LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g04 7/8 ts. 3
  • Boipelo le Dikgwetlho Tsa Bosha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boipelo le Dikgwetlho Tsa Bosha
  • Tsogang!—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bosha—Go Ipaakanyetsa go Nna Mogolo
    Tsogang!—2011
  • Go Baakanyetsa Basha ba Dingwaga Tsa Bolesome go Nna Bagolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Fa Ngwana wa Gago Yo o Mo Dingwageng Tsa Bosha a Belaela Bodumedi Jwa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2004
g04 7/8 ts. 3

Boipelo le Dikgwetlho Tsa Bosha

NAKO ya bosha e ka nna nako e e itumedisang fela thata mo botshelong. Ee ruri, ba le bantsi ba e itumelela. Mme le bagolo ba le bantsi ba tlala boitumelo fa ba akanya ka dingwaga tsa bone tsa bosha.

Kafa letlhakoreng le lengwe, re tshwanetse go lemoga gore re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Seno se okeleditse basha mathata a ba nang le one, mathata a a farologaneng le a kokomana e e fetileng e neng e na le one. Gongwe ke sone se Sabrina Solin Weill, yo e leng mokaedi wa kgatiso ya makasine wa basha, a tlhalosang nako eno ya bosha a re e tshwana “le go tsamaya mo godimo ga mogala o o gagametseng wa mojiminasi mme go se na letloa kwa tlase le le tla go tshwarang fa go ka direga gore o we.” Ee ruri, nako eno ya botshelo e e feretlhang maikutlo e ka tlala ka mathata, tlhobaelo le go tlhakana tlhogo. Weill a re: “Fa basha ba le mo nakong eno e e fa gare ga bongwana le bogolo, ba tshwanelwa ke go lepalepana le dilo tse di sa rategeng tsa bongwana le tsa bogolo ka nako e le nngwe.”

Fa e le gore o mosha, o ka itshokela jang dikgwetlho tse o lebanang le tsone? Fa e le gore o motsadi yo o nang le ngwana wa dingwaga tsa bolesome, ke eng se se ka go thusang go gakologelwa gore dingwaga tseno tse di tletseng mathata di ne di ntse jang mme ka go dira jalo o kgone go tlhaloganya botoka dilo tse di diragalelang morwao kgotsa morwadio? Mo ditlhogong tse di latelang, re kopa basha le batsadi gore ba sekaseke sentle kgang eno ya bosha. Go dira jalo go tla thusa basha e seng fela gore ba kgone go itshokela dingwaga tsa bolesome mme gape le gore ba di itumelele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela