Ba ne Ba Lebilwe
BASHA ba babedi ba ne ba ema kwa resetšhurenteng gore ba je sefitlholo mo toropong e potlana ya Ohio, kwa U.S.A. Jaaka e le tlwaelo ya bone, ba ne ba oba ditlhogo ba rapela mo pelong pele ga ba ja.
Morago ga seo, mosadi yo o neng a ntse a ba lebile o ne a tla kwa tafoleng ya bone mme a tsaya rasiti ya bone. O ne a ba raya a re: “Mo lefatsheng le re utlwang dilo tse dintsi tse di bosula ka basha, go a lapolosa go bona makawana a mabedi a a iphang nako ya go leboga Modimo fa a ja. Nka rata go duelela sefitlholo sa lona.”
Basimane bao ba ne ba gakgametse thata mme le gale ba kgona go mo leboga. Morago ga moo ba ne ba akanya gore ba ne ba sa batle gore mosadi yoo a akanye gore ba ne ba rapela Modimo mongwe le mongwe fela. Ka jalo yo mongwe wa bone o ne a ya kwa go mmè yoo, mme fa a sena go mo leboga gape, a mo tlhalosetsa gore ke Basupi ba ga Jehofa.
Basupi ba ga Jehofa ba tlwaetse go ithuta Baebele le ba malapa a bone. Batsadi ba basimane bano ba ne ba dirile sone seo. Nngwe ya dikgatiso tse malapa ao a di ithutileng ke Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Mo dikgaolong tsa yone tse 19, buka eno e na le setlhogo se se buang ka thapelo, se se reng “Kafa O Ka Atamalanang Le Modimo Ka Teng.”
O ka kopa khopi ya buka eno e e thusang go ithuta Baebele e e nang le ditsebe tse 192 ka go tlatsa le go romela foromo e e fa tlase kwa atereseng e e bontshitsweng kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.
□ Tsweetswee nthomeleleng khopi ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.