LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 2/07 ts. 12-13
  • Satane ke Mang? A ke Motho wa Mmatota?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Satane ke Mang? A ke Motho wa Mmatota?
  • Tsogang!—2007
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Baebele e se Tlhalosang ka Satane
  • Tlhotlheletso ya ga Satane e Maatla go le Kana Kang?
  • Ka Moo o ka Tilang Tlhotlheletso ya Gagwe ka Gone
  • Nna o Disitse—Satane o Batla go go Kometsa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Satane
    Tsogang!—2013
  • Itse Mmaba wa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • Babusi Ba ba Mo Lefelong la Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2007
g 2/07 ts. 12-13

Baebele ya Reng

Satane ke Mang? A ke Motho wa Mmatota?

BAKANOKI bangwe ba segompieno ba re Satane ga se motho wa mmatota. Ba bolela gore batho ba mo itlhametse fela mo megopolong ya bone. Kganetso eno ga se selo se sesha. Mmoki wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Charles Pierre Baudelaire, o ne a kwala jaana: “Boferefere jo bogolo jwa ga Diabolo ke go re tlhotlheletsa gore re dumele gore ga a yo.”

A Satane ke motho wa mmatota? Fa go le jalo, o tswa kae? A ke maatla a a sa bonaleng a a bakang mathata a a aparetseng lefatshe la rona? O ka tila jang tlhotlheletso ya gagwe e e bosula?

A Satane ke maatla a a sa bonaleng a a bakang mathata a a aparetseng lefatshe la rona?

Se Baebele e se Tlhalosang ka Satane

Baebele e tlhalosa Satane e le motho wa mmatota yo o tshelang mo lefelong le le sa bonaleng la semoya. (Jobe 1:6) E re bolelela ka dinonofo tsa gagwe tse di bogale le tse di setlhogo le ka ditiro tsa gagwe tse di bosula. (Jobe 1:13-19; 2:7, 8; 2 Timotheo 2:26) E bile e na le dipego tsa dipuisano tse Satane a nnileng le tsone le Modimo le Jesu.—Jobe 1:7-12; Mathaio 4:1-11.

Motho yo o bosula yono o tswa kae? Bogologolo pele motho a nna teng, Modimo o ne a bopa Morwawe wa “leitibolo”, yo kgabagare a neng a bidiwa Jesu. (Bakolosa 1:15) Fa nako e ntse e ya, go ne ga bopiwa “barwa ba bangwe ba Modimo”, ba ba neng ba bidiwa baengele. (Jobe 38:4-7) Botlhe ba ne ba itekanetse e bile ba siame. Le fa go ntse jalo, mongwe wa baengele bano o ne moragonyana a nna Satane.

Satane e ne se lone leina la gagwe la kwa tshimologong fa a ne a bopiwa. Ke leina le le tlhalosang se a leng sone, le le kayang “Moganetsi; Mmaba; Molatofatsi.” O ne a bidiwa Satane ka gonne a tlhophile mokgwa wa botshelo o o kgatlhanong le Modimo.

Maikutlo a boikgogomoso le bobaba kgatlhanong le Modimo a ne a gola mo teng ga sebopiwa seno sa semoya. O ne a batla gore ba bangwe ba mo obamele. Fa Morwa wa leitibolo wa Modimo, Jesu, a ne a le mo lefatsheng, Satane o ne a leka go raela Jesu gore ‘a wele fa fatshe mme a mo obamele.’—Mathaio 4:9.

Satane ga a “ka a itsetsepela mo boammaaruring.” (Johane 8:44) O ne a kaya gore Modimo ke moaki, fa tota e le ene moaki. O ne a bolelela Efa gore a ka tshwana le Modimo, fa tota e le ene a neng a batla go tshwana le Modimo. Ka ditsela tsa gagwe tsa tsietso, o ne a kgona go fitlhelela maikaelelo a gagwe a bopelotshetlha. Mo go Efa o ne a itira yo mogolo go na le Modimo. Ka go reetsa Satane, Efa o ne tsaya Satane jaaka modimo wa gagwe.—Genesise 3:1-7.

Ka go tlhotlheletsa botsuolodi, moengele yono yo a kileng a bo a tshepiwa o ne a itira Satane—moganetsi le mmaba wa Modimo le batho. Leina “Diabolo,” le le kayang “Mosebi,” le ne la fiwa yo o boikepo yono e le go mo tlhalosa. Moeteledipele yono wa boleo o ne kwa bofelong a tlhotlheletsa baengele ba bangwe gore ba se ke ba ikobela Modimo le gore ba kopanele le ene mo botsuoloding. (Genesise 6:1, 2; 1 Petere 3:19, 20) Baengele bano ba ne ba thatafatsa seemo sa batho le go feta. Ka go bo ba ne ba latela Satane mo ditseleng tsa gagwe tsa bopelotshetlha, “lefatshe le ne la tlala thubakanyo.”—Genesise 6:11; Mathaio 12:24.

Tlhotlheletso ya ga Satane e Maatla go le Kana Kang?

Sekebekwa se ka tlosa dikgatiso tsa menwana ya sone mo lefelong le se sentseng mo go lone, e le gore le time motlhala. Le fa go ntse jalo, fa mapodisi a fitlha mo lefelong leo, fa ba lemoga gore go sentswe, ba a itse gore go raya gore go na le yo o sentseng. Satane, “mmolai” wa kwa tshimologong, o leka go fitlha motlhala wa gagwe. (Johane 8:44; Bahebera 2:14) Fa a ne a bua le Efa, Satane o ne a iphitlha ka go dirisa noga. Le gompieno o ntse a leka go iphitlha. O “[foufaditse] megopolo ya ba ba sa dumeleng” e le gore ba se ke ba bona maatla a gagwe a go ba tlhotlheletsa.—2 Bakorintha 4:4.

Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhalosa Satane e le motlhotlheletsi yo mogolo wa bokebekwa mo lefatsheng leno le le senyegileng le re tshelang mo go lone. O ne a mmitsa “mmusi wa lefatshe leno.” (Johane 12:31; 16:11) Moapostola Johane o ne a kwala jaana: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Satane o dirisa sentle “keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong” go ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ (1 Johane 2:16; Tshenolo 12:9) Ke ene yo batho botlhe ka kakaretso ba mo obamelang.

Fela jaaka go ne go ntse ka Efa, batho ba ba obamelang Satane, tota ba mo dira modimo wa bone. Ka jalo, Satane ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakorintha 4:4) Ditlamorago tsa go busa ga gagwe di akaretsa boitimokanyo le maaka; dintwa; go tlhokofatsa le tshenyo; bokebekwa, bopelotshetlha le boferefere.

Ka Moo o ka Tilang Tlhotlheletso ya Gagwe ka Gone

Baebele e tlhagisa jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang.” Ka ntlha yang? Ka gonne “mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.”(1 Petere 5:8) Le fa lokwalo lono lo le masisi, go a re kgothatsa go itse gore ke fela ba ba sa thanyang mo ditlhaloganyong—le ba ba sa disang—ba ba tla ‘tsiediwang ke Satane.’—2 Bakorintha 2:11.

Go botlhokwa go amogela boammaaruri jwa gore Satane o teng le go letla Modimo gore ‘a re nitamise’ le gore “nonotsha.” Ka tsela eno re tla kgona go ‘ganetsana le Satane’ le go ipaya ka fa letlhakoreng la Modimo.—1 Petere 5:9, 10.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

  • Satane o tswa kae?—Jobe 38:4-7; Johane 8:44.

  • Satane o tlhotlheletsa lefatshe go le kana kang?—Johane 12:31; 1 Johane 5:19; Tshenolo 12:9.

  • Re ka itshireletsa jang kgatlhanong le maano a a bosula a ga Satane?—1 Petere 5:8-10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela