Fa go Tshwenyega ka Tsela e o Lebegang ka Yone e Setse e Nna Bolwetse
FA BONTSI jwa rona re iteba mo seiponing, re bona dikarolo tse di rileng tsa mmele wa rona tse re akanyang gore di ka tokafadiwa. Ka jalo re rulaganya sesha diaparo tsa rona kgotsa moriri kgotsa re itshasa ditlolontlafatsi re bo re tswelela pele ka ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi. Go tshwenyega jalo ka tsela e re lebegang ka yone go tlwaelegile e bile go tshwanetse. Mme batho bangwe bone tsela e ba tshwenyegang ka yone ka ditebego tsa bone e feteletse, e baka selo se dingaka di se tsayang e le bolwetse.
Merck Manual of Diagnosis and Therapy e tlhalosa bolwetse jono e le “go tshwenyega thata ka karolo nngwe ya mmele e e sa lebegeng sentle, go go bakang go tshwenyega thata mo mogopolong kgotsa go sa batle go nna mo gare ga batho, go nna le mathata kwa tirong kgotsa mo dikarolong tse dingwe tse di botlhokwa tsa botshelo.”a Ka gonne batho ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jono ba ka nna ba bona e kete karolo nngwe ya mmele wa bone ga e a siama kgotsa ba feteletsa karolo nngwe ya bone e e sa lebegeng sentle, gantsi ba na le go ipona ba le maswe.
Porofesa J. Kevin Thompson wa Yunibesithi ya South Florida, kwa United States, a re go bonala bolwetse jono bo sa tlwaelega, “gongwe bo tshwara diperesente di le 1,0-2,0 tsa batho ba ba tlwaelegileng le diperesente di le 10-15 tsa balwetse ba tlhaloganyo.” Le fa go ntse jalo, o oketsa jaana: “Babatlisisi bangwe ba dumela gore bolwetse jono bo a oketsega, e re ka mekgwa ya go bo tlhatlhoba e tokafala e bile batho ba tshwenyega thata ka tsela e ba lebegang ka yone.” Le mororo bolwetse jono bo ka ama batho ba dingwaga tsotlhe, gantsi bo simolola ka basha ba dingwaga tsa bolesome. Fa e le ka bagolo, go bonala bo tshwara banna le basadi ka go lekana. Seno se farologana thata le bolwetse jwa go ja, jo gantsi bo tshwarang basadi.
Gantsi batho ba ba tshwenyegileng thata ka ditebego tsa bone ba na le go iteba nako le nako mo seiponing mme mo makgetlhong a le mmalwa ba feleletsa ba itlhaola mo bathong. Se se maswe le go feta, Merck Manual ya re “mathata a a amanang le bolwetse jono a ka dira gore motho a robadiwe gangwe le gape kwa bookelong le go batla go ipolaya.” Ga go gakgamatse go bo balwetse bangwe ba batla go baakanya bokoa bongwe jo ba nang le jone ka karo. Dr. Katharine Phillips yo o kwadileng buka ka bolwetse jono a re: “Gantsi ga ke rotloetse motho go dira karo epe.” O tlhalosa jaana: “Karo e ka se dirololwe e bile batho ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jono gantsi ba na le maikutlo a gore karo ga ya ba thusa.”b
Ka nako e nngwe, bolwetse jono bo bonala go tloga bonyaneng. George Street Journalc e bega ka mosimanyana wa dingwaga di le thataro “yo o neng a dumela gore meno a gagwe a timpetse, o ‘nonne’ dimpa le gore moriri wa gagwe o ne o sa kgotsofatse. Go ne go se na ‘bokoa’ bope jwa gagwe jo batho ba neng ba bo bona. O ne a tle a kame moriri wa gagwe sebaka sa ura moso mongwe le mongwe, mme fa a ne a sa kgone go dira gore moriri wa gagwe o lebege o ‘siame’ o ne a tlhapa tlhogo ya gagwe gape a bo a simolola a o kama gape, mme seno gantsi se ne se dira gore a nne thari kwa sekolong.” Letsatsi lengwe, fa a ne a goroga kwa ofising ya ngaka, o ile a bo a khubama go bona gore o lebega jang mo tshiping e e phatsimang ya setulo.
O se Ka wa Letla Lefatshe go Laola Tsela e o Ikutlwang ka Yone
Dimakasine tse di bontshang bommabontle, makwalodikgang le diphasalatso tsa thelebishene di bontsha batho ditshwantsho tse dintsintsi tsa batho ba go tweng ba bantle thata. Babapatsi ba akantsha jaana: Bontsha setshwantsho se se rileng e le se se amogelesegang mme batho ba tla senya madi a bone a ba a bereketseng ka natla gore ba lebege jaaka sone. Mo godimo ga diphasalatso go na le kgatelelo ya balekane gongwe le dikakgelo tse di tlhabang go tswa mo go ba lelapa kgotsa ditsala, mme ga go gakgamatse gore kwa morago batho bangwe ba ipona ba lebega ka tsela e e sa siamang.d Ee, go iteba ka tsela e e sa tshwanelang go ka ne go farologane thata le bolwetse jwa tlhaloganyo.
Ga go a tlwaelega e bile ga go boammaaruri go akanya gore fa o sa lebege o le montle, ba bangwe ga ba kitla ba go kgatlhegela. Gantsi batho ga ba tlhophe ditsala go ya kafa di lebegang ka teng. Gone ke boammaaruri gore kwa tshimologong batho ba ka nna ba leba ditebego, mme botho jwa motho, boitsholo jwa gagwe ke tsone dilo tse di dirang botsala jwa mmatota. Ka ditsela dingwe mongwe le mongwe wa rona a ka tshwantshiwa le buka—e ka nna ya bo e kgatlha kafa ntle mme fa diteng tsa yone di sa kgatlhe, babadi ba yone ba tla emisa go e bala. Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore e ntse jang kafa ntle, fa buka eo e kgatlha, batho ba tla e bala. Ka jalo ke ka ntlha yang fa o sa tlhome mogopolo mo dinonofong tsa gago? Ke seo Lefoko la Modimo e leng Baebele le go kgothaletsang go se dira.—Diane 11:22; Bakolosa 3:8; 1 Petere 3:3, 4.
Go bua boammaaruri, ditebego tsa rona di a fetoga fa re tsofala. Fa botshelo, botsala le boitumelo di ne di ikaegile ka ditebego tse dintle tsa bosha, rotlhe re ne re tla nna le isagwe e e sa itumediseng! Le fa go ntse jalo, ga go a nna jalo ka rona. Seo se ka kgonega jang?
Bontle jo bo Tla Nnelang Ruri
Diane 16:31 ya re: “Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.” Mo matlhong a ga Jehofa Modimo—le mo matlhong a botlhe ba ba nang le kgopolo e e tshwanang le ya gagwe—batho ba ba golelang mo tirelong ya Modimo ga ba nne maswe fa nako e ntse e ya. Tota e bile, ka ntlha ya go tlhoafala ga bone le poifo ya bomodimo, botlhogoputswa jwa bone bo tshwana le go amogela serwalo sa bontle. Re tshwanetse go rata le go tlotla batho ba ba botlhokwa bano.—Lefitiko 19:32.
Mo godimo ga moo, Jehofa, mo lefatsheng le lesha le le tlang le a le solofeditseng, o tla dirolola diphelelo tse boleo jo re bo ruileng di nnileng le tsone mo bathong botlhe ba gagwe ba ba ikanyegang, bagolo le basha. Letsatsi lengwe le lengwe le le fetang, ba tla bona le go utlwa mebele ya bone e tokafala go fitlhela kgabagare ba se na bokoa bope mo mmeleng. (Jobe 33:25; Tshenolo 21:3, 4) A bo e le tebelelo e e itumedisang jang ne! A o ka rata go nna mongwe wa bone? Fa go le jalo, leka ka natla go tlhoma mogopolo mo bontleng jo bo botlhokwa mme o se ka wa letla gore go akanya go go sa reng sepe ga lefatshe leno go laole tsela e o ikutlwang ka yone. O tla nna motho yo o itumetseng le yo montle thata ka go bo o dira jalo.—Diane 31:30.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Medical Journal of Australia ya re: “Go tshwenyega thata ka tsela e re lebegang ka yone ke sengwe sa dilo tse dintsi tse di tlwaelegileng tse di supang malwetse a tlhaloganyo.” Tseno di akaretsa go tshwenyega thata mo maikutlong, bothata jwa go sa tlhomamisege gore o dirile dilo dife le fa o itse gore o di dirile le bolwetse jwa go ja jo bo jaaka anorexia nervosa. Ka jalo, go ka nna boima go bona fa motho a tshwerwe ke bolwetse jono.
b Tsweetswee bona setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana . . . A ke Dire Karo ya go Intlafatsa?” mo makasineng wa September 8, 2002. Gone mme, motho yo o nang le bolwetse jo bo masisi jwa tlhaloganyo a ka nna a tlhoka thuso ya moitse wa boitekanelo jwa tlhaloganyo.
c Kgatiso ya Brown University, Rhode Island, U.S.A.
d Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee bona kgaolo e e reng “Tebego e Botlhokwa go le Kana Kang?” mo bukeng ya Dipotso Tsa Basha—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.