LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • igw ts. 8-ts. 9
  • Potso 5: Baebele E na Le Molaetsa Ofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Potso 5: Baebele E na Le Molaetsa Ofe?
  • Se se Mo Lefokong la Modimo (igw)
Se se Mo Lefokong la Modimo (igw)
igw ts. 8-ts. 9

Potso 5

Baebele e na le molaetsa ofe?

“Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.”

Genesise 3:15

“Setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago ka ntlha ya gore o reeditse lentswe la me.”

Genesise 22:18

“A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”

Mathaio 6:10

“Mme Modimo yo o nayang kagiso o tla tapeta Satane kafa tlase ga dinao tsa lona mo bogautshwaneng.”

Baroma 16:20

“Fa dilo tsotlhe di tla bo di beilwe mo taolong ya gagwe, go tswa foo Morwa ka boene le ene o tla ipaya mo taolong ya Ene yo o neng a baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, gore Modimo a nne dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.”

1 Bakorintha 15:28

“Jaanong ditsholofetso di ne tsa buiwa le Aborahame le losika lwa gagwe . . . , lo e leng Keresete. Mo godimo ga moo, fa lo le ba ga Keresete, tota lo losika lwa ga Aborahame.”

Bagalatia 3:16, 29

“Bogosi jwa lefatshe bo fetogile bogosi jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe, mme o tla busa e le kgosi ka bosaengkae le go ya go ile.”

Tshenolo 11:15

“Jalo kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni; ya piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase le yone.”

Tshenolo 12:9

“A tshwara kgogela, noga ya kwa tshimologong, yo e leng Diabolo le Satane, a ba a mmofa dingwaga di le sekete.”

Tshenolo 20:2

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela