“Nthuseng Tsweetswee! Ke Ikantse Lona Fela”
NGAKA NNGWE YA KWA YUNIBESITHING ya Kalafi ya Kaunas kwa Lithuania e ne ya konela lekwalo le e neng e le kwaletse ofisi ya Basupi ba ga Jehofa kwa nageng eo ka mafoko a a fa godimo. Ngaka eo e ne ya tlhalosa jaana:
“Ke ne ka simolola go bala buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo kwa tirong. Ke ne ke ikaeletse go dirisa tshedimosetso e e tswang mo go yone mo ditlhogong dingwe tse ke neng ke di kwala, mme go ne ga direga sengwe mme buka eo ya nyelela. Go lebega mongwe a e tsere. Seno se ne sa ntshwenya tota—ka go bo ke latlhegetswe ke sengwe se ke neng ke se rata thata. Tsweetswee nthomelelang khopi e nngwe.
“Ke tlhoka buka eno thata ka gonne ke etela dikolo e bile ke dirisa nako ya me ke na le basha, mme buka eno e nthusa go araba dipotso tsa bone tse dintsi. Fa nka amogela khopi e nngwe, ke tla e baya kwa gae mme ke tla e tlhokomela thata. Buka eno e tshotse sengwe sa botlhokwa thata, mme ke sone se mongwe a tshwanetseng a bo a e tsere. Mo metlheng eno e e thata, go botlhokwa gore motho a nne le sengwe se se mo nonotshang. Nthuseng tsweetswee! Ke ikantse lona fela.”
Buka ya Dipotso Tse Basha ba Di Botsang e araba dipotso tse dintsi tse basha ba di ipotsang, jaaka: “Ke ka Dira Jang Gore Batsadi Ba me Ba Nneye Kgololesego e Kgolwane?,” “A Ke Tshwanetse go Tlogela Legae?,” “Ke Ka Kgona Jang go Dira Ditsala tsa Mmatota?,” “Ke Tshwanetse go Tlhopha Tiro Efe mo Botshelong?,” “Go Tweng Kaga go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo?,” le “Ke Ka Itse Jang Fa E Le Lorato lwa Mmatota?” Ditlhogo tse di fa godimo ke tse mmalwa fela tsa dikgaolo tsa yone. Gore o kope khopi ya buka eno, tlatsa setlankana se se fa tlase mme o se romele kwa atereseng e e bontshitsweng mo setlankaneng seno kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.
□ Tsweetswee nthomelelang khopi ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo.
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.