Potso 11
Go direga eng fa mongwe a swa?
“O lorole mme o tla boela mo loroleng.”
“Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele . . . Sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago, gonne ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole, lefelo le o yang kwa go lone.”
“[Jesu] a ba raya a re: ‘Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa, mme ke tsaya loeto go ya gone gore ke mo tsose mo borokong.’ Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bua ka ga loso lwa gagwe. Mme ba ne ba ithaya ba re o ne a bua ka ga go ikhutsa mo borokong. Jalo, ka nako eo Jesu a ba bolelela ka tlhamalalo a re: ‘Lasaro o sule.’”