ne a santse a tshela, Kgosi Amone o ne a ile a “diha se se boshula mo ponoñ ea ga Yehofa, yaka go ne ga diha Manase rragwè: me Amone a isetsa dichwanchō cotlhe tse di setilweñ tse Manase rragwè o kileñ a di diha ditlhabèlō, me a di dihèla . . . me èna Amone eouō a hèla a cwèlèla pele go tlola bogolo.” (2 Ditihalō 33:22, 23) Ka gone, a o ko o akanye fela ka tikologo e e senyang semoyeng eo morwa wa ga Amone ebong Josia a ka bong a ile a golela mo go yone.

      Mme lefa go ntse jalo, Josia “a diha se se siameñ mo matlhoñ a ga Yehofa, a sepela mo ditseleñ tsa ga Dafide rragwè . . . A simolola go batla Modimo oa ga Dafide rragwè: me ea re ka ñwaga oa leshomè le bobedi [mo e ka nnang a le dingwaga di le 20] a simolola go tlhapisa Yuda le Yerusalema a tlosa mahelō a a tlotlometseñ, le Medimakō, le dichwanchō tse di setilweñ, le dichwanchō tse di thecweñ.”—2 Ditihalō 34:2-4.

      Josia o ne a nna le nonofo e e ntseng jalo jang kwantle ga go thusiwa ke rraagwe? O ne a bona tshegetso go tswa mo banneng ba bangwe ba semoya, ba ba ntseng jaaka moperesiti yo mogolo ebong Hilekia le mokwaledi wa gagwe Shafane. Tlhotlheletso ya bone e e siameng ya semoya mo go Josia yo mmotlana e ne ya mo thusa gore “[a diragatse] mahoko a molaō.” (2 Dikgosi 23:24; 2 Ditihalō 34:14-19) Molao oo o ne o tlhoka gore dikgosi di itirele sekaelo seo eleng sa tsone sa molao le go o ithuta bosigo le motshegare. (Duteronome 17:18; Yoshue 1:8) Ga go na pelaelo epe gore go dira jalo go ile ga dira gore Josia a gole thata semoyeng.

      Go Bona Tshegetso Gompieno

      Le wena ka bowena o ka kgona go gola semoyeng, le eleng lefa o sa bone tshegetso eo o neng o ka rata go e bona go tswa mo batsading ba gago. Gantsi tshegetso e ka bonwa go tswa mo bakaulengweng le mo go bokgaitsadi le mo go bommè le mo go borre ba semoya mo teng ga diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. (Mareko 10:30) Go ka nna ga tswa go na le basha bangwe mo phuthegong bao ba ratang dilo tsa semoya, bao o ka tsalanang nabo. Kana go ka nna ga tswa go na le Basupi bangwe ba bagolwane bao ba tla go kgatlhegelang. Ka sekai, mosha mongwe yo o senang rraagwe yo o bidiwang Jerry o ne a kopiwa ke mogolwane wa phuthego gore a tsamaye le ene kwa thutong ya legae ya Bibela. Gantsi morago ga thuto ba ne ba tle ba je sengwenyana mo reseturenteng e e rekisang dijo le go nna ba tlotla. “O ne a nna jaaka rre mo go nna,” Jerry o gakologelwa jalo. Gompieno Jerry o nyetse ebile o direla jaaka motlhanka wa bodihedi. O nna a itumetse ka metlha ka ntlha ya tshegetso e mogolwane yoo a ileng a e mo naya.

      A go na le batho bape fela ba bagolwane ba ba kileng ba ithaopela go go thusa ka tsela nngwe? He ke ka ntlha yang fa o sa tseye kgato e e tshwanetseng? Mme fa e le gore ga go na ope yo o ithaopileng ka tsela e e ntseng jalo, wena simolola go dira ditsala le batho ba ba tla go thusang. O ka nna wa leka le eleng go buisana le yo mongwe wa balebedi mo phuthegong ya lefelo la lona. Gongwe o tlhoka mongwe gore a go tshwarele thuto ya legae ya Bibela kana gore a go thuse go baakanyetsa dipuo tsa Sekolo sa Bodihedi sa Bolegodimo.a Kana o ka nna wa tswa o itlhokela fela go tsalana le lelapa lengwe. Re a tlhaloganya gore o ka nna wa ikutlwa o tshaba go dira gore dilo tseo o di tlhokang di itsiwe ka tsela eno. Mme lefa go ntse jalo gakologelwa gore bagolwane ba phuthego ba tlhometswe gore ba tlhokomele dilo tsa semoya tseo mongwe le mongwe mo phuthegong a di tlhokang—go akaretsa le basha. (1 Petere 5:2) Ba ka go thusa eletota.

      Go Leka go Dira Gore O Tshegediwe kwa Gae

      He, a seno se kaya gore ga go na sepe se o ka se dirang gore o tokafatse seemo seno kwa gae? Gotlhelele nnyaa. Ka sekai, a o ko o akanye ka Joe yo mmotlana. O tlhalosa tshegetso ya semoya eo a e newang ke batsadi ba gagwe ba ba sa dumelang jaaka “e nnye thata.” Mme lefa go ntse jalo, Joe o dumalana gore totatota le ene a ka nna a tswa a na le seabe mo go se tshegediweng ga gagwe ke batsadi ba gagwe. Jang? Ebu, go lebega ekete ka nako ya fa Joe a ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, ga a ka a tsaya matsapa tota a go dirisa dilo tse a neng a di ithuta mo botshelong jwa gagwe. Ka jalo o ne a tswelela pele a sa utlwe batsadi ba gagwe. Gone ke boammaaruri gore ba ne ba bona go se mosola gore le bone ba ithute Bibela, ebile go ne go sena lebaka lepe la gore ba mo kgothaletse gore a ithute Bibela.

      Go tweng ka wena? Fa e le gore batsadi ba gago ga ba a dumela, a dilo tseo o di dirang di ba fa lebaka la gore ba dumele gore o tlhoafetse ka go batla go direla Modimo? Basadi ba ba nyetsweng ba Bakeresete ba bolelelwa gore ba kgone banna ba bone ba ba sa dumeleng ka boitsholo jwa bone jo bontle. A batsadi ba gago le bone ka tsela e e tshwanang o ne o ka “ba kgōna kwantle ga lehoko” fa e le gore o ne o ba utlwa ebile o ba tlotla? (1 Petere 3:1; Baefesia 6:1-3) Fa e le gore go ntse jalo, a go ne go se kitla go diragala gore ba go tshegetse?

      Lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore batsadi ba gago ke Bakeresete mme lefa go ntse jalo ba sa dire se ba tshwanetseng go se dira gore ba go thuse le go go kgothatsa? E ka tswa lebaka la bone la go sa dire jalo e le lefe, o ka dira go le go ntsi thata gore go nne le seemo se se itumedisang thata sa semoya mo legaeng la ga eno ka go tlhoma sekao se se molemo. (1 Timotheo 4:12) Fa e le nako ya go ya dipokanong tsa Bokeresete, dira gore o bo o apere ebile o iketleeditse go tsamaya. Ithaopele go dira ditiro dingwe tse di oketsegileng tsa lelapa gore batsadi ba gago le bone ka mo go tshwanang ba tle ba se ka ba siiwa ke nako. Tota go itse mang? Gongwe tsela e o leng tlhaga ka yone ka dipokano e tla ba tlhotlheletsa gore ba dire jalo le bone.

      A batsadi ba gago ba go tshwarela thuto ya legae ya Bibela beke nngwe le nngwe? Fa e le gore ga go a nna jalo, ke ka ntlha yang fa o sa ba kope ka bonolo, e seng ka go ba emelela kana ka go ngongorega, gore ba dire jalo. Ka nako ya fa go tshwerwe thuto, o se ka wa ba dira gore ba ngakalale ba go dire gore o ntshe dikakgelo; dira gore o bo o ipaakanyeditse eletota gore o tseye karolo. Nna le seabe le wena go dira gore thuto eno e nne selo se se ipedisang. Ba lebogele go bo ba ile ba go tshwarela thuto. Ga go na pelaelo epe gore seno se ka nna sa naya batsadi ba gago kgothatso e e tlhokegang ya gore ba go tshwarele thuto eno ka metlha.

      Go tweng fa e le gore maiteko a gago ga a ba tshikinye? O se ka wa itlhoboga. (Bagalatia 6:9) O se ka wa tshaba go ipolela gore o rata Modimo le boammaaruri jwa Bibela. O se ka wa letla tlhoafalo ya gago kana kafa go leng botlhokwa ka gone go thusa batho ba bangwe gore ba ithute kaga Modimo ka bonako, ga fokotsega. Tswelela pele ‘go ikaga mo tumelong e e itshepileng segolo, le go rapela mo moyeng o o boitshepo.’ (Yude 20) Mosha yo o bidiwang Laverne o dira fela jalo. “Ke sweditse ka gore ke se ka ka letla rre gore a nthibele go ithuta boammaaruri,” o bolela jalo. “Ka gone ke ithuta Tora ya Tebelo ka bonna go na le gore ke lebe thelebishene.b Ebile ke bala temana ya Bibela moso mongwe le mongwe. Ke kgona go tswela tirong ya go rera ka go tsamaya le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba Bakeresete.

      Bontsha boikemisetso jo bo tshwanang. O se ka wa letla gore go se tshegediwe ga gago kwa gae go go kgobe marapo. Nna o ntse o nonofile mo dilong tseo o di dumelang. Nna gaufi thata le balekane ba ba ratang dilo tsa semoya mmogo le batho ba bagolwane mo phuthegong fa e le gore go a kgonega. Go sa kgathalesege gore o a tshegediwa kana ga o tshegediwe, ikemisetse go boloka botsalano jwa gago le Modimo. O ka ikaega ka ene gore a go tshegetse.—Bapisa Pesalema 119:116.

Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela