-
Balebedi ba ba Disang LetsomaneRe Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
-
-
KGAOLO 5
Balebedi ba ba Disang Letsomane
FA JESU a ne a le mo lefatsheng ka nako ya bodiredi jwa gagwe, o ne a itshupa gore ke “modisa yo o molemo.” (Joh. 10:11) Fa a ne a bona boidiidi jwa batho ba ba neng ba mo setse morago ka tlhoafalo, ‘o ne a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.’ (Math. 9:36) Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba lemoga gore o amega ka batho ka tsela e e lorato. Ruri Jesu o ne a farologane thata le badisa ba maaka ba Iseraele, ba ba neng ba tlhokomologile letsomane thata jaana mo le neng la gasama la bo la bolawa ke tlala ka tsela ya tshwantshetso! (Esek. 34:7, 8) Sekao se se molemo sa ga Jesu sa go ruta le tsela e a neng a tlhokomela dinku ka yone, go ya bokgakaleng jwa gore a ntshe botshelo jwa gagwe setlhabelo mo boemong jwa tsone, se ne sa ruta baaposetoloi kafa ba ka thusang ka teng batho ba ba nang le tumelo gore ba boele kwa go Jehofa, ‘modisa le molebedi wa meya ya bone.’—1 Pet. 2:25.
2 Nako nngwe fa Jesu a ne a bua le Petere, o ne a gatelela botlhokwa jwa go fepa le go disa letsomane. (Joh. 21:15-17) Ga go pelaelo gore Petere o ile a amiwa thata ke seno mme moragonyana o ile a rotloetsa bagolwane ba phuthego ya ntlha ya Bokeresete jaana: ‘Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, lo direla lo le balebedi, e seng ka go patelelwa, mme e nne ka go rata fa pele ga Modimo; e seng ka go rata poelo ya go sa ikanyege, mme e nne ka tlhagafalo; gape e seng ka go rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo, mme e nne ka go nna dikao mo letsomaneng.’ (1 Pet. 5:1-3) Le gompieno mafoko a ga Petere a sa ntse a le botlhokwa mo balebeding ba phuthego. Bagolwane ba etsa Jesu ka go direla ka go rata le ka tlhoafalo, e le dikao tse di molemo mo letsomaneng, ba etelela pele mo tirelong ya ga Jehofa.—Baheb. 13:7.
Bagolwane ba etsa Jesu ka go direla ka go rata le ka tlhoafalo, e le dikao tse di molemo mo letsomaneng, ba etelela pele mo tirelong ya ga Jehofa
3 Re anaanela balebedi bano ba ba mo phuthegong ba ba tlhomilweng ka moya. Tlhokomelo ya bone e re solegela molemo ka ditsela di le dintsi. Ka sekai, balebedi ba kgothatsa batho botlhe mo phuthegong e bile ba a ba kgatlhegela. Beke le beke ba etelela pele ka tlhagafalo mo dipokanong tsa phuthego, tse Bakeresete botlhe ba fepiwang kwa go tsone. (Bar. 12:8) Maiteko a bone a go sireletsa letsomane mo dikotsing, tse di jaaka batho ba ba boikepo, a dira gore re sireletsege. (Isa. 32:2; Tito 1:9-11) Go etelela pele ga bone mo bodireding jwa tshimo go re kgothaletsa gore re tlhagafalele go rera dikgang tse di molemo ka metlha kgwedi le kgwedi. (Baheb. 13:15-17) Jehofa o dirile thulaganyo e e molemo e e agang phuthego, a dirisa ‘dimpho tseno tse e leng banna.’—Baef. 4:8, 11, 12.
DITSHWANELEGO TSA BALEBEDI
4 E le go tlhomamisa gore phuthego e tlhokomelwa sentle, banna ba ba tlhomiwang go nna balebedi ba tshwanetse go nna le ditshwanelego tse di tlhalosiwang mo Lefokong la Modimo. Fa ba na le ditshwanelego tseno, ke gone fela go ka tweng ba tlhomilwe ka moya o o boitshepo. (Dit. 20:28) Ke boammaaruri gore, ditshwanelego tsa Dikwalo tse di beetsweng balebedi ba Bakeresete ke tsa maemo a a kwa godimo, ka gonne go nna molebedi ke boikarabelo jo bo masisi. Le fa gone e le tsa maemo a a kwa godimo, banna ba Bakeresete ba ba ratang Jehofa ka lorato lwa mmatota e bile ba rata gore a ba dirise, ba ka kgona go di fitlhelela. Mongwe le mongwe o tshwanetse a bona sentle gore balebedi bano ke batho ba ba dirisang kgakololo ya Baebele mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi.
E le go tlhomamisa gore phuthego e tlhokomelwa sentle, banna ba ba tlhomiwang go nna balebedi ba tshwanetse go nna le ditshwanelego tse di tlhalosiwang mo Lefokong la Modimo
5 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa ditshwanelego tsa konokono tsa Dikwalo tse di lebeletsweng mo balebeding, mo lekwalong la gagwe la ntlha le a le kwaletseng Timotheo le le a le kwaletseng Tito. Re bala jaana mo go 1 Timotheo 3:1-7: “Fa monna ope a kgaratlhela tiro ya bolebedi, o eletsa tiro e e molemo. Jalo, molebedi o tshwanetse go nna yo o se nang se a ka tshwaiwang phoso ka sone, monna wa mosadi a le mongwe, yo o tekatekano mo mekgweng, a itekanetse sentle mo mogopolong, a dira dilo ka thulaganyo, a tshola baeng, a tshwanelega go ruta, a se letagwa le le tsosang modumo, a se moitei, mme a le tekatekano, a sa rate ntwa, a se morati wa madi, e le monna yo o okamelang ba ntlo ya gagwe ka mokgwa o o molemo, a na le bana ba ba mo taolong ka bomasisi jotlhe; (eleruri fa monna mongwe a sa itse go okamela ba e leng ba ntlo ya gagwe, o tla tlhokomela jang phuthego ya Modimo?) e se monna yo o sa tswang go sokologa, e se re kgotsa a gogomosiwa ke boikgogomoso mme a wele mo katlholong e Diabolo a atlhotsweng ka yone. Mo godimo ga moo, gape o tshwanetse go supelwa ka tsela e e molemo ke batho ba ba kwa ntle, gore a se ka a wela mo kgobong le mo serung sa ga Diabolo.”
6 Paulo o ile a kwalela Tito jaana: “Ka lebaka leno ke ne ka go tlogela kwa Kereta, gore o baakanye dilo tse di neng di le bogole le gore o tlhome banna ba bagolwane mo metseng ka go tlhatlologana, jaaka ke ne ka go naya ditaelo; fa go na le monna ope yo go se nang se a latofadiwang ka sone, monna wa mosadi a le mongwe, a na le bana ba ba dumelang ba sa latofadiwe ka botlhapelwa le gone e se ba ba sa laolesegeng. Gonne molebedi o tshwanetse go nna yo o se nang se a latofadiwang ka sone jaaka motho wa Modimo yo o dirang tiro ya bolebedi, e se yo o ratang gore go dirwe ka tsela ya gagwe fela, a sa shakgale bonolo, a se letagwa le le tsosang modumo, a se moitei, a se pelotshetlha go bona poelo ya go sa ikanyege, mme a itse go tshola baeng, a le morati wa se se molemo, a itekanetse sentle mo mogopolong, a siame, a ikanyega, a ikgapile, a tshwareletse ka nitamo mo lefokong le le ikanyegang malebana le botswerere jwa gagwe jwa go ruta, gore a kgone go rotloetsa ka thuto e e itekanetseng mmogo le go kgalemela ba ba ganetsang.”—Tito 1:5-9.
7 Le fa gone go ka lebega go le thata go fitlhelela ditshwanelego tseno tsa Dikwalo, banna ba Bakeresete ga ba a tshwanela go tshaba go kgaratlhela go nna balebedi. Fa ba bontsha dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete tse go lebeletsweng gore balebedi ba nne le tsone, ba kgothaletsa ba bangwe mo phuthegong gore le bone ba dire se se tshwanang. Paulo o ile a tlhalosa gore ‘dimpho tseo tse e leng banna’ di abiwa “ka boikaelelo jwa go lolamisiwa ga baitshepi, go dira tiro ya bodiredi, go agiwa ga mmele wa ga Keresete, go fitlha rotlhe re fitlhelela bongwefela mo tumelong le mo kitsong e e boammaaruri kaga Morwa Modimo, go ya monneng yo o godileng ka botlalo, go ya selekanyong sa bogolo jo e leng jwa botlalo jwa ga Keresete.”—Baef. 4:8, 12, 13.
8 Balebedi ga se banna ba ba sa ntseng ba le bannye ka dingwaga kgotsa ba ba sa tswang go sokologa. Go na le moo, ke banna ba ba nang le maitemogelo mo go tsheleng ka tsela ya Bokeresete, ba ba nang le kitso e e tseneletseng ya Baebele, ba tlhaloganya Dikwalo ka botlalo e bile ba rata phuthego fela thata. Ba na le bopelokgale jwa go bua le go gakolola batho ba ba dirang diphoso, ka go dira jalo ba sireletsa letsomane mo bathong bape fela ba ba ka le tsietsang ka bogagapa. (Isa. 32:2) Go tshwanetse ga nna motlhofo mo go botlhe mo phuthegong go bona gore balebedi ke banna ba ba nonofileng mo tumelong, ba ba amegang ka tsela ya mmatota ka letsomane la Modimo.
9 Batho ba ba tshwanelegang go nna balebedi ba bontsha botlhale jo bo mosola mo botshelong jwa bone. Fa molebedi a nyetse, o tshwanetse go tshela go ya ka melao ya Bokeresete ya lenyalo, e leng go nna monna wa mosadi a le mongwe e bile a okamela ba ntlo ya gagwe ka mokgwa o o molemo. Fa molebedi a na le bana ba ba dumelang, ba ba leng mo taolong ya gagwe e bile ba sa itsiwe ka botlhapelwa kgotsa ka go sa laolesege, batho ba ba mo phuthegong ba ka ikutlwa ba gololesegile go tla mo go ene gore ba kope thuso le kgakololo e e malebana le botshelo jwa lelapa le botshelo jwa Bokeresete. Gape molebedi ga a tshwanela go nna le se a ka tshwaiwang phoso ka sone, le se a ka latofadiwang ka sone e bile o tshwanetse go buiwa molemo le ke batho ba ba kwa ntle. Ga a tshwanela go nna le molato wa gore o na le boitshwaro jo bo sa siamang jo bo ka senyang leina la phuthego. Ga a tshwanela gore a bo a sa tswa go kgalemelelwa boleo bongwe jo bo masisi. Ba bangwe mo phuthegong ba tlhotlheletsega go etsa sekao sa gagwe se se molemo e bile ba itumelela gore a ba thuse go tswelela ba direla Modimo.—1 Bakor. 11:1; 16:15, 16.
10 Banna ba ba ntseng jalo ba ba tshwanelegang ba kgona go direla phuthego ya Bokeresete ka tsela e e tshwanang le ya banna ba bagolwane ba Iseraele, ba ba neng ba tlhalosiwa e le ‘ba ba botlhale, ba ba nang le temogo le ba ba nang le maitemogelo.’ (Dute. 1:13) Ga se gore bagolwane ba Bakeresete ga ba na boleo, le fa go ntse jalo, ba itsege mo phuthegong le mo setšhabeng e le banna ba ba siameng le ba ba boifang Modimo, ba ba bontshitseng ka lobaka lo loleele gore ba tshela ka tsela e e dumalanang le melaometheo ya Modimo. E re ka ba se na molato, ba nna le kgololesego ya go bua fa pele ga phuthego.—Bar. 3:23.
11 Banna ba ba tshwanelegang go tlhomiwa go nna balebedi ba bontsha go nna tekatekano mo mekgweng le mo tseleng e ba dirisanang le ba bangwe ka yone. Ga ba tseege maikutlo. Go na le moo, tsela e ba tshelang ka yone e bontsha gore ke batho ba ba tekatekano le ba ba nang le boikgapo. Go nna tekatekano ga bone go bonala mo dilong tse di jaaka go ja, go nwa, boitapoloso le mo ditirong tsa go itlosa bodutu. Ba tekatekano mo tseleng e ba dirisang bojalwa ka yone, gore ba se ka ba latofadiwa ka botagwa kgotsa gore ke matagwa a a tsosang modumo. Go ka nna motlhofo gore motho yo o tagilweng a palelwe ke go nna le boikgapo e bile a ka se kgone go thusa phuthego gore e tlhagafalele go direla Jehofa.
12 Monna yo e leng molebedi mo phuthegong o tlhoka gore e bo e le motho yo o dirang dilo ka thulaganyo. Mekgwa ya gagwe e e molemo e bonala mo tseleng e a lebegang ka yone, mo legaeng la gagwe le mo ditirong tsa gagwe tsa letsatsi le letsatsi. Motho yo o ntseng jalo o tila go nna a busetsa dilo tse a tshwanetseng go di dira kwa morago; o lemoga gore ke eng se go lebeletsweng gore a se dire a bo a dira dithulaganyo tse di tshwanetseng. O ikobela melaometheo ya Modimo.
13 Molebedi o tshwanetse go nna tekatekano. O tshwanetse go kgona go dirisana mmogo ka kutlwano le bakaulengwe ba bangwe mo setlhopheng sa bagolwane. O tshwanetse go iteba ka tsela e e tshwanetseng e bile ga a tshwanela go lebelela gore batho ba bangwe ba dire dilo tse ba ka se di kgoneng. Fa molebedi e le motho yo o tekatekano a ka se nne manganga, a tsaya gore tsela e a lebang dilo ka yone e botoka go gaisa ya bagolwane ba bangwe. Ba bangwe ba ka tswa ba na le bokgoni kgotsa dinonofo tse ene a tlhaelang mo go tsone. Mogolwane o bontsha gore o tekatekano fa a dira gore dikgopolo tsa gagwe di dumalane ka botlalo le Dikwalo le ka go etsa sekao sa ga Jesu Keresete. (Bafil. 2:2-8) Ga a tshwanela go rata ntwa kgotsa go nna moitei, go na le moo, o bontsha gore o tlotla ba bangwe ka tsela e e tshwanetseng e bile o ba tsaya ba le kwa godimo ga gagwe. Mogolwane ga se motho yo o ratang gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe fela, ka metlha a gagamalela gore go amogelwe tsela e a lebang dilo ka yone. Ga a shakgale bonolo, go na le moo, o dirisana ka kagiso le batho ba bangwe.
14 Gape, motho yo o tshwanelegang go nna molebedi mo phuthegong o tshwanetse go nna motho yo o itekanetseng sentle mo mogopolong. Seno se kaya gore o tshwanetse go nna motho yo o ritibetseng maikutlo, a sa dire ditshwetso ka go phamoga. O tlhaloganya melaometheo ya ga Jehofa sentle le tsela e e dirisiwang ka yone. Motho yo o itekanetseng sentle mo mogopolong o amogela kgakololo le kaelo. Ga se moitimokanyi.
15 Paulo o ne a gakolola Tito gore molebedi o tshwanetse go nna morati wa se se molemo. O tshwanetse go nna motho yo o siameng le yo o ikanyegang. Dinonofo tseno di bonala mo tseleng e a dirisanang le ba bangwe ka yone le kafa a emelang se se siameng le se se molemo ka gone a nitame. Boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ga bo reketle e bile ka metlha o kgomarela melaometheo ya se se siameng. Ke motho yo o kgonang go boloka sephiri. Gape o bontsha gore ruri o rata go tshola baeng, a intsha setlhabelo ka go rata le go dirisa dithoto tsa gagwe go thusa ba bangwe.—Dit. 20:33-35.
16 Gore molebedi a kgone go direla ka tsela e e molemo, o tshwanetse a bo a tshwanelega go ruta. Go ya ka mafoko a Paulo a a kwaletseng Tito, molebedi o tshwanetse go ‘tshwarelela ka nitamo mo lefokong le le ikanyegang malebana le botswerere jwa gagwe jwa go ruta, gore a kgone go rotloetsa ka thuto e e itekanetseng mmogo le go kgalemela ba ba ganetsang.’ (Tito 1:9) O tshwanetse a bo a kgona go baya mabaka, go ntsha bosupi, go lepalepana le dikganetso le go dirisa Dikwalo ka tsela e e tla dirang gore ba bangwe ba tlhatswege pelo le e e tla dirang gore tumelo ya bone e nonofe. Molebedi o dirisa bokgoni joo jwa go ruta ka paka e e dumelang le ka paka ya matshwenyego. (2 Tim. 4:2) O na le bopelotelele jo bo tlhokegang gore a kgaleme ka bonolo motho yo o dirileng phoso kgotsa a tlhatswe motho yo o nang le dipelaelo pelo le go mo tlhotlheletsa go dira ditiro tse di molemo tse di bontshang tumelo. Fa molebedi a tshwanelega go ruta setlhopha sa batho kgotsa motho a le mongwe, o bontsha gore o na le tshwanelego eno e e botlhokwa.
17 Go botlhokwa gore bagolwane ba nne le seabe mo bodireding ka tlhagafalo. Go tshwanetse ga bonala le mo tseleng eno gore ba leka ka natla go etsa Jesu, yo a neng a tsaya go rera dikgang tse di molemo e le selo se se tlang pele. Jesu o ne a kgatlhegela barutwa ba gagwe, a ba thusa go nna bareri ba ba nang le diphelelo tse di molemo. (Mar. 1:38; Luke 8:1) Fa bagolwane ba ikemiseditse go dirisa nako ya bone mo bodireding go sa kgathalesege gore ba nna ba tshwaregile, maloko otlhe a phuthego le one a tlhotlheletsega go nna le tlhagafalo e e tshwanang. Gape fa bagolwane ba rera le ba malapa a bone e bile ba rera le ba bangwe mo phuthegong, go nna le ‘go kgothatsana.’—Bar. 1:11, 12.
18 Boikarabelo jono jo bo lebeletsweng mo molebeding e ka lebega e le namane e tona ya tiro. Ke boammaaruri gore, ga go na molebedi yo o ka kgonang go fitlhelela ka botlalo ditshwanelego tseno tsa maemo a a kwa godimo tse di tlhalositsweng mo Baebeleng, le fa go ntse jalo, ga go a tshwanela ga nna le mogolwane ope yo o tlhomilweng mo phuthegong yo o tlhaelang epe fela ya ditshwanelego tseno thata jaana mo tlhaelo eo e tla tsewang e le bokoa jo bo masisi. Bagolwane bangwe ba ka nna le dinonofo dingwe tse di tlhomologileng, mme ba bangwe bone ba ka tswa ba dira botoka thata mo dikarolong tse dingwe. Seno se dira gore setlhopha sotlhe sa bagolwane se nne le dinonofo tsotlhe tse di molemo tse di tlhokegang gore phuthego ya Modimo e okamelwe sentle.
19 Fa setlhopha sa bagolwane se buelela banna bangwe gore ba tlhomiwe go nna balebedi, se tshwanetse go gakologelwa mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone; mme a akanye gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle, mongwe le mongwe kafa Modimo a mo abetseng selekanyo sa tumelo ka gone.” (Bar. 12:3) Mogolwane mongwe le mongwe o tshwanetse go itsaya a le kwa tlase ga ba bangwe. Go se ka ga nna le ope yo o itsayang a ‘siame ka tsela e e feteletseng’ fa a sekaseka ditshwanelego tsa ba bangwe. (Mor. 7:16) Fa setlhopha sa bagolwane se nna se gopotse ditshwanelego tsa Dikwalo tse bagolwane ba tshwanetseng go di fitlhelela, se tla batla go bona gore a mokaulengwe yo o akanyediwang o na le ditshwanelego tseo ka selekanyo se se tshwanetseng. Fa bagolwane ba akanyetsa makoa a bosaitekanelang e bile ba tila go gobelela le boitimokanyi, ba tla buelela mokaulengwe ka tsela e e supang gore ba tlotla melao ya ga Jehofa ya tshiamo ka tsela e e tshwanetseng mme seno se tla solegela phuthego molemo. Nako le nako fa bagolwane ba buelela mongwe, ba tla rapela ba bo ba latela kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo. Jono ke boikarabelo bongwe jo bo masisi jo ba nang le jone, mme ba tshwanetse go bo dira tumalanong le kgakololo eno ya ga Paulo: “O se ka wa potlakela go baya motho ope diatla.”—1 Tim. 5:21, 22.
DINONOFO TSE MOYA O DI TLHAGISANG
20 Banna ba ba nang le ditshwanelego tsa Dikwalo ba bontsha gore ba kaelwa ke moya o o boitshepo e bile ba bontsha dinonofo tse moya o di tlhagisang mo botshelong jwa bone. Paulo o umaka dinonofo di le robongwe tse moya o di tlhagisang, e leng “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.” (Bagal. 5:22, 23) Balebedi ba ba ntseng jalo ba lapolosa phuthego e bile ba dira gore e nne seoposengwe mo go direng tirelo e e boitshepo. Boitshwaro jwa bone le maungo a ditiro tsa bone di bontsha gore ba tlhomilwe ka moya o o boitshepo.—Dit. 20:28.
BANNA BA BA ROTLOETSANG KUTLWANO
21 Go botlhokwa gore bagolwane ba dirisane mmogo gore go nne le kutlwano mo phuthegong. Le fa ba na le botho jo bo farologanang thata, ba dira gore go nne go na le kutlwano mo setlhopheng sa bagolwane ka go reetsana ka tlotlo tota le fa ba sa dumalane ka se ba tlotlang ka sone. Fa go sa tlolwe molaomotheo ope wa Baebele, mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go iketleeletsa go ineela le go tshegetsa tshwetso e e dirwang ke setlhopha sa bagolwane. Fa motho a na le moya wa go ineela gore a dumalane le ba bangwe, o bontsha gore o kaelwa ke “botlhale jo bo tswang kwa godimo,” jo bo leng ‘kagiso le tekatekano.’ (Jak. 3:17, 18) Ga go a tshwanela ga nna le mogolwane ope yo o akanyang gore o feta ba bangwe ka maemo, e bile ga go a tshwanela ga nna le mogolwane ope yo o lekang go laola ba bangwe. Tota bagolwane ba a bo ba dirisana mmogo le Jehofa fa ba dirisana mmogo e le setlhopha gore phuthego e solegelwe molemo.—1 Bakor., kgao. 12; Bakol. 2:19.
GO KGARATLHELA GO TSHWANELEGA
22 Banna ba Bakeresete ba ba nonofileng mo tumelong ba tshwanetse go eletsa go nna balebedi. (1 Tim. 3:1) Le fa go ntse jalo, go nna molebedi go tlhoka gore motho a dire ka natla le go intsha setlhabelo. Go kaya gore motho a ithaopele go thusa bakaulengwe ba gagwe ka dilo tse ba di tlhokang, le go ba thusa go nonotsha kamano ya bone le Modimo. Go kgaratlhela go nna molebedi go kaya gore motho a lwele go fitlhelela ditshwanelego tse di tlhalositsweng mo Dikwalong.
MAEMO A MOTHO A KA FETOGA
23 Mokaulengwe yo o ntseng a direla ka boikanyegi ka dingwaga di le dintsi a ka simolola go lwala kgotsa a koafala. Gongwe ka ntlha ya botsofe, a ka nna a se ka a tlhola a kgona go dira maikarabelo a go nna molebedi. Tota le mo maemong a a ntseng jalo, o sa ntse a tshwanelwa ke go newa tlotlo le go tsewa e le mogolwane fa fela a sa ntse a tlhomilwe. Ga a tlhoke go tlogela go nna mogolwane. O sa ntse a tshwanelwa ke go newa tlotlo e e newang bagolwane botlhe ba ba dirang ka natla ba ba dirang sotlhe se ba ka se kgonang go disa letsomane go ya ka bokgoni jwa bone.
24 Mme gone, fa mokaulengwe a bona go ka nna molemo gore a tlogele tiro ya bolebedi ka ntlha ya maemo a gagwe a a fetogileng a a mo kgoreletsang go direla, a ka nna a dira jalo. (1 Pet. 5:2) O sa ntse a tshwanelwa ke go tlotlwa. O sa ntse a ka direla phuthego molemo, le mororo a sa tlhole a newa dikabelo le ditiro tse di newang bagolwane.
MAIKARABELO A BAGOLWANE MO PHUTHEGONG
25 Bagolwane ba dira maikarabelo a a farologaneng mo phuthegong. Go na le morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane, mokwaledi, molebedi wa tirelo, motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo le molebedi wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi. Bagolwane ba le bantsi, ba direla e le balebedi ba ditlhopha. Ga go a tlhomiwa nako ya gore bagolwane ba tla dira maikarabelo ano go fitlha leng. Mme gone fa mokaulengwe a fuduga, a sa kgone go dira maikarabelo a gagwe ka ntlha ya bolwetse kgotsa a sa tlhole a tshwanelega ka ntlha ya go bo a sa tlhole a fitlhelela ditshwanelego tsa Dikwalo, go tlhophiwa mogolwane yo mongwe go tsaya maikarabelo ao. Mo diphuthegong tse di se nang balebedi ba ba lekaneng, go ka nna ga tlhokega gore mogolwane a le mongwe a tseye maikarabelo a le mmalwa go fitlha go nna le bakaulengwe ba ba ka tshwanelegang go nna bagolwane.
26 Morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane o nna modulasetulo kwa dipokanong tsa setlhopha sa bagolwane. Seno se tlhoka gore a dirisane le bagolwane ba bangwe ka boikobo mo go tlhokomeleng letsomane la Modimo. (Bar. 12:10; 1 Pet. 5:2, 3) O tshwanetse go nna motho yo o kgonang go rulaganya le go okamela dilo sentle.—Bar. 12:8.
27 Mokwaledi o tlhokomela direkoto tsa phuthego le go itsise bagolwane ba bangwe ka makwalo a botlhokwa. Fa go tlhokega, mogolwane yo mongwe kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o nang le bokgoni, a ka abelwa go mo thusa.
28 Dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo le dithulaganyo tse dingwe tse di amanang le tirelo di okamelwa ke molebedi wa tirelo. O dira dithulaganyo tsa go etela setlhopha sengwe sa tshimo mo mafelobekeng mangwe mo kgweding nngwe le nngwe. Mo diphuthegong tse dinnye tse di nang le ditlhopha di le mmalwa tsa tshimo, a ka etela setlhopha sengwe le sengwe gabedi ka ngwaga. Ka nako ya loeto lwa gagwe, o tla tshwara pokano ya tirelo ya tshimo, a bo a bereka le setlhopha mo bodireding le go thusa baboledi ka maeto a bone a go boela le dithuto tsa Baebele.
BALEBEDI BA DITLHOPHA
29 Nngwe ya ditshiamelo tse di botlhokwa mo phuthegong ke ya gore mokaulengwe a direle e le molebedi wa setlhopha. Maikarabelo a gagwe a akaretsa (1) go kgatlhegela gore mmoledi mongwe le mongwe mo setlhopheng sa gagwe sa tshimo o gatela pele jang; (2) go thusa mongwe le mongwe mo setlhopheng gore a ipelele go nna le seabe ka metlha le ka botlalo mo bodireding; le (3) go thusa le go thapisa batlhanka ba bodiredi ba ba mo setlhopheng gore ba kgaratlhe mme ba tshwanelegele go nna le maikarabelo mo phuthegong. Setlhopha sa bagolwane se tlhomamisa gore ke bakaulengwe bafe ba ba tshwanelegang sentle go diragatsa dikarolo tsotlhe tsa kabelo eno.
30 Ka ntlha ya boikarabelo jo mokaulengwe yo o newang kabelo eno a nang le jone, fa go kgonega, balebedi ba ditlhopha e tshwanetse go nna bagolwane. Fa go sa kgonege, motlhanka wa bodiredi yo o nang le bokgoni a ka direla go fitlha go nna le mogolwane yo o ka dirang kabelo eno. Motlhanka wa bodiredi yo o dirang maikarabelo ano o bidiwa motlhanka wa setlhopha, e re ka a sa direle e le molebedi mo phuthegong. Go na le moo, o dira maikarabelo ano a kaelwa ke bagolwane.
31 Karolo ya botlhokwa ya tiro ya molebedi wa setlhopha ke go etelela pele mo bodireding jwa tshimo. Fa a nna gone ka metlha, a bontsha tlhoafalo le matlhagatlhaga mo bodireding, seno se tla kgothatsa ba ba mo setlhopheng sa gagwe. E re ka baboledi ba anaanela kgothatso le thuso e ba e bonang ka go kopana mmogo, go tla nna molemo gore go nne le thulaganyo ya go rera lo le setlhopha e mongwe le mongwe a ka kgonang go tsaya karolo mo go yone. (Luke 10:1-16) Molebedi o tshwanetse go tlhomamisa gore ka metlha go na le tshimo e e lekaneng. Ke ene a tla tshwarang pokano ya tirelo ya tshimo le go rulaganya gore baboledi ba dire eng mo letsatsing leo. Fa a ka se nne gone, o tshwanetse go rulaganya gore mogolwane yo mongwe kgotsa motlhanka wa bodiredi a nne gone, mme fa go se na ope wa bone, a ka rulaganya gore mmoledi mongwe yo o tshwanelegang a dire boikarabelo jono gore baboledi ba nne le kaelo e ba e tlhokang.
32 Molebedi wa setlhopha o tshwanetse go rulaganyetsa loeto lwa molebedi wa tirelo go sa le gale, a itsise ba ba mo setlhopheng sa gagwe ka loeto loo le go dira gore ba nne ba lebile pele gore lo ba solegele molemo. Fa botlhe mo setlhopheng ba itsisitswe sentle ka thulaganyo eno, ba ka e tshegetsa ka matlhagatlhaga.
33 Go na le lebaka la go bo go dirilwe gore setlhopha sengwe le sengwe se nne sennye. Seno se thusa molebedi wa setlhopha gore a tlwaelane le botlhe ba ba mo setlhopheng sa gagwe. E re ka e le modisa yo o lorato, o kgathalela mongwe le mongwe wa bone fela thata. O leka go thusa mongwe le mongwe wa bone mo bodireding le go mo kgothaletsa gore a nne le seabe mo go jone e bile o ba kgothaletsa go nna le seabe mo dipokanong tsa phuthego. Gape o leka go dira sotlhe se se tshwanetseng go thusa mongwe le mongwe gore tumelo ya gagwe e nne e nonofile. Ba ba lwalang kgotsa ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba tla solegelwa molemo fa a ba etela. Fa molebedi wa setlhopha a ntsha kakantsho e e kgothatsang kgotsa kgakololo, seno se ka tlhotlheletsa bangwe go kgaratlhela go nna le ditshiamelo tse di oketsegileng mo phuthegong mme sa felela ka gore ba thuse bakaulengwe ba bone fela thata. Bontsi jwa maiteko a molebedi wa setlhopha a a dirang, tota o a dira ka boikaelelo jwa go thusa ba ba mo setlhopheng sa gagwe. Le fa go ntse jalo, e re ka e le mogolwane e bile e le modisa, o tshwenyegile ka tsela e e lorato ka botlhe ba ba mo phuthegong e bile o ikemiseditse go thusa ope fela ka se a se tlhokang.—Dit. 20:17, 28.
34 Boikarabelo jo bongwe jwa molebedi wa setlhopha ke go phutha dipego tsa tirelo ya tshimo mo go ba ba mo setlhopheng sa gagwe. Dipego tseno di romelwa kwa mokwaleding. Baboledi botlhe ba ka thusa molebedi wa setlhopha ka go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo ka nako. Ba ka dira seno ka go mo naya tsone ka tlhamalalo kwa bofelong jwa kgwedi nngwe le nngwe kgotsa ka go di tsenya mo lebokoseng le le tshwailweng gore go tsenngwe dipego tsa tirelo ya tshimo mo go lone kwa Holong ya Bogosi.
KOMITI YA TIRELO YA PHUTHEGO
35 Go na le maikarabelo mangwe a a dirwang ke Komiti ya Tirelo ya Phuthego, e e dirilweng ka morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane, mokwaledi le molebedi wa tirelo. Ka sekai, komiti ya tirelo ke yone e swetsang ka gore a Holo ya Bogosi e ka dirisiwa go tshwarela manyalo le diphitlho e bile ke yone e abelang baboledi gore ba kopanele le ditlhopha dife tsa tirelo ya tshimo. Gape e saena diforomo tsa tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha le jo bo thusang le diforomo tsa dikarolo tse dingwe tsa tirelo. Komiti eno e dira maikarabelo a yone e kaelwa ke setlhopha sa bagolwane.
36 Ditiro tse tota di lebaganeng bakaulengwe bano—go akaretsa le tsa motshwari wa Thuto ya Tora ya Tebelo, molebedi wa Pokano ya Botshelo le Bodiredi le ba bangwe ba ba mo setlhopheng sa bagolwane—di tswa kwa ofising ya lekala.
37 Setlhopha sa bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe se nna le dipokano di le mmalwa mo ngwageng gore se tlotle ka dikgang tse di amanang le gore phuthego e ntse e gatela pele jang. Morago ga gore bagolwane ba nne le pokano le molebedi wa potologo ka nako ya ketelo, bagolwane ba tshwanetse go nna le pokano e nngwe gape morago ga dikgwedi di le tharo. Ke boammaaruri gore bagolwane ba ka nna le pokano nako nngwe le nngwe fa maemo a tlhoka gore ba dire jalo.
NNA BOIKOBO
38 Balebedi ke banna ba ba sa itekanelang; le fa go ntse jalo, botlhe mo phuthegong ba rotloediwa go ba ikobela ka gonne ke thulaganyo ya ga Jehofa. Balebedi ba tla ikarabelela mo go ene ka ntlha ya ditiro tsa bone. Ba emetse ene le tsela e a busang ka yone. Bahebera 13:17 ya re: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe, gonne ba nna ba lebeletse meya ya lona jaaka ba ba tla ikarabelelang; gore ba dire jalo ka boipelo mme e seng ka go fegelwa, gonne seno se ne se tla lo gobatsa.” Fela jaaka Jehofa a dirisa moya o o boitshepo go tlhoma banna bano, gape o tla dirisa one moya oo o o boitshepo go tlosa monna ope fela mo go direleng e le molebedi fa a sa kgone go bontsha dinonofo tse moya o di tlhagisang e bile a sa tshele ka tsela e e dumalanang le ditshwanelego tsa Dikwalo.
39 A ga re anaanele tiro ya bonatla le sekao se se molemo sa balebedi ba phuthego? Fa Paulo a kwalela phuthego ya kwa Thesalonika, o ne a rotloetsa bakaulengwe jaana: “Re a lo kopa, bakaulengwe, gore lo tlotle ba ba dirang ka natla mo gare ga lona ba bile ba lo okametse mo Moreneng le go lo tlhagisa; le gore lo ba tlotle ka tsela e e fetang e e tlwaelegileng ka lorato ka ntlha ya tiro ya bone.” (1 Bathes. 5:12, 13) Bontsi jwa tiro ya bonatla e balebedi ba phuthego ba e dirang, e dira gore tirelo ya rona mo Modimong e nne motlhofo e bo e nne e e itumedisang. Gape mo lekwalong la ntlha le Paulo a le kwaletseng Timotheo, o umaka boikutlo jo ba ba mo phuthego ba tshwanetseng go lwela go nna le jone ka balebedi, ka go bua jaana: “A banna ba bagolwane ba ba okamelang ka tsela e e molemo ba kaiwe ba tshwanelwa ke tlotlo e e menaganeng sebedi, segolobogolo ba ba dirang ka natla mo go bueng le mo go ruteng.”—1 Tim. 5:17.
MAIKARABELO A MANGWE A BALEBEDI MO PHUTHEGONG YA MODIMO
40 Ka dinako dingwe, bagolwane bangwe ba tlhomiwa go nna maloko a Ditlhopha Tse di Etelang Balwetse. Ba bangwe ba direla e le maloko a Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo mme ba etela dikokelo le dingaka go di kgothaletsa go alafa Basupi ba ga Jehofa kwantle ga go ba tshela madi. Balebedi ba bangwe ba kgona go oketsa seabe sa bone mo ditirong tse di direlwang Bogosi ka go thusa go aga le go tlhokomela Diholo Tsa Bogosi le Diholo tsa Dikopano kgotsa ka go direla e le maloko a Dikomiti Tsa Kopano ya Tikologo. Botlhe mo phuthegong ba anaanela thata tiro ya bonatla ya bakaulengwe bano le go iketleeletsa ga bone go dirisa maatla a bone ka tsela eno. Eleruri, re ‘tsaya batho ba mofuta oo e le ba ba botlhokwa thata.’—Bafil. 2:29.
MOLEBEDI WA POTOLOGO
41 Setlhopha se se Laolang se dira dithulaganyo tsa go tlhomiwa ga bagolwane ba ba tshwanelegang gore ba direle e le balebedi ba potologo. Ofisi ya lekala ke yone e ba abelang go etela diphuthego tse di mo potologong ya bone, gabedi ka ngwaga. Mo godimo ga moo, gangwe le gape ba etela babulatsela ba ba direlang kwa tshimong e e kwa thoko. Ba rulaganya maeto a bone ba bo ba itsise phuthego nngwe le nngwe go sa le gale gore e tle e solegelwe molemo thata ke loeto lwa bone.
42 Morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane o etelela pele mo go rulaganyeng dilo gore ketelo e tle e lapolose botlhe. (Bar. 1:11, 12) Fa morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane a sena go amogela lekwalo le le mo itsiseng ka ketelo ya molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe (fa a nyetse) le dilo tse a di tlhokang, ene le setlhopha sa bagolwane ka thuso ya ba bakaulengwe ba bangwe ba dira dithulaganyo tsa marobalo le dilo tse dingwe tse di tlhokegang. O tlhomamisa gore botlhe, go akaretsa le molebedi wa potologo, ba itse ka dithulaganyo tseno.
43 Molebedi wa potologo o tla ikgolaganya le morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane malebana le dithulaganyo tsa dipokano, go akaretsa le dipokano tsa tirelo ya tshimo. Dipokano tseno di tla rulaganngwa go tsamaisana le dikakantsho tsa molebedi wa potologo le dikaelo tse di tswang kwa ofising ya lekala. Botlhe ba tshwanetse go itsisiwe go sa le gale ka nako le lefelo le kwa go lone go tla tshwarelwang dipokano tsa phuthego, tsa babulatsela, tsa bagolwane le batlhanka ba bodiredi le tsa tirelo ya tshimo.
44 Ka Labobedi thapama, molebedi wa potologo o tlhatlhoba Direkoto Tsa Baboledi Tsa Phuthego, direkoto tsa palo ya ba ba nnang gone mo dipokanong, direkoto tsa tshimo le diakhaonto. Seno se tla mo thusa go bona dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko le kafa a ka thusang ka teng ba ba tlhokometseng direkoto tseno. Morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane o tshwanetse go dira dithulaganyo tsa gore molebedi wa potologo a amogele direkoto tseno go sa le gale.
45 Ka nako ya fa molebedi wa potologo a etile, o ipha nako ya go tlotla le bangwe ba bakaulengwe go ya kafa a ka kgonang ka teng—kwa dipokanong, mo tirelong ya tshimo, ka nako ya dijo le ka dinako tse dingwe. Mo godimo ga moo, o kopana le bagolwane le batlhanka ba bodiredi, a ba neela kgakololo e e tshwanetseng ya Dikwalo, dikakantsho le dikgothatso tse di tla ba thusang go dira maikarabelo a bone a go disa letsomane le ba le tlhokometseng. (Dia. 27:23; Dit. 20:26-32; 1 Tim. 4:11-16) Gape o kopana le babulatsela go ba kgothatsa mo tirong ya bone le go ba thusa ka mathata ape fela a ba ka tswang ba lebana le one mo bodireding.
46 Fa go na le dikgang dingwe tse di tlhokang go rarabololwa, molebedi wa potologo o tla thusa ka mo a ka kgonang ka teng mo bekeng eo. Fa kgang eo e sa kgone go rarabololwa mo bekeng eo, molebedi wa potologo a ka thusa bagolwane kgotsa batho ba ba amegang go dira dipatlisiso gore ba bone gore ke kaelo efe ya Dikwalo e e ka ba thusang mo kgannyeng eo. Fa ofisi ya lekala e tlhoka go tsaya dikgato go ya pele, molebedi wa potologo le bagolwane ba tla romelela ofisi ya lekala pego e e feletseng ya kgang eo.
47 Fa molebedi wa potologo a etetse phuthego, o nna gone mo dipokanong tsa ka metlha tsa phuthego. Dipokano tseno di ka nna tsa fetolwa nako le nako go tsamaisana le kaelo e e mo makwalong a a tswang kwa ofising ya lekala. O tla neela dipuo tse di diretsweng go kgothatsa, go tlhotlheletsa, go ruta le go nonotsha phuthego. O leka go thusa botlhe gore ba godise lorato lo ba ratang Jehofa, Jesu Keresete le phuthego ya Modimo ka lone.
48 Boikaelelo bongwe jwa loeto lwa molebedi wa potologo ke go kgothaletsa bakaulengwe gore ba nne le seabe ka tlhoafalo mo bodireding le go ba naya dikakantsho tse di ka ba thusang. Ba le bantsi mo phuthegong ba ka nna ba kgona go rulaganya maemo a bone gore ba nne le seabe ka botlalo mo tirelong ya tshimo mo bekeng eo, gongwe ka go rulaganya gore e nne babulatsela ba ba thusang mo kgweding eo ya ketelo. Ba ba eletsang go bereka le ene kgotsa le mosadi wa gagwe, ba ka ikwadisa. Go na le melemo e le mentsi e motho a ka e bonang fa a ya le molebedi wa potologo kgotsa mosadi wa gagwe kwa dithutong tsa gagwe tsa Baebele kgotsa kwa maetong a go boela. Maiteko a a oketsegileng a o a dirang go ema nokeng karolo eno ya beke e e kgethegileng ya ketelo, a anaanelwa fela thata.—Dia. 27:17.
49 Ngwaga le ngwaga, go rulaganngwa gore go nne le dikopano tsa potologo di le pedi mo potologong nngwe le nngwe. Molebedi wa potologo ke ene a ikarabelelang mo tseleng e dilo di tshwanetseng go tsamaisiwa ka yone mo dikopanong tseno tsa potologo. Molebedi wa potologo o tlhoma molebedi wa kopano le mothusi wa molebedi wa kopano. Ba tshwanetse go dirisana le ene go tlhokomela dithulaganyo tsa kopano. Seno se tla thusa molebedi wa potologo gore a tlhome mogopolo thata mo thulaganyong ya kopano. Molebedi wa potologo o tlhopha bakaulengwe ba bangwe ba ba nang le bokgoni gore ba tlhokomele mafapha a a farologaneng. Gape o dira dithulaganyo tsa gore go tlhatlhobiwe diakhaonto tsa potologo morago ga kopano nngwe le nngwe. Gangwe mo ngwageng, moemedi wa lekala o tla etela kopano e le nngwe ya potologo. E re ka baboledi bangwe ba tshwanelwa ke go tsamaya sekgala se seleele e bile mafelo mangwe a kopano a le mannye, dipotologo dingwe di kgaogantswe ka dikarolo di le mmalwa mme karolo nngwe le nngwe e nna le kopano ya yone ya potologo.
50 Molebedi wa potologo o romela pego ya gagwe ya tirelo ya tshimo ka tlhamalalo kwa ofising ya lekala kwa bofelong jwa kgwedi nngwe le nngwe. Fa a nnile le ditshenyegelo di se kae—tse di jaaka tsa mosepele, dijo, bonno le dilo tse dingwe tse a di tlhokang gore a dire tiro ya gagwe—mme phuthego e a neng a direla kwa go yone e sa kgona go di duelela, a ka nna a di romela kwa ofising ya lekala. Balebedi ba ba etang ba dumela gore ba tla tlamelwa ka dilo tse ba di tlhokang fa ba nna ba baya dilo tse di direlwang Bogosi Jwa ga Jehofa kwa pele, jaaka Jesu a solofeditse. (Luke 12:31) Diphuthego di tshwanetse go tsaya tsia tshiamelo e di nang le yone ya go bontsha moya wa go amogela baeng mo bagolwaneng bano ba ba ineetseng, ba ba di direlang.—3 Joh. 5-8.
KOMITI YA LEKALA
51 Ofisi nngwe le nngwe ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, e na le bakaulengwe ba le bararo kgotsa go feta, ba ba nang le ditshwanelego tsa Dikwalo ba ba direlang e le maloko a Komiti ya Lekala. Ke bone ba okamelang tiro ya go rera mo nageng kgotsa mo dinageng tse di tlhokometsweng ke ofisi eo ya lekala. Mongwe wa maloko a komiti eo o direla e le morulaganyi mo Komiting ya Lekala.
52 Maloko a Komiti ya Lekala a tlhokomela dikgang tse di amanang le diphuthego tsotlhe tse di mo tshimong ya lekala la bone. Komiti eno e okametse go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo tshimong yotlhe e e okametsweng ke ofisi ya lekala e bile e tlhomamisa gore go tlhomiwa diphuthego le dipotologo gore batho ba ba mo tshimong, ba tlhokomelwe sentle ka dilo tse ba di tlhokang. Gape Komiti ya Lekala e tlhokomela tiro ya barongwa le ya babulatsela ba ba kgethegileng, ba ka metlha le ba ba thusang. Fa go na le dikopano tse dinnye le tse dikgolo, komiti eno e dira dithulaganyo e bile e ntsha dikabelo gore “dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.”—1 Bakor. 14:40.
53 Mo dinageng dingwe tse di okametsweng ke Komiti ya Lekala ya naga e sele, go tlhongwa Komiti ya Naga. Seno se thusa gore tiro e tlhokomelwe sentle mo nageng e Komiti ya Naga e tlhomilweng mo go yone. E tlhokomela se se dirwang mo Legaeng la Bethele le mo ofising e e mo nageng ya bone, e ikgolaganya le lekala ka makwalo le go romela dipego e bile ke yone e etseng tlhoko se se diragalang mo tshimong. Komiti ya Naga e dirisana mmogo le Komiti ya Lekala go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi.
54 Setlhopha se se Laolang ke sone se tlhomang banna ba ba direlang e le maloko a Dikomiti Tsa Lekala le a Dikomiti Tsa Naga.
BAEMEDI BA NTLOKGOLO
55 Gangwe le gape Setlhopha se se Laolang se dira dithulaganyo tsa gore go nne le bakaulengwe ba ba tshwanelegang, gore ba etele makala otlhe go ralala lefatshe. Mokaulengwe yono o bidiwa moemedi wa ntlokgolo. Tiro ya gagwe ya konokono ke go kgothatsa lelapa la Bethele le go thusa Komiti ya Lekala ka mathata kgotsa dipotso tse ba ka tswang ba na le tsone malebana le go tsweletsa tiro ya go rera le go dira barutwa. Mokaulengwe yono o kopana le balebedi ba potologo ba ba tlhophilweng mme gape o kopana le barongwa. Fa a kopane le bone, o bua le bone ka mathata a bone le dilo tse ba di tlhokang, a ba kgothatsa mo dikarolong tse di tlhokegang tse di malebana le tiro ya bone ya botlhokwatlhokwa, e leng go rera ka Bogosi le go dira barutwa.
56 Moemedi wa ntlokgolo o kgatlhegela thata se se fitlheletsweng mo tshimong malebana le tiro ya go rera ka Bogosi le mo ditirong tse dingwe tsa phuthego. Fa nako e letla, a ka nna a etela diofisi tsa thanolo. Fa moemedi wa ntlokgolo a etetse lekala, gape o nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi.
Fa re ntse re ikobela balebedi ba ba tlhomilweng go disa letsomane, re nna seoposengwe le Tlhogo ya phuthego, Keresete Jesu
TIRO YA BOLEBEDI E E DIRWANG KA LORATO
57 Re solegelwa molemo thata ke tiro ya bonatla le tsela e e lorato e banna bano ba Bakeresete ba ba etelelang pele ba re tlhokomelang ka yone. Fa re ntse re ikobela balebedi ba ba tlhomilweng go disa letsomane, re nna seoposengwe le Tlhogo ya phuthego, Keresete Jesu. (1 Bakor. 16:15-18; Baef. 1:22, 23) Seno se dira gore moya wa Modimo o anamele mo diphuthegong tsotlhe go ralala lefatshe, le gore Lefoko la Modimo le kaele tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe.—Pes. 119:105.
-
-
Batlhanka ba Bodiredi ba Dira Tiro e e BotlhokwaRe Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
-
-
KGAOLO 6
Batlhanka ba Bodiredi ba Dira Tiro e e Botlhokwa
MOAPOSETOLOI PAULO o ne a kwalela phuthego ya kwa Filipi jaana: “Paulo le Timotheo, batlhanka ba ga Keresete Jesu, re kwalela baitshepi botlhe ba ba seoposengwe le Keresete Jesu ba ba mo Filipi, mmogo le balebedi le batlhanka ba bodiredi.” (Bafil. 1:1) Ela tlhoko gore o ile a dumedisa batlhanka ba bodiredi. Go bonala banna bano ba ile ba nna le seabe sa botlhokwa mo go thuseng bagolwane mo phuthegong mo motlheng oo. Go ntse fela jalo le mo motlheng wa rona. Batlhanka ba bodiredi ba dira ditiro tse dintsi tse di thusang balebedi le tse di dirang gore go nne le thulaganyo e e molemo mo phuthegong.
2 A o itse batlhanka ba bodiredi ba phuthego ya lona? A o lemoga tiro e ba e dirang e e go solegelang wena le phuthego yotlhe molemo? Eleruri, Jehofa o anaanela maiteko a banna bano fela thata. Paulo o ne a kwala jaana: “Banna ba ba direlang ka mokgwa o o molemo ba iponela boemo jo bo molemo le kgololesego e kgolo ya go bua mo tumelong kaga Keresete Jesu.”—1 Tim. 3:13.
DITSHWANELEGO TSA DIKWALO TSA BATLHANKA BA BODIREDI
3 Go lebeletswe gore batlhanka ba bodiredi ba tshele botshelo jo bo siameng jwa Bokeresete, e nne banna ba ba ka ikanngwang, e bile ba kgona go tlhokomela dikabelo tsa bone sentle. Seno se bonala sentle fa re akanya ka se Paulo a ileng a se bua mo lekwalong le a le kwaletseng Timotheo malebana le ditshwanelego tsa bone: “Batlhanka ba bodiredi ka tsela e e tshwanang ba tshwanetse go nna ba ba dirang dilo ka masisi, ba se temepedi, ba sa ineele mo beineng e ntsi, ba se bopelotshetlha jwa poelo ya go sa ikanyege, ba tshegeditse sephiri se se boitshepo sa tumelo ka segakolodi se se phepa. Gape, a bano ba lekwe pele gore a ba a tshwanela, go tswa foo a ba dire e le badiredi, e re ka ba se na se ba ka latofadiwang ka sone. A batlhanka ba bodiredi ba nne banna ba mosadi a le mongwe, ba okamela bana le ba ntlo ya bone ka mokgwa o o siameng.” (1 Tim. 3:8-10, 12) Go kgomarela melao e e kwa godimo e e beetsweng batlhanka ba bodiredi, go sireletsa phuthego mo ditatofatsong tse di ka dirwang malebana le banna ba ba neilweng maikarabelo a a kgethegileng.
4 Le fa batlhanka ba bodiredi ba ka tswa ba le bannye ka dingwaga kgotsa ba godile, ba nna le seabe ka matlhagatlhaga mo bodireding kgwedi le kgwedi. Ba etsa Jesu ka go bontsha gore ba tlhagafaletse bodiredi. Ka go dira jalo, ba bontsha gore ba na le boikutlo jo Jehofa a nang le jone jwa gore batho ba bolokwe.—Isa. 9:7.
5 Gape banna ba ba direlang e le batlhanka ba bodiredi ba tshwanetse go tlhoma sekao se se molemo mo tseleng e ba aparang ka yone, e ba ipaakanyang ka yone, mo puong, mo boikutlong le mo boitshwarong jwa bone. Ba itekanetse sentle mo mogopolong, e leng se se dirang gore ba bangwe ba ba tlotle. Mo godimo ga moo, ba tsaya kamano ya bone le Jehofa le maikarabelo a bone mo phuthegong masisi.—Tito 2:2, 6-8.
6 Banna bano ba ‘lekilwe pele gore a ba a tshwanelega.’ Tota le pele ga ba tlhomiwa, ba ile ba bontsha gore ruri ke banna ba ba ineetseng. Ba ile ba bontsha gore ba baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong jwa bone le gore ba leka ka natla go fitlhelela ditshiamelo dipe fela tsa tirelo tse di ka tswang di ba bulegetse. Ruri ke dikao tse di molemo tse ba bangwe mo phuthegong ba ka di etsang.—1 Tim. 3:10.
KAFA BA DIRELANG KA GONE
7 Batlhanka ba bodiredi ba direla bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ditiro tse di farologaneng tse di molemo mme seno se thusa balebedi go nna le nako e e oketsegileng ya go dira maikarabelo a bone a go ruta le go disa letsomane. Fa setlhopha sa bagolwane se naya batlhanka ba bodiredi dikabelo, se akanyetsa bokgoni jwa mongwe le mongwe wa bone le dilo tse phuthego e di tlhokang.
Batlhanka ba bodiredi ba dira ditiro tse di farologaneng tse di molemo mme seno se thusa balebedi go nna le nako e e oketsegileng ya go dira maikarabelo a bone a go ruta le go disa letsomane
8 Akanya fela ka dingwe tsa ditiro tseno tse ba di dirang: Mongwe wa batlhanka ba bodiredi a ka abelwa go tlhokomela dikgatiso, gore re itseele tse re di dirisang le tse re di abelang batho mo bodireding jwa tshimo. Ba bangwe ba abelwa go tlhokomela diakhaonto tsa phuthego kgotsa direkoto tsa tshimo. Ba bangwe ba abelwa go tlhokomela dimaekerofouno, go laola modumo wa dibuela godimo, go direla e le batlhokomedi le go thusa bagolwane ka ditsela tse dingwe. Go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa go tlhokomela Holo ya Bogosi le go e boloka e le phepa, ka jalo, gantsi batlhanka ba bodiredi ba kopiwa go thusa go dira maikarabelo ano.
9 Mo diphuthegong dingwe, go ka nna ga kgonega gore nngwe le nngwe ya ditiro tseno e abelwe motlhanka wa bodiredi. Kwa go tse dingwe, motlhanka wa bodiredi a le mongwe a ka tshwanelwa ke go dira dikabelo di le mmalwa. Mo maemong a mangwe, batlhanka ba bodiredi ba le mmalwa ba ka nna ba abelwa tiro e le nngwe. Fa go se na batlhanka ba bodiredi ba ba lekaneng go ka dira mangwe a maikarabelo ano, setlhopha sa bagolwane se ka rulaganya gore bakaulengwe ba bangwe ba ba kolobeditsweng ba ba tlhomang sekao, ba dire tiro eno e e botlhokwa. Seno se tla dira gore bakaulengwe bano ba kgone go nna le maitemogelo a a tla ba solegelang molemo moragonyana fa le bone ba setse ba tshwanelegela go tlhomiwa go nna batlhanka ba bodiredi. Fa go se na bakaulengwe, go ka kopiwa kgaitsadi yo o tlhomang sekao gore a thuse ka dilo dingwe, le fa gone tota a se kitla a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi. Motho yo o ntseng jalo ke yo batho ba bangwe ba ka etsang boitshwaro jwa gagwe le tsela e a direlang Modimo ka yone. O tlhomela ba bangwe sekao se se molemo ka go nna gone kwa dipokanong, ka go nna le seabe mo bodireding, ka botshelo jwa lelapa la gagwe, ka boitlosobodutu jo a bo tlhophang, ka tsela e a aparang ka yone le e a ipaakanyang ka yone le mo dilong tse dingwe.
10 Mo diphuthegong tse go nang le bagolwane ba le mmalwa fela, batlhanka ba bodiredi ba ba nang le bokgoni ba ka nna ba kopiwa go tlhatlhoba batho ba ba batlang go kolobediwa, ba dirisa dipotso tsa ba ba yang kolobetsong tse di buang ka dithuto tsa motheo. Dipotso tseno di fitlhelwa mo karolong e e reng, Dintlha Tse di Oketsegileng, “Karolo 1: Dithuto Tsa Bokeresete.” E re ka “Karolo 2: Tsela e Mokeresete a Tshwanetseng go Tshela ka Yone” e bua ka dikgang tse di masisi tsa botho, mogolwane ke ene a tshwanetseng go tlotla le ba ba yang kolobetsong ka karolo eno.
11 Fa go tshwanela, gangwe le gape setlhopha sa bagolwane se ka nna sa bona go le molemo gore se neye motlhanka yo mongwe wa bodiredi maikarabelo a a neng a neilwe motlhanka yo mongwe. Le fa go ntse jalo, go molemo thata gore bakaulengwe ba le bangwe ba dire maikarabelo a le mangwe ka lobaka lo lo rileng gore ba nne le maitemogelo le bokgoni.
12 Go ikaegile ka maemo, go ka nna ga nna le maikarabelo mangwe a a abelwang batlhanka ba bodiredi ba ditiro tsa bone tse di molemo di ‘bonatshegang mo bathong botlhe.’ (1 Tim. 4:15) Fa go se na bagolwane ba ba lekaneng, motlhanka wa bodiredi a ka nna a abelwa go direla e le mothusi wa molebedi wa setlhopha kgotsa mo maemong mangwe e le motlhanka wa setlhopha, a kaelwa ke bagolwane. Batlhanka ba bodiredi ba ka nna ba abelwa dipuo dingwe mo Pokanong ya Botshelo le Bodiredi, go akaretsa le go tshwara Thuto ya Baebele ya Phuthego fa go tlhokega le go baya dipuo tsa phatlalatsa. Ditshiamelo dingwe di ka nna tsa newa batlhanka ba bodiredi fa tota go tlhokega e bile ba tshwanelega go dira kabelo eo. (1 Pet. 4:10) Batlhanka ba bodiredi ba tshwanetse go intsha setlhabelo ka go rata fa ba thusa bagolwane.
13 Le fa gone tiro ya bone e farologana le ya bagolwane, le bone ba direla Modimo tirelo e e boitshepo e bile e botlhokwa gore dilo di tsamaye ka thelelo mo phuthegong. Fa nako e ntse e ya, fa batlhanka ba bodiredi ba dira maikarabelo a bone sentle ba bo ba tshwanelega go nna badisa le barutisi, ba ka nna ba buelelwa go nna bagolwane.
14 Fa o le mokaulengwe yo o mo dingwageng tsa bolesome kgotsa o sa tswa go kolobediwa, a o kgaratlhela go tshwanelegela go nna motlhanka wa bodiredi? (1 Tim. 3:1) E re ka batho ba le bantsi ba amogela boammaaruri ngwaga le ngwaga, go tlhokega banna ba ba tshwanelegang, gore ba rwale maikarabelo mo phuthegong. O ka kgaratlha ka go lwela go nna le keletso ya go thusa ba bangwe. Tsela nngwe ya go dira seno ke ka go tlhatlhanya ka sekao se se molemo sa ga Jesu. (Math. 20:28; Joh. 4:6, 7; 13:4, 5) Fa o ntse o bona boipelo jwa go abela ba bangwe, keletso ya go ba thusa e tla gola. (Dit. 20:35) Ka jalo, ithaopele go thusa ba bangwe, thusa go tlhokomela Holo ya Bogosi kgotsa go ithaopela kabelo nngwe mo Pokanong ya Botshelo le Bodiredi. Gape, go kgaratlha go akaretsa go lwela go nna le dinonofo tse moya o di tlhagisang ka go nna le thulaganyo e e molemo ya ka metlha ya go ithuta o le nosi. (Pes. 1:1, 2; Bagal. 5:22, 23) Mo godimo ga moo, mokaulengwe yo o kgaratlhang o bontsha gore a ka ikanngwa le gore o a ikanyega fa a neilwe dikabelo mo phuthegong.—1 Bakor. 4:2.
15 Batlhanka ba bodiredi ba tlhomiwa ka moya o o boitshepo gore phuthego e solegelwe molemo. Batho botlhe mo phuthegong ba ka bontsha gore ba anaanela tiro ya bonatla ya batlhanka ba bodiredi ka go dirisana sentle le bone fa ba ntse ba dira dikabelo tsa bone. Fa phuthego e dira jalo, e tla bo e bontsha gore e anaanela se Jehofa a se dirileng gore dilo di tswelele di tsamaisiwa ka thulaganyo mo phuthegong.—Bagal. 6:10.
-