Ba Tsaya Kae Maatla a Bone?
FA O ka leba serurubele se se mo setshwantshong seno sentle, o tla bona gore longwe lwa diphuka tsa sone tse nnè ga lo dire gotlhelele. Lefa go ntse jalo, serurubele seno se tswelela pele ka go ja le go fofa. Eno ga se kgang e e sa tlwaelegang. Dirurubele di a tle di bonwe di dira tiro ya tsone ya letsatsi le letsatsi sentle fela mme diperesente tse 70 tsa diphuka tsa tsone di seyo.
Ka tsela e e tshwanang, batho ba le bantsi ba bontsha moya wa go itsetsepela. Lefa ba na le mathata a a masisi a mmele kana a maikutlo, ga ba tlogele.—Bapisa 2 Bakorinthe 4:16.
Moaposetoloi Paulo ka namana o ne a itshokela mathata a magolo mo mesepeleng ya gagwe ya borongwa. O ne a kgwathisiwa, a itewa, a kgobotlediwa ka maje, a bo a tsenngwa mo kgolegelong. Mo godimo ga moo, o ne a na le bokoa jwa mofuta mongwe, gongwe e le bothata jwa matlho a gagwe, jo ka metlha a neng a utlwa e le “mutlwa mo nameng.”—2 Bakorinthe 12:7-9; Bagalatia 4:15.
Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang David, yo o neng a lwantsha go nna a tshwenyega thata mo maikutlong ka dingwaga di le dintsi, o dumela gore maatla a ga Jehofa a nnile le seabe sa botlhokwa thata mo go foleng ga gagwe. “Gangwe le gape, go ne go lebega e kete kgatelopele e ke neng ke e fufuletse e ne e fela,” o tlhalosa jalo. “Fa ke kgobega marapo jalo, ke ne ke ikaega gotlhelele ka Jehofa mme o ne a ntshegetsa ruri. Ke ne ke a tle ke rapele ka lobaka lwa diura di le mmalwa nako e le nngwe fela. Fa ke ne ke bua le Jehofa, maikutlo a me a go jewa ke bodutu le go ikutlwa ke sena mosola a ne a fela. Ke ntse ke goga bokete mo metlheng ya fa ke le bokoa thata, mme ka thuso ya ga Jehofa, bokoa jono bo fedile mme go setse maatla—tota le maatla a go thusa ba bangwe.”
Jehofa Modimo o ne a nonotsha Paulo. Ka jalo, o ne a ka re: “Mogang ke leng bokoa, e be e le gone ke leng thata.” (2 Bakorinthe 12:10) Ee, makoa a ga Paulo a ne a mo ruta gore a ikaege ka maatla a a tswang kwa Modimong. “Nka dira dilo tsotlhe ka ene yo o nnonotshang,” moaposetoloi o ne a rialo. (Bafilipi 4:13) Jehofa ruri o nonotsha batlhanka ba gagwe.