-
O Thusitse go Anamisetsa Lesedi “Kwa Karolong e e Kwa Kgakalakgakala ya Lefatshe”Tora ya Tebelo—1999 | October 1
-
-
O Thusitse go Anamisetsa Lesedi “Kwa Karolong e e Kwa Kgakalakgakala ya Lefatshe”
MOAPOSETOLOI PAULO o ne a tle a anamisetse lesedi la semoya “go ya fela kwa karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba ba neng ba “sekametse sentle go bona botshelo jo bo sa khutleng ba [ne ba] nna badumedi.”—Ditiro 13:47, 48; Isaia 49:6.
Botshelo jwa ga William Lloyd Barry, yo e neng e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, yo o neng a ineetse e bile a dira ka natla a sa lape mo ditirong tsa Bokeresete, le jone bo ne bo bontsha keletso e kgolo jalo ya go anamisa lesedi la semoya. Mokaulengwe Barry o sule ka July 2, 1999, fa a ne a ile go nna le seabe ka tlhamalalo kwa kopanong ya kgaolo kwa Hawaii.
Lloyd Barry o tsholetswe kwa New Zealand ka December 20, 1916. Pelenyana ga foo, batsadi ba gagwe ba ile ba kgatlhegela boammaaruri jwa Baebele jo bo neng bo kwadilwe mo dikgatisong tsa ga C. T. Russell, tse di neng di phasaladiwa ke Watch Tower Bible and Tract Society. Ka gone, Mokaulengwe Barry o goletse mo lelapeng le le ineetseng la Bokeresete.
Le mororo Mokaulengwe Barry a ne a rata metshameko le thuto, mo e bileng a neng a na le dikirii ya tsa saense, o ile a tlhoma mogopolo thata mo dilong tsa semoya. Ka gone, ka January 1, 1939, o ile a tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng, a nna modiredi wa lelapa la Bethele kwa ofising ya Mokgatlho kwa Australia. Fa puso e sena go thibela Mokgatlho ka 1941, Mokaulengwe Barry o ile a tswelela a semeletse ka tiro ya mo ofising, ka dinako tse dingwe a abelwa go kwala dilo tse di neng di tla kgothatsa badumedikaene. Gape o ne a tlhoma sekao se se molemo mo bodireding jwa phatlalatsa.
Ka February 1942, Mokaulengwe Barry o ne a nyala modiredi yo mongwe wa nako e e tletseng. Mosadi wa gagwe yo o lorato e bong Melba, o ile a dira mmogo le ene ka boikanyegi mo dingwageng tseno tsotlhe kwa dikarolong tse dintsi tsa lefatshe. Ba ile ba tsaya kgato e kgolo mo tirelong ka go ya kwa tshimong ya dinaga di sele ka go tsenela setlhopha sa bo11 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate kwa United States. Kabelo ya bone e ne ya nna e batho ba le bantsi ba ka e tsayang e le ‘karolo e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe’—Japane. Fa ba sena go goroga koo ka November 1949, ba ile ba simolola go nna barongwa kwa motseng wa boemakepe wa Kobe. Ka nako eo go ne go na le batho ba le 12 fela ba ba neng ba rera dikgang tse di molemo kwa Japane. Mokaulengwe Barry o ile a ithuta puo le mekgwa ya batho ba legae leno la gagwe le lesha mme a rata batho ba Japane fela thata, ba a ileng a bereka le bone ka dingwaga tse 25 tse di neng tsa latela. Bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete ba palo ya bone e neng e ntse e oketsega kwa Japane, ba ne ba lemoga sentle kafa a neng a rata batho ba ba ‘sekametseng sentle go bona botshelo jo bo sa khutleng’ ka teng, mo go neng ga mo thusa go nna le matswela mo go eteleleng dilo pele kwa lekaleng ka masomesome a dingwaga.
Boora Barry ba ile ba fudusediwa kwa Brooklyn, New York mo bogareng jwa 1975, ka nako ya fa go ne go na le Basupi ba ka nna 30 000 kwa Japane. E re ka Mokaulengwe Barry e ne e le Mokeresete yo o tloditsweng ka moya, o ne a lalediwa go ya go nna leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. (Baroma 8:16, 17) Kitso ya gagwe ya bokwadi e ne ya nna mosola thata mo tirong ya gagwe e ntšha mo Lefapheng la Bokwadi. Mme kitso ya gagwe e e tseneletseng mo ditirong tsa lekala le tsa lefatshe lotlhe e ile ya mo thusa go nna le seabe se segolo mo go nneng leloko la Komiti ya Phasalatso ya Setlhopha se se Laolang.
Mokaulengwe Barry o ile a tswelela a ntse a rata dinaga tsa Botlhaba le batho ba teng go ralala dingwaga. Baithuti ba Sekolo sa Gileate le maloko a lelapa la Bethele ba ne ba itse gore ka metlha mo dipuong le mo dikakgelong tsa gagwe o ne a bua dikgang tse di itumedisang tsa batho ba bantsi ba ba leng mo tirong ya borongwa. Motho o ne a tle a bone sentle kafa ditiro tsa go rera ka Bogosi di dirwang ka teng “kwa karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe,” fa Mokaulengwe Barry a tlotla ka matlhagatlhaga ka dilo tse di mo diragaletseng ka namana. Dingwe tsa tsone di umakwa mo pegong ya botshelo jwa gagwe e e gatisitsweng mo go Tora ya Tebelo ya September 15, 1960 (ka Seesemane).
Re tshepa gore Mokaulengwe Barry o tla tswelela pele a rata batho ‘ba ba sekametseng sentle go bona botshelo jo bo sa khutleng,’ ka jaana e le ‘moruaboswammogo le Keresete.’ Ke boammaaruri gore, botlhe ba ba neng ba mo rata e bile ba mo itse e le monna wa semoya, yo o neng a ineetse ka bojotlhe mo go Jehofa e bile a rata batho ba Modimo thata, ba tla mo tlhologelelwa thata. Le fa go ntse jalo, re itumelela gore Mokaulengwe Barry o ile a itshoka ka boikanyegi go fitlha kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng.—Tshenolo 2:10.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Lloyd Barry le John Barr fa “Insight on the Scriptures” e ne e gololwa ka 1988
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Baalogi ba setlhopha sa bo11 sa Gileate, ba kopana gape kwa Japane morago ga dingwaga di le 40
-
-
O ka Itshoka go Fitlha Kwa BokhutlongTora ya Tebelo—1999 | October 1
-
-
O ka Itshoka go Fitlha Kwa Bokhutlong
“A re sianeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele.”—BAHEBERA 12:1.
1, 2. Go itshoka go bolela eng?
MOAPOSETOLOI PAULO o ile a kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Bahebera jaana: “Lo tlhoka boitshoko.” (Bahebera 10:36) Moaposetoloi Petere le ene fa a ne a gatelela botlhokwa jwa nonofo eno o ile a kgothatsa Bakeresete jaana: “Tsenyang mo tumelong ya lona . . . boitshoko.” (2 Petere 1:5, 6) Mme gone, tota boitshoko ke eng?
2 Dikishinare ya Seesemane le Segerika e tlhalosa lediri la Segerika le le ranolwang e le “go itshoka” e re ke “go nna o eme go na le go tshaba . . . go ema o tsepame, o sa ineele.” Buka nngwe e bua jaana malebana le lefoko la Segerika le le ranolwang e le “boitshoko”: “Ke moya wa go emelana le dilo, e seng wa go ineela motlhofo fela, go na le moo, wa go nna le tsholofelo e kgolo . . . Ke nonofo e e dirang gore motho a eme a tlhomame a lebagane le phefo. Ke boikutlo jo bo molemo jo bo thusang motho go fenya teko e e boitshegang ka gonne le mororo a boga, o akanya fela ka mokgele wa gagwe.” Ka jalo, boitshoko bo thusa motho go ema a tlhomame le fa a lebane le mathata le dikgoreletsi a sa felelwe ke tsholofelo. Ke bomang ba segolobogolo ba tlhokang nonofo eno?
3, 4. (a) Ke bomang ba ba tlhokang go nna le boitshoko? (b) Ke eng fa re tshwanetse go itshoka go fitlha kwa bokhutlong?
3 Bakeresete botlhe ba mo lobelong lwa tshwantshetso lo lo ba tlhokang boitshoko. Mo e ka nnang ka 65 C.E., moaposetoloi Paulo o ile a kwalela modirikaene yo gape e neng e le mopati wa gagwe yo o ikanyegang e bong Timotheo mafoko ano a a nametsang pelo: “Ke tlhabane tlhabano e e molemomogolo, ke siane tshiano go ya bofelong, ke bolokile tumelo.” (2 Timotheo 4:7) Fa Paulo a re “ke siane tshiano go ya bofelong,” o ne a tshwantsha botshelo jwa gagwe jwa Bokeresete le lobelo lo lo nang le tsela e a sianang mo go yone le mola o le felelang mo go one. Ka nako eo, Paulo o ne a le gaufi le go fitlha mo bowelong jwa lobelo lwa gagwe ka phenyo e bile o ne a na le tsholofelo ya gore o tla bona tuelo. O ile a tswelela pele a re: “Go tswa mo nakong eno go ya pele ke beetswe serwalo sa tshiamo, se Morena, moatlhodi yo o siameng, o tla se nnayang e le maduo mo letsatsing leo.” (2 Timotheo 4:8) Paulo o ne a sa belaele gore o tla bona tuelo ka gonne a ile a itshoka
-