Potso 8
A Modimo o tshwanetse go pegwa molato ka go bo batho ba boga?
“A go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo, le Mothatayotlhe go dira ka tshiamololo!”
“Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.”
‘Latlhelang tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.’
“Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.”