LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g04 4/8 ts. 18
  • Ba ne Ba Falola Morwalela!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba ne Ba Falola Morwalela!
  • Tsogang!—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhagafalela go Direla Jehofa Gongwe le Gongwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2011
  • Phuthego E ne E “Tshela ka Kagiso”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Go Godisa Bana ba ba Tlhokang Tlhokomelo e e Kgethegileng
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2004
g04 4/8 ts. 18

Ba ne Ba Falola Morwalela!

Ka mokwadi wa Tsogang! kwa SWITZERLAND

KA October 2000, go ne ga begwa ka merwalela mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Dipula tse dikgolo di ne tsa kolobetsa dithaba, mme kgosomano ya mmu e ne ya gogola mefuta yotlhe ya matlakala tota le ditlhare!

Masetlapelo ano a ne a diragala le kwa kgaolong ya Valais e e kwa borwa jwa Switzerland. Karolo eno ya lefatshe e kgaogantswe ka boleele jwa yone ke noka ya Rhône, e e elelang go ela kwa bophirima go tswa kwa kgapetlakeding ya Rhône e e simologang kwa Central Alps go ya Mokgatšheng wa Geneva—e leng sekgala sa dikilometara di ka nna 170. Dithaba tse di mo matlhakoreng oomabedi a noka di dira gore metsi a a tswang mo melatswaneng e le mmalwa ya bogolo jo bo sa tshwaneng a elele mo nokeng eno. Gantsi metsi ano a elela sentle. Mme fa pula e ka na thata mo karolong eno yotlhe, gantsi go nna le masetlapelo.

Go ne ga nna jalo segolobogolo kwa Gondo, kwa molelwaneng wa Italy. Motse ono o o mo dithabeng wa baagi ba le 150 o ne wa tlhaselwa ke go gosomana ga seretse le maje tse di neng tsa senya karolo e kgolo ya one. Ka bonako fela dikarolo tse dingwe tsa Valais di ne tsa nna le merwalela ka ntlha ya dipula tse dikgolo. Ditsela le diporo tsa terena di ne tsa tswalega, mme matlo a ne a simolola go tlala ka seretse le maje. Mo mafelong mangwe seretse se ne sa koelana bogodimo jwa dimetara di le nnè. Mosadi mongwe o ne a lebeletse seretse se se fetang bogodimo jwa dimetara di le 30 fa se ntse se gosomana se bo se gogolela maje a magolo le ditlhare go ela kwa motseng wa gaabo!

Banyalani bangwe, e bong Markus le Tabitha ba ne ba nna kwa Mörel ka nako ya fa masetlapelo ano a direga. Markus o gakologelwa jaana: “Morago fela ga 6:00 a.m. re ne ra tsosiwa ke modumo o o kwa teng le go tshikinyega ga lefatshe. Ke ne ka tswela kwa ntle ka lebone go bona gore go diragalang, mme ka tshosiwa ke se ke neng ka se bona. Matlo le marogo a ne a sentswe ke maje a magolo, mme koloi ya rona e ne e thubaganetse mo ntlong ya moagelani. Go ela kwa tlase, moagelani le mosadi wa gagwe ba ne ba gaeletswe mo ntlong ya bone. Ke ne ka ba thusa go tswa ka fensetere. Fa ke sena go boela gae, nna le Tabitha re ne ra kgona go tsaya dilwana di le mmalwa tsa rona.”

Markus le Tabitha ke Basupi ba ga Jehofa, mme ba ne ba tshabela kwa badumeding mmogo le bone ba ba neng ba se mo lefelong la kotsi. Markus a re: “Le fa gone re ile ra falola, Tabitha o ne a sa ntse a garotswe pelo ke tiragalo eno ka malatsi a le mmalwa moragonyana.” Ke eng se se ileng sa mo thusa gore a itshokele seno? Tabitha o araba ka gore: “Ke thusitswe ke botsala le tshegetso ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo tumelong. Ke ne ka thusiwa le ke kamego e e neng ya bontshiwa ke baagelani ba rona ba le bantsi.”

Markus le Tabitha ba ne ba gakologelwa lekwalo la Diane 18:24, le le bolelang gore go na le “tsala e e ngaparelang go gaisa morwarra motho.” A bo ditsala tse di ntseng jalo di le botlhokwa jang ne ka nako ya fa go na le masetlapelo!

[Mmapa mo go tsebe 18]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Lefelo le le sentsweng ke masetlapelo

Gondo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Markus le Tabitha

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Mise à disposition par www.crealp.ch

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela