LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/08 ts. 22-23
  • Dingwao Tsa Bogologolo Kwa Mexico wa Gompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dingwao Tsa Bogologolo Kwa Mexico wa Gompieno
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse di Tlotlomadiwang mo Bodumeding
  • Kwa Tumelo Eno e Simologileng Gone
  • A go Botlhokwa go Itse Gore Kobamelo Eno e Simologile Kae?
  • A Re Tlhoka Mafelo a Kobamelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Go Direla ka Moya Otlhe Le fa Go na Le Mathata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ba-Aztec ba Motlha wa Gompieno ba Fetoga Bakeresete ba Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • A go Tla ke go Nne le Kgololesego e Kgolwane ya Segakolodi Kwa Mexico?
    Tsogang!—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 3/08 ts. 22-23

Dingwao Tsa Bogologolo Kwa Mexico wa Gompieno

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA MEXICO

LE FA gompieno go dirisiwa difouno tsa selula le Internet, dingwao tsa bodumedi le ditumelo tsa bogologolo di sa ntse di le teng kwa Mexico. Mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng dingwao tsa Baindia le tumelo ya Katoliki ya Roma di ile tsa kopanngwa. Tota e bile, dingwao tseo di sa ntse di le teng mo kobamelong ya Bakatoliki ba kwa Mexico.

Ka sekai, ngwaga le ngwaga, batho ba le bantsi kwa Mexico ba ya kwa mabitleng ka November 2 go ya go keteka Letsatsi la Meya Yotlhe le gape le bidiwang Letsatsi la Baswi. Mme gantsi batho ba a tle ba tlogelele baratiwa ba bone ba ba suleng malomo, dijo le bojalwa. Ba bangwe ba bile ba rulaganya gore go nne le ditlhopha tsa baopedi ba ba yang go opelela baratiwa ba bone dipina tse ba neng ba rata go di reetsa. Bakatoliki ba le bantsi ba aga gape le dialetara mo matlong a bone mme ba bo ba baya setshwantsho sa motho yo ba mo ratang yo o suleng.

Enciclopedia de México e bolela gore go na le mekgwa mengwe e e latelwang fa go ketekiwa letsatsi leno la baswi e e “sa ntseng e bolokile dilo dingwe tse di dirwang mo meletlong ya Seindia ka dikgwedi tsa ochpaniztli le teotleco, tse ka tsone malomo a cempasúchil le di-tamale tse di dirilweng ka mabele tse di isediwang di-mane [meya ya baswi] ka nako ya ngwaga ya fa mabele a sena go phuthiwa—kwa bofelong jwa October le kwa masimologong a November.” Fela jaaka buka eno ya tshedimosetso e bontsha, mo dingwaong dingwe go dirwa meletlo e e tshwanang le e e neng e ketekiwa pele ga motlha wa ba-Hispania, e e neng e dira gore go nne gape le boikutlo jwa moletlo wa carnival.

Dilo Tse di Tlotlomadiwang mo Bodumeding

December 12 ke letsatsi la boikhutso la Bakatoliki ba kwa Mexico. Ka letsatsi leo baeti ba ba diketekete ba bodumedi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe kwa Mexico ba thologela kwa kerekeng ya Virgin of Guadalupe e e leng ka fa thoko ga Tepeyac Hill kwa Mexico City. Ba le bantsi ba bone ba tsamaya malatsi a le mantsi, ba ntse ba rapela Lekgarebana. Fa ba goroga, jaaka tlwaelo, ba tsena mo kerekeng ba gagaba ka mangole (fa godimo) mme ba bo ba mo isetsa dirouse.

Gompieno ditshwantsho tsa Virgin of Guadalupe di fitlhelwa gape le mo matlong, mo difoleteng le mo mafelong a batho botlhe a a jaaka mo mafelong a go emela dibese. Virgin of Guadalupe o ile a fiwa direto tse di jaaka “Mmago Modimo” le “Mmotlana wa Letlalo le Lentsho wa kwa Tepeyac.” Fa e sa le ka lekgolo la bo16 la dingwaga, gantsi badumedi ba ne ba bolela gore diphodiso le dikgakgamatso tse dingwe di dirwa ke ene.

Kwa Tumelo Eno e Simologileng Gone

Go tlotlomadiwa ga modimo yono wa sesadi le dilo tse dingwe tsa letsatsi leno la boikhutso, di ne di dirisiwa mo kobamelong ya mmago modimo wa Ba-Aztec e leng Cihuacóatl yo gape a neng a bidiwa Tonantzin leina le le rayang “Mmaarona yo Mmotlana.” Buka ya México a través de los siglos (Mexico go Ralala Makgolo a Dingwaga) e bolela gore modimo yono, mmogo le morwawe e bong Huitzilopochtli, ba ne ba tlisiwa ke Ba-Aztec ba bogologolo kwa Tenochtitlán—e pele e neng e le motsemogolo wa Mmusomogolo wa Ba-Aztec o gone jaanong e leng Mexico City.

Tempele ya ga Cihuacóatl, e e neng e le kwa Tepeyac Hill, e ne ya senngwa ke Ba-Spain. Mo thabeng eno, go ya ka dipolelo tsa bogologolo, dingwaga di le 40 morago ga gore Columbus a goroge mo kontinenteng eo, Virgin of Guadalupe o ne a itlhagisa mo Moindieng mongwe wa koo e bong Juan Diego. Go dumelwa fa a ile a kopa gore go agiwe lefelo le le boitshepo mo setsheng sa gagwe.

Ba-Aztec ba ne ba tlotlomatsa Cihuacóatl thata. Go bolelwa fa a ne a na le moriri o moleele, o o sa logwang mme a apara mosese o mosweusweu. Tempele ya gagwe e ne e na le kgoro e e agetsweng kwa tlase mo e leng gore motho o ne a ka kgona go tsena fela a khubame ka mangole. Fa moobamedi a setse a tsene mo teng, o ne a tla bona setshwantsho sa gagwe se dikologilwe ke medingwana mme seo se dira gore a bonale e le “mmè . . . wa medimo.”

Moletlo o o neng o direlwa Cihuacóatl o ne o akaretsa go ntshiwa ga ditlhabelo tsa batho, go bina, le mokoloko wa batlhabani ba ba kgabisitsweng ka “dirouse mo diatleng tsa bone, mo dithamong tsa bone le mo ditlhogong tsa bone.” Dimpho tseno di ne di tlogelwa mo godimo ga tempele gore e nne ditlhabelo tsa ga Huitzilopochtli. Baindia bangwe, go akaretsa ba le bantsi ba ba tswang kwa Guatemala, ba ne ba tle ba tsamaye sekgala sa dikilometara di le 1 500 go ya kwa moletlong wa ga Cihuacóatl.

A go Botlhokwa go Itse Gore Kobamelo Eno e Simologile Kae?

Ga go na pelaelo gore kobamelo ya setshwantsho sa Bakatoliki sa Virgin of Guadalupe e simologile ka meetlo ya batho ba ba neng ba sa obamele Modimo wa boammaaruri wa Baebele. (Pesalema 83:18) A seno se tshwanetse go ama tsela e o lebang kobamelo eno ka teng? A tota go botlhokwa gore kobamelo e e rileng e simologile jang?

Moaposetoloi Paulo o ne a neela kgakololo e e tshwanetseng malebana le seno, ka go bolela jaana: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng . . . . Go na le kutlwano efe mo gare ga ga Keresete le Beliale? Kgotsa motho yo o ikanyegang o na le karolo efe le yo o sa dumeleng?” Paulo o ne a bolela gape a re: “Tlhomamisang dilo tsotlhe; ngangatlelang se se molemo.”— 2 Bakorintha 6:14, 15; 1 Bathesalonika 5:21.

Kgothatso e e ntseng jalo e a dira le gompieno. Re tshwanetse go akanya ka tsela e re obamelang Modimo ka yone mme re ipotse gore: ‘A kobamelo ya me e tsamaisana sentle le dithuto tsa Lefoko la Modimo e leng Baebele? Kgotsa a go na le dikarolo dingwe tsa yone tse di tswang mo kobamelong ya batho ba ba obamelang medimo ya maaka?’ Motho yo o batlang go itumedisa Jehofa, Modimo wa boammaaruri, o tla batla dikarabo tsa dipotso tse di ntseng jalo.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Baeti ba sedumedi ba ba gorogang kwa kerekeng ya Virgin of Guadalupe

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Baopedi kwa mabitleng ka November 2

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela