Potso 6
Ke eng se Baebele e se boleletseng pele ka ga Mesia?
BOPOROFETI
“Wena, Bethelehema Eferatha, . . . go tswa mo go wena go tla tla mo go nna yo o tla nnang mmusi mo Iseraele.”
TIRAGATSO
“Fa Jesu a sena go tsalwa kwa Bethelehema wa Judea mo malatsing a ga Herode kgosi, bona! balepadinaledi ba ba tswang kwa dikarolong tsa botlhaba ba tla kwa Jerusalema.”
BOPOROFETI
“Ba kgaogana diaparo tsa me, mme diaparo tsa me ba di tshelela bola.”
TIRAGATSO
“E rile masole a sena go bapola Jesu, a tsaya diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle a di kgaoganya dikarolo di le nnè . . . Mme seaparo sa kafa teng se ne se se na moroko, se rarilwe go tswa kwa godimo go ya le boleele jwa sone. Jalo ba raana ba re: ‘A re se se gagoleng, mme a re se tlhomamiseng ka bola gore e tla nna sa ga mang.’”
BOPOROFETI
“O disa marapo otlhe a yoo; ga go na lepe la one le le robegileng.”
TIRAGATSO
“Fa ba tla mo go Jesu, ka ba ne ba bona gore o ne a setse a sule, ba se ka ba roba maoto a gagwe.”
BOPOROFETI
“O ne a tlhabelwa ditlolo tsa rona.”
TIRAGATSO
“Mongwe wa masole a tlhaba letlhakore la gagwe ka lerumo, ka yone nako eo madi le metsi tsa tswa.”
BOPOROFETI
“Ba ntuela tuelo ya me, dipapetla tsa selefera di le masome a mararo.”
TIRAGATSO
“Foo mongwe wa ba ba lesome le bobedi, yo o bidiwang Judase Isekariota, a ya kwa baperesiting ba bagolo mme a re: ‘Lo tla nnaya eng gore ke mo okele mo go lona?’ Ba mo tlhomamisetsa dipapetlana tsa selefera di le masome a mararo.”