PINA 39
Itirele Leina le le Molemo le Modimo
E e Gatisitsweng
1. Malatsi otlhe, Fa re ntse re tshela
Re batla go nna Re utlwa Jehofa.
Fa re kgaratlhela Go dira tshiamo,
Re ipedisa, Jah Modimo.
2. Lefatshe leno, Le ka re gogela
La dira gore, Re batle go tuma.
Go batla go tuma Ruri ke lefela
Go ka re dira baba ba Jah.
3. Re batla gore, Maina a rona
A nnele ruri, Mo bukeng ya ga Jah.
Fa re mo ikanya, Re tshelela ene
O tla re duela, Ka botshelo.
(Bona le Gen. 11:4; Dia. 22:1; Mal. 3:16; Tshen. 20:15.)