LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g01 12/8 ts. 16-18
  • Ke Tshwanetse go Itshwara Jang mo Bathong ba ba Galefileng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Tshwanetse go Itshwara Jang mo Bathong ba ba Galefileng?
  • Tsogang!—2001
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa o ka Itshwarang ka Gone fa o Galefelwa ke Batho
  • Bonolo—A ke Bokoa Kgotsa Nonofo?
  • Dikai Tsa Baebele Tsa Batho ba ba Bonolo
  • “Tswa o Tsamaye”
  • O ne A Dira Dilo ka Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Abigaile le Dafide
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • O ne A Dira Tshwetso e e Botlhale
    Etsa Tumelo ya Bone
  • “Temogo ya Motho Ruri e Fokotsa Bogale Jwa Gagwe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2001
g01 12/8 ts. 16-18

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Tshwanetse go Itshwara Jang mo Bathong ba ba Galefileng?

“O ne a tuka bogale. Ke akanya gore o ne a batla go mpetsa ka ntlha ya gore a ne a bona ke le monnye. Fa ke ntse ke boela morago, ke ne ke ntse ke mo raya ke re: ‘Ema pele! Iketle pele! Iketle pele! O mpeletsang? Ga ke a go dira sepe. Ga ke itse le gore ke eng se o se galefetseng. A re ka bua ka gone?’”—David wa dingwaga di le 16.

AO KILE wa galefelwa ke mokgerisi mongwe? Baebele e boleletse pele gore batho gompieno ba tla bo ba le “bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo.” (2 Timotheo 3:3) Le fa o ka tswa o dirile sotlhe se o ka se kgonang go tila “go nna molekane le ope yo o tlwaetseng go nna bogale . . . , le yo o shakgalang thata,” go ka nna le dinako tse o ka se kgoneng go tila batho ba ba galefileng ka tsone. (Diane 22:24) O tshwanetse go itshwara jang fa o iphitlhela o le mo boemong jo bo ntseng jalo?

Kafa o ka Itshwarang ka Gone fa o Galefelwa ke Batho

Basha ba le bantsi gompieno ba ka tsiboga ka go galefa le bone. Mme go dira jalo go baka fela botlhoko jo bogolo. Mo godimo ga moo, go palelwa ke go ithiba go dira gore o itshwanele fela le motho yo o galefileng. Diane 26:4 e bolela jaana: “O se ka wa araba ope yo o sematla go ya ka boeleele jwa gagwe, gore le wena o se ka wa tshwana le ene.” Jeremy yo mmotlana o ne a ithuta boammaaruri jwa mafoko ano botlhokonyana. O gakologelwa a ntse mo tafoleng a ja kwa sekolong: “Go ne go na le setlhopha sa basimane ba ba neng ba tlwaetse go sotlana le go sotla batho ba bangwe. Gantsi ba ne ba bua ka nna. Gantsi ke ne ke itlhokomolosa dipuo tsa bone. Le fa go ntse jalo, fa yo mongwe wa bone a ne a simolola go bua ka mmè, ke ne ka palelwa ke go itshwara mme ka mo kgorogela ke galefile.” Go ne ga felela jang? “O ne a mpetsa tota,” Jeremy o bolela jalo.

Baebele e ntsha kgakololo eno e e botlhale: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.” (Diane 15:1) Ee, go bua “lefoko le le utlwisang botlhoko” fa o galefetswe go gakatsa seemo fela. Le fa go ntse jalo, karabo e e bonolo gantsi e ka ritibatsa maemo le go fedisa bogale.

Gakologelwa David, yo o umakilweng kwa tshimologong. O ne a kgona go kopa mokgerisi gore a mo tlhalosetse gore o galefetseng. Go ne ga lemotshega gore mongwe o ne a utswile dijo tsa mokgerisi yono, mme jaanong o ne a ntshetsa go betwa ke pelo ga gagwe mo mothong wa ntlha yo a neng a kopana le ene. “Go mpetsa ga go kitla go dira gore o bone dijo tsa gago,” David o ne a mmolelela jalo. Go tswa foo o ne a akantsha gore ba ye mmogo kwa lebenkeleng le le rekisang dijo. “E re ka ke ne ke itse morekisi koo,” David o gakologelwa jalo, “ke ne ka kgona go mo rekela dijo. O ne a ntshwara ka letsogo, mme a nna botsalano mo go nna morago ga moo.” A o bona ka tsela e mafoko a a bonolo a kgonang go nna maatla ka gone? Fela jaaka seane se bolela, “loleme lo lo bonolo lo ka roba lerapo.”—Diane 25:15.

Bonolo—A ke Bokoa Kgotsa Nonofo?

Gone ke boammaaruri gore kgopolo ya go nna le “loleme lo lo bonolo” e ka utlwala e se monate go le kalo. Go ka nna ga bonala go raya gore o thata kgotsa o monna tota fa o lwantsha bogale ka bogale. O ka nna wa boifa gore fa o le bonolo, ba bangwe ba tla akanya gore o bokoa fela thata. Mme go bolela eng go nna bonolo? Go ya ka buka nngwe, go nna bonolo go bolela go nna pelonomi. Le fa go ntse jalo, buka eno e oketsa jaana: “Motho yo o bonolo gantsi o thata fela jaaka tshipi.” Ka jalo, bonolo ga bo supe gore o bokoa mme bo supa gore o nonofile. Jang?

Lebaka legolo ke gore motho yo o bonolo o a ikgapha e bile ga a fekeediwe motlhofo. Mo letlhakoreng le lengwe, motho yo o seng bonolo o lebega a sa sireletsega, a kgobegile marapo kgotsa a tlaletswe. Gape ga a na boikgapo. A ka iphitlhela a na le dikgotlhang le ba bangwe nako le nako ka ntlha ya go retelelwa ke go laola maikutlo a gagwe. Ee, “motho yo o sa thibeng moya wa gagwe, o tshwana le motse o o thubilweng, o o se nang lobota.” (Diane 25:28) Ka jalo he, motho yo o bonolo ke ene a leng thata!

Dikai Tsa Baebele Tsa Batho ba ba Bonolo

Akanya ka Jesu Keresete. O ne a itlhalosa a le “bonolo e bile a le boikokobetso mo pelong.” (Mathaio 11:29) Le ka motlha ga a ise a ko a galefe kgotsa a tlhoka tekatekanyo, le fa e le go busolosa go utlwisiwa botlhoko ka go utlwisa botlhoko. Tota e bile, moaposetoloi Petere, tsala e kgolo ya ga Jesu, o ne a bega jaana: “E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a tshosetsa, mme a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.” (1 Petere 2:23) Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore ene Jesu yono o ne a “tsena mo tempeleng mme a lelekela kwa ntle botlhe ba ba rekisang le ba ba rekang mo tempeleng.” (Mathaio 21:12) Jesu o ne a ka kopa ‘mephato e e fetang e le lesome le bobedi ya baengele’ fa a ne a ka tlhoka thuso ya Modimo. (Mathaio 26:53) Nnyaa, o ne a se bokoa.

Akanya gape ka sekai se Moatlhodi Gidione a se tlhomileng, jaaka go begilwe mo Baebeleng mo go Baatlhodi 8:1-3. Morago ga phenyo e kgolo ya ntwa, masole a mangwe go tswa mo morafeng wa Eferaima a ne a kgopisega ka ntlha ya gore ba ne ba ikutlwa gore ga ba a ka ba fiwa tshono ya gore ba nne le seabe mo go galaletseng ntwa. Ba ne ba mmotsa jaana: “‘Ke selo sa mofuta mang seno se o se re dirileng ka go sa re bitse fa o ne o ya go tlhabana le Bamidiana?’ Mme ba leka go tsosa komano le ene ka bogale.” Jaanong Gidione e ne e le “seganka, yo o thata.” (Baatlhodi 6:12) Go ne go ka nna motlhofo gore a ba galefele fa ba mo rumola ka tsela eno. Go na le moo, o ne araba ka tsela e e bonolo e e neng ya kgoba banna bao ba ba neng ba tuka bogale marapo. Gidione o ne a botsa jaana: “Jaanong nna ke dirile eng fa ke bapisiwa le lona?” Matswela a karabo eno e e bonolo e ne ya nna eng? ‘Moya wa bone wa ritibala kaga gagwe.’

Labofelo, akanya ka pego ya Baebele ya mosadi yo o bidiwang Abigaile. Dafide o ne a iphitlhetse mmaba wa gagwe Saulo, kgosi ya Iseraele jaaka motshabi. Le fa Dafide e ne e le motshabi, gantsi banna ba gagwe ba ne ba disa le go sireletsa Baiseraele ka bone. Monna yo mongwe yo ba neng ba mo thusa e ne e le monna wa ga Abigaile, e bong Nabale, monna yo o humileng fela thata. Le fa go ntse jalo, Nabale o ne a le “bogale e bile a le bosula mo ditirong tsa gagwe.” Fa banna ba ga Dafide ba ne ba tlhoka dijo, ba ne ba kopa Nabale gore a ba fe dijo. Go na le gore a anaanele tshireletso ya mahala e a e filweng ke setlhopha sa ga Dafide, Nabale o ne a “kgalema a goa” baromiwa ba ga Dafide le go ba romela morago ba sa tshola sepe.—1 Samuele 25:2-11, 14.

Fa Dafide a utlwela ka seno, o ne a tlala bogale le go laela banna ba gagwe jaana: “A mongwe le mongwe a gatlhe tšhaka ya gagwe!” Dafide le banna ba gagwe ba ne ba le mo letsholong la go ya go bolaya Nabale le maloko otlhe a banna a lelapa la gagwe a a se nang molato fa Abigaile a tsereganya. O ne a kgatlhantsha Dafide, a mo abela dijo le dino ka bopelotshweu. O ne a kopa maitshwarelo ka boitshwaro jo bo se nang seipato jwa monna wa gagwe le go kopa Dafide gore a rekegele matshelo a a se nang molato.—1 Samuele 25:13, 18-31.

Kopo e e bonolo ya ga Abigaile e ne ya kganela bogale jwa ga Dafide. Ee, fa Dafide a lemoga ka tsela e bogale jwa gagwe bo neng bo le kotsi ka gone, o ne a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o go rometseng mo letsatsing leno gore o tle go nkgatlhantsha! Mme a go bakwe tlhaloganyo ya gago, mme go bakwe wena yo o nthibetseng mo letsatsing leno gore ke se ka ka tsena mo molatong wa madi le gore seatla sa me se mpoloke.” (1 Samuele 25:32-35) Ee, mo maemong a le mantsi ‘karabo fa e le bonolo’ e ka thibosa bogale jwa batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, go tweng fa karabo ya gago e e bonolo e se na matswela a a ntseng jalo?

“Tswa o Tsamaye”

O ka tila go senyetsa dilo pele ka gore o itsamaele. Baebele e bolela jaana: “Fa go se nang dikgong teng molelo o a tima.” E gakolola gape jaana: “Pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.” (Diane 17:14; 26:20) “Mosimane mongwe yo o itsegeng kwa sekolong o ne a tla mo go nna e bile a batla go tlotla,” go bolela jalo Merissa yo o nang le dingwaga di le 17. “O ne a mpolelela gore ke montle. Ka bonakonyana fela, mosetsana yo a ratanang le ene o ne a tla mo go nna a galefile fela thata. O ne a ntatofatsa ka gore ke mo tseela lekau la gagwe e bile o ne a batla go ntwantsha. Ke ne ka leka go mo tlhalosetsa se se diragetseng, mme le fa go ntse jalo o ne a sa batle go reetsa. Morago ga sekolo o ne a tla le basetsana ba bangwe go tla go mpetsa! Ke ne ka tabogela kwa motlhokomeding ka bonako, mme ka tlhalosetsa mosetsana yo o galefileng yono gore ga ke lwe le gone e ne e le lekau la gagwe le le neng la tla kwa go nna. Morago ga moo ke ne ka itsamaela.” Merissa ga a ka a letlelela maikutlo a gagwe a mo laola. Ga a ka a tloga fela mo ntweng, mme gape o ne a tsaya dikgato tsa gore a itshireletse. Fela jaaka Diane 17:27 e bolela, “ope fela yo o thibelang mafoko a gagwe o na le kitso, mme motho yo o nang le temogo o na le moya o o ritibetseng.”

Le fa go ntse jalo, go tweng jaanong fa e le gore ke wena yo o tshwanetseng go pegwa molato ka go bo o rumotse yo mongwe gore a galefe—gongwe o ne o sa ikaelela? Kopa maitshwarelo, e bile o a kope ka bonako! Seno e ka nna ya bo e le sone fela se se tlhokegang gore re se dire go tila bogale jwa motho yo mongwe. Tseno ke dinako tse di tletseng ka mathata, mme batho ba le bantsi ba galefagalefa fela. Mme fa e le gore o dirisa melaometheo ya Baebele ka tsela e o itshwarang ka yone, go ka direga gore o tile go galefelwa ke motho yo mongwe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

“Karabo, fa e le bonolo, e thibosa bogale”

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ka dinako tse dingwe o tshwantse gore o tswe o itsamaele fela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela