LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/06 ts. 32
  • “E a Kgatlha Ruri!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “E a Kgatlha Ruri!”
  • Tsogang!—2006
Tsogang!—2006
g 2/06 ts. 32

“E a Kgatlha Ruri!”

◼ Kwa Brazil, morutabana mongwe yo o rutang thutafatshe o ne a kgatlhwa thata ke tsela e makasine wa Tsogang! o rutang ka teng. O ne a re: “Makasine ono o nthusa ka tshedimosetso e e oketsegileng e e seyong mo bontsing jwa dikgatiso tsa rona tse re di filweng go di dirisetsa go ruta. Le fa ke se mo bodumeding jwa lona, ruri ke dumalana le dilo tse di molemo tse Tsogang! e di rutang.”

Le fa go ntse jalo, morutabana yono o ne a lemoga gore makasine wa Tsogang! ke e le nngwe fela ya dikgatiso tse dintsi tse Basupi ba ga Jehofa ba nang le tsone. O ne a re: “Morutwana mongwe wa mophato wa bonè o ne a nkadima boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo.’ Ke ne ka kgatlhwa ke tshedimosetso ya yone ya boleng jo bo kwa godimo. E a kgatlha ruri! Go kgona go bona ditiragalo tse go kwadilweng ka tsone mo Baebeleng ka leitlho la mogopolo go dira gore fa motho ithuta Baebele, segolobogolo basha, a tlhaloganye botoka.”

O ne a oketsa ka go re: “Dikgatiso tsa lona di bonwa gongwe le gongwe: mo beseng, mo baithuting le e leng mo meleng ya banka. Ke itumelela go bona gore di kgona go fitlha le kwa mafelong a batho ba ba humanegileng ba go seng motlhofo go bona tshedimosetso e e molemo. Ke lo akgolela tiro ya lona e e molemo.”

Boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ bo teng ka dipuo di ka nna 80. Bo na le dimmapa di le dintsi tse di nang le mebala le ditshwantsho tse di bontshang mafelo a a farologaneng a go buiwang ka one mo Baebeleng, bo supa segolobogolo Lefatshe le le Solofeditsweng ka dinako tse di farologaneng. O ka kopa boroutšhara jono jwa ditsebe di le 36 ka go tlatsa setlankana seno mme o se romele kwa atereseng e e mo go sone kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa, ke kopa boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo.’

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Brochure covers: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela