Pina 49
Jehofa ke Botshabelo Jwa Rona
E e Gatisitsweng
1. Jehofa botshabelo,
Re ikanya wena.
Moriti wa Modimo;
Wa re sireletsa.
Gonne o tla re femela,
Fa re ikaega ka ene.
Jehofa; kago’e thata,
O femela basiami.
2. Le fa ’kete di swela
Gaufi le wena.
O nne o nonofile,
Jah wa sireletsa.
Ga o tlhoke go roroma
Gonne Jah o na le wena.
O tla bona poloko,
Mo ’phukeng tsa ga Jehofa.
3. Jah’o tla go sireletsa
Modikotsing tsotlhe.
Ga o tlhoke gotshoga
Kgotsa go boifa.
O ka se boife tawana;
Le noga o ka se’e tshabe.
Jehofa botshabelo,
Ka metlha wa tlhokomela.
(Bona le Pes. 97:10; 121:3, 5; Isa. 52:12.)