Potso 18
O ka atamalana jang le Modimo?
“Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena.”
“Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”
“Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”
“Tota, [Modimo ga a] kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.”
“Seno ke se ke tswelelang ke se rapelela, gore lorato lwa lona lo tote fela thata ka kitso ya boammaaruri le temogo e e tletseng.”
“Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.”
“Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela. Ntlafatsang diatla tsa lona, lona baleofi, mme lo itshekise dipelo tsa lona, lona ba lo sa kgoneng go dira tshwetso.”
“Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”