LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/08 ts. 13-15
  • Fa Dikereke Di ne Di Simolola go Nna Teng Kwa Tahiti

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Dikereke Di ne Di Simolola go Nna Teng Kwa Tahiti
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bathusi ba Ariʽi
  • Thulaganyo ya Melao ya ga Pomare
  • Go Nna le Seabe mo Dipolotiking
  • Seabe sa Kgwebo
  • A e Ne e Le go Sokologa go go Tswang Pelong?
  • Diphelelo Tse di Molemo
  • Barongwa “go ya Kwa Dikarolong Tse di Kwa Kgakalakgakala Tsa Lefatshe”
    Kafa Meneelo e Dirisiwang ka Gone
  • Go Dira Barutwa ba Boammaaruri Gompieno
    Tsogang!—1995
  • Barongwa Ba Rotloetsa Koketsego ya Lefatshe Lotlhe ka Maatla Tota
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Barongwa—Ba Nne ka Tsela Efe?
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 8/08 ts. 13-15

Fa Dikereke Di ne Di Simolola go Nna Teng Kwa Tahiti

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA TAHITI

KWA bofelong jwa lekgolo la bo18 la dingwaga, go ile ga simolola ga nna le tlhotlheletso e kgolo ya boefangele go ralala Yuropa. Kwa Boritane, William Carey yo e neng e tla nna morongwa o ne a tlhotlheletsa Bapotesetanta ka maikuelo a gagwe a a tswang pelong gore ba ye go rera kwa dinageng tse go iseng go rerwe kwa go tsone go akaretsa le Tahiti. Carey o ne a tlhotlheleditswe ke taelo ya ga Jesu ya gore balatedi ba gagwe ba dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa. (Mathaio 28:19, 20) Ka 1802, mo bukeng ya mokwadi mongwe wa Mofora e bong François-Auguste-René de Chateaubriand e e neng e rekwa thata ya Le Génie du christianisme (Botlhale Jwa Bokeresete) le yone e ne ya tlhotlheletsa Bakatoliki gore ba nne barongwa ba ba tlhoafetseng.

Go ise go ye kae go ne ga nna le makgotla le mekgatlho ya Bakatoliki le Baporotesetanta. Ka 1797 Mokgatlho wa kwa Lontone wa Barongwa o ne wa romela barongwa ba le 29 kwa Tahiti. Ka 1841 go ne ga fitlha setlhopha sengwe sa Bakatoliki sa mokgatlho mongwe wa bodumedi o o bidiwang Picpus Fathers, mme dingwaga di le tharo morago ga foo maloko a Kereke ya Mormon le one a ne a goroga. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, bontsi jwa batlabosheng bano ba ne ba fapoga mokgele wa bone wa konokono mme ba simolola go inaakanya le dipolotiki le kgwebo. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba fapoga jalo?

Bathusi ba Ariʽi

Kwa tshimologong batho ba ne ba sa amogele dithuto tsa barongwa ba Baporotesetanta motlhofo. Go ya ka mokwadi mongwe, “molaetsa wa bone o ne o gatelela thata molelo wa dihele le kafa batho ba tla tlhokofadiwang ka gone go na le gore o bue ka kutlwelobotlhoko le lorato lwa boagelani.” Mo godimo ga moo, jaaka baruti ba ile ba lemoga ka bonako, go ne go se na ope yo o neng a ikemiseditse go kolobediwa go nna Mokeresete pele ga ariʽi, kgotsa dikgosana ba le bone e neng e le baeteledipele ba bodumedi. Ka jalo, barongwa ba ne ba swetsa gore ba tlhome mogopolo mo baeteledipeleng.

Kgosana nngwe e e rileng e bong Pomare II, o ne a amogela barongwa, a bona e le batho ba ba ka kgonang go thusa mo go tsa kgwebo le mo sesoleng. Bone kafa letlhakoreng le lengwe, ba ne ba bona Pomare e le ene yo o ka ba thusang go fitlhelela mekgele ya bone. Mo godimo ga moo, go tswa fela kwa tshimologong barongwa ka tsela nngwe ba ne ba na le tlhotlheletso nngwe ka go nna babueledi fa gare ga Ba-Tahiti le bakgweetsi ba dikepe ba ba neng ba ema ka metlha go tla go reka dilwana.

E re ka Pomare a ne a solofetse gore barongwa ba tla mo thusa go fitlhelela mekgele ya gagwe ya bopolotiki le gore a kgone go dira kgwebo gore a bone dibetsa, o ne a kgatlhegela molaetsa wa bone mme ka bonako ka 1811, o ne a kopa go kolobediwa. Ngwaga o o latelang o ne a dira kopo ya gagwe ka go kwala lekwalo. Le fa go ntse jalo, kopo ya gagwe ga ya ka ya amogelwa ka gonne barongwa ba ne ba dumela gore go botlhokwa gore ba bone gore a tota o tla tshela tumalanong le melao ya Baebele ya boitsholo.

Fa a ntse a letile, Pomare o ne a atlega go itira kgosi e go seng ope yo o neng a ganetsana le ene ya setlhaketlhake sa Tahiti le mafelo a a gaufi le sone a a bopang Society Islands. O ne a boa gape a kopa go kolobediwa. Mme kgabagare, ka 1819, barongwa ba ne ba amogela kopo ya gagwe.

Seo se ne sa dirwa ka bonako. Mo dingwageng tse di ka nnang tlhano fela, mo e ka nnang baagi botlhe ba Society Islands, Tuamotu Archipelago e e kwa bophirima, le bontlhanngwe jwa Austral Islands ba ne ba ipolela fa e le Bakeresete.

Thulaganyo ya Melao ya ga Pomare

“Tshokologo” ya bontsi jwa baagi ba ditlhaketlhake e ne e tlhoka gore go tlhomiwe melaometheo, dingwao le melao e mesha mo boemong jwa ya bogologolo. Pomare o ne a ikaegile ka barongwa go fitlhelela seo. Mme tota, barongwa ba ne ba sa bolo go eletsa go fetola dingwao tsa setso le go lekanyetsa maatla a kgosi. Barongwa ba ne ba amogela kopo ya ga Pomare mme ba tlhoma melao e mesha e go ya ka buka nngwe, e neng e kopanya “melaometheo e e tlwaelegileng ya molaotheo wa Boritane, melao ya Baebele le kafa setšhaba sa Bokeresete se tshwanetseng go itshwara ka teng.” Morago ga gore go dirwe diphetogo tse dintsi, kgosi e ne ya amogela mokwalo wa bofelo jaaka thulaganyo ya ntlha ya molao o o kwadilweng wa Tahiti. O ne wa feleletsa o bidiwa Thulaganyo ya Melao ya ga Pomare.

Thulaganyo ya Melao ya ga Pomare e ne ya nna sekaelo se ditlhaketlhake tse di gaufi le se ditlhopha tse dingwe tsa ditlhaketlhake di neng di se dirisa, koo go neng go na le dithulaganyo tse di tshwanang tsa molao. Thulaganyo e ne e na le molao o o gagametseng wa gore go bolokiwe Sabata; mme o akaretsa dikotlhao tse di jaaka tsa fa motho a dirile boaka, go nyala basadi ba babedi, bogodu le botsuolodi; mme o ne o laela gore fa motho a bolaile motho kgotsa lesea, o tshwanetse go atlholelwa loso. Mefuta yotlhe ya boitlosobodutu jwa boitsholo jo bo repileng e ne e ileditswe.

Go Nna le Seabe mo Dipolotiking

Buka ya Where the Waves Fall ya re barongwa ba Baporotesetanta ba ne ba “inaakantse thata le dipolotiki tsa setlhaketlhake seno. Fela jaaka ba kgonne go dira sentle mo tirong ya bone ya boefangele, ba ile ba kgona go dira jalo le ka go nna barulaganyi ba sesole, bagakolodi ba ikonomi, batlhalefi ba dipolotiki le bakwadi ba makwalo a semolao le a molaotheo.” Mo setlhaketlhakeng sa Tubuai mo Austral Islands, morongwa mongwe wa Mo-Mormon o ne a re: “Kereke e laola puso. . . . Ke nna tonakgolo ya setlhaketlhake seno.” Kwa Gambier Islands, Bakatoliki le bone ba ne ba simolola go nna le tlhotlheletso e e tshwanang, moruti mongwe e ne e le tona ya puso.

Mokwalahisitori mongwe e bong Claire Laux o ne a bolela gore go na le gore barongwa ba dire fela tiro ya bone ya semoya, ba ne ba “tlhopha go dirisa dipolotiki go fetisa molaetsa wa bone.” Ba ne ba bone eno e le tsela e e motlhofo e ba ka e dirisang gore go nne le matswela. Ka go dira jalo, barongwa ba ne ba dira kgatlhanong le dikaelo tsa baokamedi ba kereke ya bone. Le fa go ntse jalo, go fitlha le gompieno, bodumedi le dipolotiki di sa ntse di dirisana thata kwa French Polynesia.

Seabe sa Kgwebo

Porofesa Niel Gunson wa Yunibesithi ya Canberra kwa Australia a re “go inaakanya thata le dipolotiki ga barongwa bangwe go ne go amana thata le go kgatlhegela kgwebo ga bone.” Barongwa ba le mmalwa ba ile ba nna bagwebi—ba rekisa, ba dira ditumalano tsa kgwebo tsa dikepe le e leng go aga dikepe tsa kgwebo. Bangwe ba ne ba na le dipolasi ba lema arrowroot, kofi, katune, lotlhaka lwa sukiri le motsoko.

Barongwa ba ne ba ema sentle jaana mo go tsa kgwebo mo e leng gore ka dingwaga di le 25 ba ne ba laola kgwebisano fa gare ga Australia le Tahiti, mme segolobogolo mo kgwebong ya mafura a kolobe a a letswai le oli ya kokonate. Le fa go ntse jalo, kgang eno e ne ya tshwenya barongwa bangwe mme ba ikuela kwa Mokgatlhong wa Barongwa wa kwa Lontone gore o rarabolole kgang eno. Bangwe ba ne ba akanya gore kgwebo e botlhokwa gore ba tle ba kgone go fitlhelela mekgele ya bone ya bodumedi. Jang?

Fa e sale barongwa ba goroga, ba ne ba dirisa bokgoni jwa bone jwa botegeniki le dilwana tsa bone go ngoka baagi ba ditlhaketlhake. E re ka ba ne ba dumela gore go “tlhabolola” batho go ne go tla dira gore batho ba itumele thata, barongwa ba ne ba rotloetsa go dira ka natla le go nna le dikhumo, ba bo ba akantsha gore go nna le dikhumo ke bosupi jwa gore motho o segofaditswe ke Modimo.

A e Ne e Le go Sokologa go go Tswang Pelong?

Moragonyana mokwalahisitori wa Mokgatlho wa Barongwa wa kwa Lontone o ne a kwala gore, fa baagi bano ba ditlhaketlhake ba ne ba sokologa ka bonako e bile ba sokologa ka bontsi “e ne e se ka go bo tota ba ne ba batla go fetola boitsholo jwa bone, go ne go sa amane ka gope le bodumedi le go fetoga ga dipelo tsa bone.” Gunson a re, go sokologa ga batho ba kwa Tahiti e ne e le “fela se Pomare II, a neng a se batla, mme go ne go theilwe mo ditlwaelong tsa bodumedi (e seng mo ditumelong) tsa barongwa ba Baesemane.”

Ba-Tahiti ba le bantsi ba ile ba nna Bakeresete fela ka leina mme mo dingwageng di se kae fela boheitane bo ne jwa boa gape ka mokgatlho wa bodumedi o o bidiwang Mamaia. Mamaia e leng kobamelo ya boitsholo jo bo repileng e e neng ya bo ya amogelwa le ke mojaboswa mongwe wa bogosi, e ne e kopantse dikarolo dingwe tsa Bokeresetse le ditumelo dingwe tsa setso le mekgwa ya teng.

Go ne go na le go ngangisana go gogolo fa gare ga ditlhopha tsa Boporotesetanta—tse di neng di akaretsa Ba-Anglican, Ba-Calvin le Ba-Methodist—le letlhoo fa gare ga Baporotesetanta le Bakatoliki. Buka ya The Cambridge History of the Pacific Islanders ya re: “Baagi ba ditlhaketlhake ba ne ba sa bone pharologano epe fa gare ga madumedi mme ba ne ba sa kgone go tlhaloganya lebaka la go bo batho ba ba ipitsang bakaulengwe ba ka nna le letlhoo le le kana kana fa gare ga bone.” Ka sekai, fa barongwa ba le babedi ba Bakatoliki ba goroga kwa Tahiti, ba ne ba lelekiwa ka bonako mo nageng ka ditaelo tsa mongwe wa maemo a a kwa godimo yo e kileng ya bo e ne e le morongwa wa Moporotesetanta. Seno se ne sa dira gore go nne le dikgotlhang fa gare ga Boritane le Fora tse di ileng tsa batla di dira gore go nne le ntwa. Kgabagare Boritane e ne ya dumalana le kgang ya Fora ya go batla gore Tahiti e nne kafa tlase ga “tshireletso” ya Fora.

Diphelelo Tse di Molemo

Malebana le ditiro tse di molemo tse ba dirileng, barongwa bangwe ba bogologolo ba ne ba rotloetsa ka tlhoafalo kgang ya go ithuta go bala le go kwala le go thusa go fedisa go bolawa ga masea, go ja batho le go dira ditlhabelo ka batho. Le fa gone barongwa bangwe ba ne ba gagamatsa letsogo go sa tlhokege, gone ba ile ba leka go tokafatsa boitsholo jwa baagi ba ditlhaketlhake.

Sengwe se se molemo thata se barongwa ba se dirileng e ne e le go ranolela Baebele mo puong ya Se-Tahiti. Mo godimo ga moo, ka go dira seno, ba ne ba thusa batho go itse leina la Modimo, le baagi ba ditlhaketlhake ba sa ntseng ba le itse sentle le gone jaanong.a —Pesalema 83:18.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona setlhogo se se reng “Banna ba Maemo a a Kwa Tlase ba Ranola Baebele,” mo kgatisong ya July 1, 2003, ya Tora ya Tebelo.

[Lebokoso mo go tsebe 15]

“Ga lo Karolo ya Lefatshe”

Mafoko ano a a builweng ke Jesu Keresete, ke molaometheo o o kaelang balatedi ba gagwe ba boammaaruri. (Johane 15:19) Tota e bile, molaomotheo oo o botlhokwa thata jaana mo go bone mo e leng gore Jesu o ne a rapela Modimo a re: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:16) Ka ntlha ya seo, Jesu ga a ka a nna le seabe mo dipolotiking e bile ga a ka a dirisa dipolotiki go mo thusa go nna le barutwa. E bile o ne a kgala go gagamalela dikhumo—selo se sengwe se se bontshang moya wa lefatshe. Go na le moo, o ne a buelela botshelo jo bo sa raraanang jo bo ikaegileng ka go batla go nna le dikhumo tsa semoya. (Mathaio 6:22-24, 33, 34) Balatedi ba gagwe ba boammaaruri ba latela sekao sa gagwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Go amogelwa ga barongwa ba ntlha ka 1797

[Motswedi wa Setshwantsho]

The Granger Collection, New York

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Morongwa mongwe a na le basokologi ba kwa Tahiti mo e ka nnang ka 1845

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Kgosi Pomare II

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Tahiti le motsemogolo wa Papeete

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo courtesy of Tahiti Tourisme

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Kafa molemeng: Photo by Henry Guttmann/Getty Images; kafa mojeng: Collection du Musée de Tahiti et de ses Îles, Punaauia, Tahiti

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela