Pina 121
A re Kgothatsaneng
E e Gatisitsweng
1. Fa re leka go kgothatsana
Godirela Jah ka metlha,
’Rato lwa rona lo’a nonofa;
Gape re nna le kagiso.
Batho ba ga Jah ba’a re rata
Mme seo se a re kgothatsa.
Dipokano ke botshabelo,
Mme di a re sireletsa.
2. A bo go lapolosa jang ne!
Gobo re nna re kgothatswa.
Ke mafoko a re a utlwang
Mo bathong ba ba re ratang.
Go molemo go dirisana
Le bakaulengwe ba rona.
Re batla go nna re kgothatsa
Ba bangwe le go ba thusa.
3. Fa re ntse re bona letsatsi
La ga Jah le atamela,
Ruri re tlhoka dipokano
Gore nonotsha tumelo.
Re direng mmogo ka kutlwano,
Fa re direla Jehofa.
A re kgothatsaneng ka metlha,
Gore re nne re thokgame.
(Bona le Luke 22:32; Dit. 14:21, 22; Bagal. 6:2; 1 Bathes. 5:14.)