A Polanete ya Lefatshe e mo Kotsing?
GO GOTELA ga moya o o mo loaping go tlhalositswe e le matshosetsi a magolo go gaisa a batho ba lebaneng le one. Lokwalopaka lwa Science lwa re: “Se se tlhobaetsang babatlisisi ke gore, re simolotse diphetogo tse di bonya mme e le tse di ka se keng tsa emisiwa.” Babelaedi ba belaela boammaaruri jwa kgang eno. Gone ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba a dumela gore lefatshe le a gotela, mme ga ba tlhomamisege ka gore ke eng se se bakang bothata jono le gore matswela e tla nna eng. Ba bolela gore ditiro tsa batho di ka tswa di na le seabe, mme gone ga se tsone fela di bakileng bothata jono. Ke ka ntlha yang fa go na le go sa dumelane?
Lebaka lengwe ke gore, dilo tse di dirang gore go nne le tlelaemete ya lefatshe di raraane e bile ga di ise di tlhaloganngwe ka botlalo. Mo godimo ga moo, ditlhopha tse di sireletsang tikologo gantsi di tlhalosa tshedimosetso ya saense ka tsela ya tsone fela, jaaka tshedimosetso e e neng e bontsha lebaka la go bo dithemperetšha di tlhatloga.
Go Tlhatloga ga Dithemperetšha—A Tota go a Diragala?
Go ya ka pego ya bosheng ya mokgatlho o o tlamelwang ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng wa Intergovernmental Panel on Climate Change (IPCC), go gotela ga moya o o mo loaping ke sengwe se se ka se ganediweng mme go bonala batho ba na le seabe se segolo. Batho bangwe ba ba sa dumalaneng le kgang eno, bogolo jang kgang ya gore batho ba na le seabe se segolo, ba bolela gore ditoropo di ka tswa di gotela ka ntlha ya gore di a gola. Mo godimo ga moo, konkereite le tshipi di kgona go monya mogote wa letsatsi, di bo di tsidifala ka bonya bosigo. Mme le fa go ntse jalo, babelaedi ba bolela gore dithemperetšha tse di tsewang mo ditoropong ga di bontshe gore go diragala eng kwa metseselegaeng mme seno se ka dira gore dipalopalo tsa lefatshe di se ka tsa nna boammaaruri.
Kafa letlhakoreng le lengwe, Clifford, motsofe yo o nnang mo motseng mongwe, kwa setlhaketlhakeng sengwe gaufi le lobopo la Alaska, o ne a bolela gore o iponetse diphetogo ka matlho a gagwe. Batho ba mo motseng wa gagwe ba ne ba kgabaganya aese e e apesitseng lewatle ba ya kwa lefelong le le seng mo metsing go ya go tsoma masika a dikgama tsa koo. Le fa go ntse jalo, go tlhatloga ga dithemperetšha go dirile gore mokgwa o o tlwaelegileng wa go tshela o nne boima. Clifford a re: “Go elela ga metsi go fetogile, maemo a aese a fetogile, le go swa dikgapetla ga Lewatle la Chukchi go . . . fetogile.” O tlhalosa gore lewatle le ne le a tle le swe dikgapetla kwa mafelong a October, mme jaanong ga le tlhole le swa dikgapetla go fitlhela kwa bofelong jwa December.
Ka 2007, go gotela ga moya go ne ga bonala gape kwa Northwest Passage, e e neng ya kgona go tsamaiwa ka dikepe lekgetlho la ntlha mo hisitoring. Rasaense yo mogolo wa National Snow and Ice Data Center kwa United States o ne a re: “Se re se boneng monongwaga ke dipaka tse ditelele tsa go gakologa ga aese.”
Go Thuthafala ga Lefatshe—Go Botlhokwa mo Botshelong
Lebaka le le ntshitsweng la go bo go na le diphetogo tseno ke go oketsega ga go thuthafala ga lefatshe go e leng selo sa tlholego se se botlhokwa gore botshelo bo tswelele mo lefatsheng. Fa maatla a letsatsi a fitlha mo lefatsheng, lefatshe le monya mo e ka nnang diperesente di le 70 tsa maatla ao e le go thuthafatsa moya, lefatshe le lewatle. Fa e ka bo e se ka thulaganyo eno, themperetšha ya lefatshe e ka bo e le didikirii tsa Celsius di le 18 kafa tlase ga boswakgapetla. Kgabagare, mogote o o monyilweng o busediwa gape kwa loaping, ka jalo go dira gore lefatshe le se ka la gotela thata. Fa atemosefere e kgotletswe mme seemo sa digase se fetogile, mogote o montsi o palelwa ke go tswa o boela kwa loaping. Seno se ka dira gore themperetšha ya lefatshe e tlhatloge.
Digase tse di nang le seabe mo go thuthafaleng ga lefatshe di akaretsa khabonetaeokosaete, nitrous oxide, le methane, go akaretsa le moyametsi. Digase tse di mo atemosefereng di oketsegile ka selekanyo se se kwa godimo mo dingwageng di le 250 tse di fetileng fa e sa le go simolola go nna le diphetogo mo madirelong le fa go nna le koketsego ya go dirisiwa ga ditukisi tse di jaaka malatlha le lookwane tse di dirwang ka masaledi a ditshedi. Sengwe se se oketsang go thuthafala ga lefatshe e ka nna go oketsega ga diphologolo tsa kwa dipolasing tse go sila ga tsone dijo go ntshang methane le nitrous oxide. Babatlisisi ba bangwe ba tlhalosa gore go na le dilo dingwe tse di bakileng go gotela ga moya le e leng pele batho ba simolola go nna le seabe mo go direng gore tlelaemete e fetoge.
A ke Go Fetofetoga Fela go go Tlwaelegileng?
Babelaedi ba ba akanyang gore batho ga se bone ba ba bakileng go fetoga ga tlelaemete ba tshegetsa se ba se dumelang ka go bolela gore themperetšha ya lefatshe e ne e ntse e fetofetoga le mo nakong e e fetileng. Ba bolela ka metlha e karolo e kgolo ya lefatshe e neng e apesitswe ke aese, ka nako e lefatshe le neng le le tsididi go gaisa ka tsela e le leng ka yone gone jaanong; mme fa ba tshegetsa ntlha ya go gotela go go diregang ka tlholego ba ntsha bosupi jwa gore dinaga tse di tsididi tse di jaaka Greenland, ka nako nngwe di kile tsa bo di ne di na le dimela tse di tlhogang mo mafelong a a mogote. Gone mme, fa baitsesaense ba ntse ba leka go bona se se diragetseng mo nakong e e fetileng ba sa ntse ba sa kgone go bona gore tota tlelaemete e ne e ntse jang.
Ke eng se se ka bong se nnile le seabe mo go fetofetogeng ga themperetšha le e leng pele ga batho ba dira gore go nne le diphetogo? Seno se ka tswa se bakilwe ke dipatso tse di leng mo letsatsing le go thunya go go nnang teng mo letsatsing, tse di dirang gore maatla a a ntshiwang ke letsatsi a fetofetoge. Mo godimo ga moo, go dikologa ga lefatshe le le tsamayang ka medikologo e e tsayang dingwaga di le dintsintsi go ka ama bokgakala jwa lefatshe go tswa mo letsatsing. Sengwe gape se se bakang maemo ano ke lerole la lekgwamolelo le go fetoga ga go elela ga metsi a lewatle.
Go Dira Dikaelo Tsa Tlelaemete
Fa e le gore themperetšha ya lefatshe e a tlhatloga—go sa kgathalesege gore go bakiwa ke eng—e tla ama rona le tikologo jang? Ga go motlhofo go bona gore tota ke eng se se tla diragalang mo isagweng. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana, baitsesaense ba ka kgona go dirisa dikhomputara tse di maatla, gore ba kgone go bona gore maemo a tlelaemete a tla nna jang mo nakong e e tlang. Dikaelo tseno di tsenngwa dithulaganyo tsa melao ya fisikisi, tshedimosetso ya tlelaemete, le dilo tsa tlholego tse di ka nnang le seabe mo go fetoleng tlelaemete.
Dikaelo tseno di thusa baitsesaense gore ba kgone go lekeletsa ka tlelaemete ka ditsela tse tota di neng di se kitla di kgonega. Ka sekai, ba ka kgona go “fetola” maatla a letsatsi le a romelang mo lefatsheng e le go bona gore seno se tla ama jang aese e e kwa mafelong a a tsididitsididi, moya le dithemperetšha tsa lewatle, selekanyo sa go mowafala ga metsi, kgatelelo ya atemosefere, go bopega ga maru, phefo le pula. Ba ka kgona go dira gore go nne le go thunya ga lekgwamolelo gore ba kgone go bona gore lerole la lekgwamolelo le tla ama jang maemo a bosa. Mme ba ka kgona go tlhatlhoba gore go oketsega ga palo ya batho, go rengwa ga dikgwa, go dirisiwa ga lefatshe, go fetoga ga digase tse di thuthafatsang lefatshe, jalo le jalo go ka ama tlelaemete jang. Baitsesaense ba solofela gore dikaelo tseno di tla tswelela di nepa le go feta e bile di kgona go ikanngwa.
Dikaelo tseno tse di dirisiwang gone jaanong di nepile go le kana kang? Gone mme go ikaegile thata ka gore go tsenngwa tshedimosetso e e kana kang mo metšhineng eno. Ka gone, dikaelo tseno tsa tlelaemete di farologana go tswa go diphetogo tse dinnye go ya go tse di ka bakang masetlapelo. Go ntse go le jalo, lokwalopaka lwa Science lwa re: “Thulaganyo ya tlelaemete [ya tlholego] e ka dira dilo tse re neng re sa lebelela gore e tla di dira.” Mme e bile tse dingwe di setse di dirile sone seo, tse di tshwanang le go gakologa ka bonako ga aese e e kwa mafelong a a tsididitsididi, go go gakgamatsang bomankge ba ba lepang maemo a bosa. Go sa le jalo, le fa batho ba ba dirang melao ba sa itse sentle gore se motho a se dirang gone jaanong se tla felela ka eng, ba ka dira ditshwetso gompieno tse di ka fokotsang mathata mo isagweng.
O ntse o akantse ka seo, mokgatlho wa IPCC o ne wa tlhatlhoba maemo a a itiretsweng a marataro a mo khomputareng—a a simololang ka go se tshwenyane le digase tse di mo loaping go ya go a a tlwaelegileng le maemo a a feteletseng—bongwe le bongwe jwa maemo ano bo ne jwa ama tlelaemete le tikologo ka tsela e e farologaneng. Go akantswe ka dilo tseno tse di bonelwang pele, basekaseki ba ne ba kopa gore go dirwe melao e mengwe e e farologaneng. Melao eno e ne e akaretsa go fokotsa digase tse di tswang mo ditukising tse di dirilweng ka masaledi a ditshedi, go tlhoma melao ya go otlhaya batlolamolao, go oketsa tsela e maatla a nuklea a dirisiwang ka yone le go dirisiwa ga thekenoloji e e sa senyeng tikologo.
A Dikaelo Tseno Tse di Dirilweng di ka Ikanngwa?
Batshwayadiphoso ba bolela gore mekgwa ya go bolelela pele maemo a bosa ga e dirise tshedimosetso e e lekaneng mme e dira ditshwetso tse di sa lekanang, gape e itlhokomolosa dithulaganyo tse dingwe. Gape ba bolela gore se se fitlheletsweng mo dikhomputareng se nna se ntse se fetofetoga. Rasaense mongwe yo o neng a tsaya karolo mo dipuisanong tsa IPCC o ne a re: “Bangwe ba rona re sa ntse re gakgamadiwa ke tiro ya go lekanya le go tlhaloganya thulaganyo e e raraaneng ya tlelaemete mo re bileng re belaelang bokgoni jwa rona jwa go leka go itse gore e dira jang le gore ke ka ntlha yang e dira jalo.”a
Gone ke boammaaruri gore bangwe ba ka bolela gore go palelwa ke go dira diphetogo fela ka go bo ba sa tlhomamisega gore bothata ke eng ke go lekeletsa ka isagwe. Ba re: “Re tla tlhalosetsa bana ba rona seno jang?” E ka tswa dikaelo tsa tlelaemete di nepile kana nnyaa, re ka tlhomamisega gore lefatshe le mo kotsing e e seng kana ka sepe. Tikologo e e dirang gore botshelo bo tswelele bo le gone e sentswe ke kgotlelo, go rengwa ga dikgwa, go dirwa ga ditoropo, go nyelela ga ditshedi, fa re umaka di le mmalwa fela, mo go seng motho ope yo o ka ganetsang gore seno se boammaaruri.
Fa re akanya ka se re setseng re se itse, a re ka lebelela gore batho ba tla dira diphetogo mo botshelong jwa bone e le gore ba kgone go falotsa legae la bone le lentle—tota le gore le rona re tswelele re tshela? Go feta moo, fa e le gore ditiro tse batho ba di dirang ke tsone tse di bakang go gotela ga moya o o mo loaping, seno se ka raya gore re na le nako e khutshwane thata go dira diphetogo tse di tlhokegang. Go dira diphetogo tseno go raya go simolola go tlhokomela se se bakang mathata a lefatshe se se akaretsang bopelotshetlha jwa batho, go ikakanyetsa, go itlhokomolosa dilo dingwe, dipuso tse di palelwang le go sa kgatlhegele diphetogo. A seno se ka kgonega kana a ke go ijesa dijo tsa ditoro fela? Fa e le gore ke go ijesa dijo tsa ditoro fela, a ga re na tsholofelo? Go tla tlotliwa ka potso eno mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a John R. Christy, mokaedi wa Earth System Science Center kwa Yunibesithing ya Alabama, Huntsville, kwa U.S.A, jaaka go begile The Wall Street Journal, November 1, 2007.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]
O KA LEKANYA JANG THEMPERETŠHA YA LEFATSHE?
Go bontsha kafa go nang le dikgwetlho ka teng, o ne o ka lekanya jang themperetšha ya phaposi e le nngwe, e kgolo? Ka sekai, o ne o tla baya kae themometara? Mogote o a tlhatloga, ka jalo, moya o o fa gaufi le siling o nna bothito go na le moya o o kwa tlase. Fa themometara e beilwe gaufi le fensetere, go lebana le letsatsi, kgotsa mo moriting, seno se tla ama themperetšha e e fitlhelelwang mo go yone. Mmala le one o ka dira gore themperetšha e e fitlhelwang mo themometareng e farologane, e re ka dilo tse dintsho di tshwara mogote o montsi.
Ka jalo, go lekanya gangwe fela go ka nna ga bo go sa lekana. O tla tshwanelwa ke go baya themometara ya gago mo mafelong a le mmalwa, mme morago ga foo o bo o bala palogare yotlhe. Gape dithemperetšha di ka fetoga letsatsi lengwe le lengwe le dipaka dingwe le dingwe. Ka jalo, gore o tle o fitlhelele palogare e e nepileng, o tla tshwanelwa ke go tsaya themperetšha ka makgetlho a mantsi ka nako e telele. Akanya gore go tshwanetse ga bo go le boima jang go lekanya themperetšha ya lefatshe lotlhe, ya atemosefere, le ya mawatle! Le fa go ntse jalo, dipalopalo tseo di botlhokwa gore go kgonwe go sekasekiwa ka nepo go fetoga ga tlelaemete ya lefatshe.
[Motswedi wa Setshwantsho]
NASA photo
[Lebokoso mo go tsebe 6]
A MAATLA A NUKLEA KE ONE THARABOLOLO?
Lefatshe ka bophara go dirisiwa motlakase ka selekanyo se se boitshegang go feta le e leng pele. E re ka go dirisiwa ga oli le malatlha go baka go gotela ga moya o o mo loaping, dipuso dingwe di akanyetsa thata go dirisa maatla a nuklea a a leng phepa. Mme le go dirisa maatla a nuklea go baka mathata.
Lokwalodikgang lwa International Herald Tribune lo bega gore Fora, e e leng nngwe ya dinaga tse di dirisang thata maatla a nuklea, e tlhoka dikubita tsa dimetara tsa metsi di le dibilione di le 19 ngwaga le ngwaga gore di tle di tsidifatse motšhini o o fetlhang motlakase o o dirisang maatla a nuklea. Ka nako ya fa go ne go na le mogote o o feteletseng ka 2003, metsi a a bolelo a a neng a tswa mo motšhining ono wa kwa Fora, a ne a ka tlhatlosa dithemperetšha tsa dinoka ka tsela e e neng e ka senya tikologo. Ka gone, mafelo mangwe a a fetlhang motlakase a ne a tshwanelwa ke go tswalwa. Go lebeletswe gore boemo jono bo tla nna maswe le go feta fa dithemperetšha tsa lefatshe di ntse di tlhatloga.
Moenjiniri wa nuklea, e bong David Lochbaum wa Union of Concerned Scientists o ne a re: “Re tla tshwanelwa ke go rarabolola mathata a go fetoga ga tlelaemete fa e le gore re tlile go dirisa maatla a nuklea.”
[Lebokoso/Mmapa mo go tsebe 7]
MASETLAPELO A A BAKILWENG KE MAEMO A BOSA KA 2007
Ka ngwaga wa 2007 go ne ga nna le palo e e kwa godimo ya masetlapelo a a bakilweng ke maemo a bosa mo e leng gore United Nations Office for the Coordination of Humanitarian Affairs e ne ya ntsha dikopo tsa thuso ya potlako di le 14—palo e e oketsegileng ka nnè go feta rekoto e e nnileng teng ka 2005. Kafa tlase fano go umakiwa mangwe fela a masetlapelo a a diragetseng ka 2007. Gakologelwa gore tota ditiragalo tse di diragetseng ga di reye gore maemo ano a tla nnela ruri.
◼ Boritane: Batho ba ba fetang 350 000 ba ne ba amiwa ke morwalela o o maswe go gaisa merwalela e e kileng ya nna teng mo dingwageng tse di fetang 60 tse di fetileng. Fa e sa le go simololwa go rekotiwa maemo a bosa ka 1766, Engelane le Wales di ne tsa nna le dipula tse dintsi go gaisa mo dikgweding tsa May go ya go July 2007.
◼ Afrika Bophirima: Merwalela e ne ya ama batho ba le 800 000 kwa dinageng di le 14.
◼ Lesotho: Dithemperetšha tse di mogote thata le komelelo di ne tsa senya dijalo. Batho ba ba ka nnang 553 000 ba ka tlhoka go thusiwa ka dijo.
◼ Sudan: Dipula tsa merwalela di ne tsa tlogela batho ba le 150 000 ba se na magae. Mme bobotlana batho ba le 500 000 ba ne ba amogela thuso ya namolo.
◼ Madagascar: Difefo le dipula tse dikgolo di ne tsa itaaka setlhaketlhake seno mme tsa tlogela batho ba le 33 000 ba se na magae mme tsa senya dijalo tsa batho ba le 260 000.
◼ Korea Bokone: Batho ba ba ka nnang 960 000 ba ne ba amiwa thata ke merwalela, kgosomano ya mmu, le kgosomano ya seretse.
◼ Bangladesh: Merwalela e ne ya ama batho ba le dimilione di le 8,5 mme ya bolaya batho ba ba fetang 3 000 le diphologolo tsa mo dipolasing di le dimilione di le 1,25. Mo e ka nnang magae a le dimilione di le 1,5 a ne a senyega.
◼ India: Merwalela e ne ya ama batho ba le dimilione di le 30.
◼ Pakistan: Dipula tsa difefo di tlogetse batho ba le 377 000 ba se na magae mme tsa bolaya ba le 296.
◼ Bolivia: Batho ba ba fetang 350 000 ba amilwe ke merwalela mme ba le 25 000 ba tlogetswe ba se na magae.
◼ Mexico: Merwalela e e diragetseng koo e tlogetse bobotlana batho ba le 500 000 ba se na magae mme ya ama batho ba ba fetang milione.
◼ Dominican Republic: Dipula tsa matsorotsoro tse di neleng ka nako e telele di ne tsa dira gore go nne le kgosomano ya mmu mme batho ba le 65 000 ba tlogelwa ba se na magae.
◼ United States: Melelo e e neng ya nna teng kwa karolong e e omileng e e kwa borwa jwa California, e ne ya pateletsa baagi ba le 500 000 gore ba tlogele magae a bone.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Based on NASA/Visible Earth imagery