Potso 3
Baebele e kwadilwe ke mang?
“Moshe a kwala mafoko otlhe a ga Jehofa.”
“Daniele a bona toro le diponatshegelo tsa tlhogo ya gagwe a le mo bolaong jwa gagwe. Ka nako eo a kwala toro ka boyone. A bolela pego e e feletseng ya dikgang tseno.”
“E rile lo amogela lefoko la Modimo, le lo neng lwa le utlwa mo go rona, lwa le amogela, e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo.”
“Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng.”
“Ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”