Basha ba Botsa Jaana
Nka Tila Jang Thaelo?
◼ Ga go ise go fete metsotso e le lesome Karen a le mo phathing, mme o bona basimane ba babedi ba fitlha ba tshwere dikgetsana dingwe tse dikgolo tsa pampiri. Se se leng mo dikgetsaneng tseo ga se sephiri. Pelenyana ga foo, o ne a utlwile bone basimane bao ba bolela gore go tla bo go na le bojalwa jo bontsi kwa phathing eno. Gone mme, Karen ga a ka a bolelela batsadi ba gagwe ka seno. O ne a ipolelela gore basimane bano ba dira metlae fela. Tota e bile, go ne go tshwanetse ga bo go ne go na le batho ba ba godileng felo gongwe mo ntlong eno.
A sa lebelela, Karen o utlwa lentswe le a le tlwaetseng kafa morago ga gagwe. “Ke eng o eme fela foo, wena masenyeletsa?” Fa Karen a retologa o bona tsala ya gagwe Jessica a tsotse dibotlolo tse pedi tsa biri tse di sa tswang go bulwa. Jessica o baya e nngwe mo pele ga sefatlhogo sa ga Karen mme a bo a re, “O se ka ba mpolelela gore o mmotlana thata gore o ka ijesa monate go se kae!”
Karen o batla go gana. Mme kgatelelo ya go batla go ineela e maatla go na le kafa a neng a akantse ka teng. Ga se kgang ya bojalwa fela. Ke fela gore Jessica ke tsala ya gagwe mme Karen ga a batle gore tsala ya gagwe e akanye gore ke masenyeletsa jaaka a ile a bolela. Mme e bile, Jessica ke mongwe wa basetsana ba ba siameng. Mme fa e le gore ene o a nwa, bothata ke eng? Karen o ipolelela gore, ‘Ke biri fela. Ga go tshwane le go dirisa diokobatsi kgotsa go tlhakanela dikobo.’
FA O le mosha, dithaelo di tla ka ditsela tse dintsi. Gantsi, di akaretsa batho ba bong bo sele. Ramon wa dingwaga di le 17 a re: “Basetsana ba sekolo sa rona ba rata go pateletsa dilo.a Ba rata go go leka go bona gore o tla ya bokgakala jo bo kana kang. Ba ka se go tlogele fa o gana!” Deanna yo le ene a nang le dingwaga di le 17, o ne a diragalelwa ke se se tshwanang. A re: “Mosimane mongwe o ne a nkatamela mme a ntshwara. Ke ne ka mmetsa botlhoko mo letsogong mme ka mo raya ka re ‘O dirang? Ga ke go itse le go go itse!’”
Le wena o ka tswa o lebana le dithaelo mme go ka nna ga bonala di sa fele. Jaaka fa Mokeresete mongwe a tlhalosa, “thaelo e tshwana le motho yo o nnelang go kokota mo lebating la gago a sa kgaotse mme a itlhokomolosa letshwao le le reng O se Ka wa Tshwenya.” A o utlwa go kokota goo ka makgetlo a mantsi go na le kafa o neng o lebeletse ka gone. Ka sekai, a go na le nngwe ya dilo tseno tse e leng thaelo mo go wena?
□ Go goga motsoko
□ Go nwa bojalwa
□ Go dirisa diokobatsi
□ Go lebelela ditshwantsho tse di hepisang
□ Go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo
□ Tse dingwe ․․․․․
Fa e le gore o ile wa tshwaya mo go epe ya dilo tse di fa godimo, o se ka wa swetsa ka gore wena o ka se kgone go nna Mokeresete. O ka kgona go ithuta go laola dikeletso tsa gago tse di sa siamang mme wa tila thaelo. Jang? Go ka go thusa gore o lemoge gore ke eng se se dirang gore o raelesege. Akanya ka mabaka ano a mararo.
1. Go sa itekanela. Go batla go dira se se sa siamang go tlwaelegile mo bathong botlhe ba ba sa itekanelang. Tota le moaposetoloi Paulo—Mokeresete yo o godileng—o ne a dumela jaana a sa fitlhe sepe: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.” (Baroma 7:21) Ga go na pelaelo gore, tota le motho yo o tlotlegang ka nako nngwe o nna le “keletso ya nama le keletso ya matlho.” (1 Johane 2:16) Mme go nna o ntse o akanya ka dithaelo tsa go dira se se sa siamang go oketsa fela bothata ka gonne Baebele ya re: “keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo.”—Jakobe 1:15.
2. Ditlhotlheletso tse di go dikologileng. Thaelo e gongwe le gongwe kwa o lebang gone. Trudy a re: “Kwa sekolong le kwa tirong batho ba nnela go bua ka tlhakanelodikobo. Gantsi mo thelebisheneng le mo difiliming, e dirwa gore e lebege e le ntle e bile e kgatlha. Gantsi o ka se ka wa bona ditlamorago tsa gone tse di sa itumediseng!” Trudy o itse go ya ka se se mo diragaletseng gore ditlhotlheletso tse di ntseng jalo di ka nna maatla go le kana kang. O gakologelwa jaana: “Fa ke ne ke le dingwaga di le 16 go ne go na le mongwe yo ke neng ke akanya gore ke a mo rata. Mmè o ne a dula fa fatshe le nna mme a mpolelela gore fa ke tswelela ka tsela e ke dirang ka yone, ke tla feleletsa ke imile. Ke ne ka tshoga thata go akanya gore mmè a ka bua selo se se ntseng jalo! Dikgwedi di le pedi morago ga foo ke ne ka ima.”
3. “Dikeletso tse basha ba nang le tsone.” (2 Timotheo 2:22) Polelwana eno e ka akaretsa dikeletso dipe fela tse basha ba ka tswang ba na le tsone, tse di jaaka go eletsa go amogelwa ke ba bangwe kgotsa go eletsa gore ba bangwe ba ba tseye jaaka bagolo. Dikeletso tseo ka botsone ga di phoso, mme fa di sa laolwe, di ka dira gore go nne thata le go feta go tila thaelo. Ka sekai, go batla gore batho ba bangwe ba go tseye jaaka mogolo go ka dira gore kgabagare o tlogele maitseo a mantle a o a rutilweng kwa gae. Ke se se diragaletseng Steve fa a ne a le dingwaga di le 17. A re: “Ke ne ka tsoulogela batsadi ba me mme ke dira sengwe le sengwe se ba nthutileng gore ke se ka ka se dira—ke dira seno moragonyana fela fa ke sena go kolobediwa.”
Gone ke boammaaruri gore ditlhotlheletso tse di umakilweng fa godimo di maatla. Le fa go ntse jalo, o ka kgona go tila thaelo. Jang?
◼ Sa ntlha, lemoga gore ke thaelo efe e go leng thata le go feta go e tila. (O ka tswa o setse o dirile se se fa godimo.)
◼ Morago ga foo, ipotse gore, ‘Ke leng go ka diregang gore ke raelesege?’ Tshwaya nngwe ya dilo tse di latelang:
□ Fa ke le kwa sekolong
□ Fa ke le kwa tirong
□ Fa ke le nosi
□ Tse dingwe ․․․․․
Fa o itse gore ke leng go ka diregang gore o raelesege go ka nna ga go thusa le gore o tile thaelo eo gotlhelele. Ka sekai, akanya ka tiragalo e e ka nnang ya direga e e tlhalositsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno. Ke temoso efe e e neng e le teng e e neng e bontsha Karen gore go ka nna le mathata kwa kokoanong e a neng a ya kwa go yone? O ne a ka dira eng go tila thaelo gotlhelele?
◼ E re ka jaanong (1) o lemogile thaelo e bile (2) o itse gore ke leng go ka diregang gore o raelesege, o siametse go tsaya kgato. Selo sa ntlha se o tshwanetseng go se dira ke go bona gore o ka dira jang gore o fokotse tsela ya go lebana le thaelo kgotsa tsela ya go e tila gotlhelele. Kwala fa tlase fano gore o ne o tla dira eng.
․․․․․
․․․․․
(Dikai: Fa e le gore morago ga sekolo ka metlha o kopana le bana ba o tsenang sekolo le bone ba ba go rotloetsang go goga motsoko le bone, gongwe o ka tsaya tsela e nngwe gore o se ka wa kopana le bone. Fa e le gore gantsi o amogela ditshwantsho tse di hepisang mo Internet tse o sa di kopang, o ka akanyetsa go tsenya thulaganyo e e thibelang melaetsa e e ntseng jalo mo mafelong a mangwe otlhe mo khomputareng ya gago. Gape o ka tsenya mafoko a a go isang ka tlhamalalo kwa go se o se batlang.)
Gone ke boammaaruri gore o ka se ka wa kgona go tila dithaelo tsotlhe. Go ise go ye kae, gongwe o tla lebana le thaelo e e rileng e e maatla—gongwe e le sengwe se o sa se lebelelang gotlhelele. O ka dira eng ka gone?
Nna o ipaakantse. Fa Jesu a ne a “raelwa ke Satane,” o ne a mo ganetsa ka yone nako eo. (Mareko 1:13) Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu o ne a setse a itse gore o tla dira eng malebana le dikgang tse di neng tsa tsoga. Akanya ka gone. Jesu e ne e se roboto. Go ne go ka nna ga direga gore a ineele gore a raelwe. Mme o ne a setse a ititeile sehuba gore o tla ikobela Rraagwe ka dinako tsotlhe. (Johane 8:28, 29) Tota Jesu o ne a tlhomamisegile fa a ne a re: “Ke fologile kwa legodimong go tla go dira, e seng thato ya me, fa e se thato ya yo o nthomileng.”—Johane 6:38.
Kafa tlase fano, kwala mabaka a mabedi a go bo o tshwanetse go tila thaelo e gantsi o lebanang le yone le ditsela tse pedi tse ka tsone o ikemiseditseng go di tila.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
Gakologelwa, fa o ineela mo thaelong, o nna lekgoba la dikeletso tsa gago. (Tito 3:3) Ke eng fa o itetla gore o laolwe ke dikeletso tsa gago? Nna le maikarabelo mo o ka kgonang go laola dikeletso tsa gago go na le gore o dire gore di go laole.—Bakolosa 3:5.
Go na le ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse o ka di bonang mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
◼ A dibopiwa tse di itekanetseng di ka raelwa?—Genesise 6:1-3; Johane 8:44.
◼ Fa o tila thaelo, go ikanyega ga gago go tla ama ba bangwe jang?—Diane 27:11; 1 Timotheo 4:12.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
LEKA SENO
Tsaya kompase mme o e beye ka tsela ya gore lonakana lwa yone lo lebe kwa bokone. Go tswa foo baya makenete fa thoko ga kompase. Go direga eng? Lonakana lwa yone ga lo tlhole lo supa sentle. Go na le moo, lo leba kwa ntlheng ya makenete.
Segakolodi sa gago se tshwana le makenete. Fa se thapisitswe sentle, se tla supa kwa “bokone” mme se go thuse gore o dire ditshwetso tse di siameng. Mme botsala jo bo kotsi, jaaka makenete, bo na le kgogedi e e ka fetolang boikutlo jwa gago jo bo siameng jwa boitsholo. O ka ithuta eng mo go seno? Leka go tila batho le maemo a a ka dirang gore boikutlo jwa gago jo bo siameng ka boitsholo bo senyege!—Diane 13:20.
[Lebokoso mo go tsebe 27]
KAKANTSHO
Rulaganya gore o tla tsiboga jang fa mongwe a leka go go raela gore o dire sengwe se se sa siamang. O se ka wa tshwenyega. Ga o tlhoke go dira gore batho ba akanye gore o itira botoka. Gantsi, go gana ka tsela e e motlhofo mme o sa fetoge ke sone fela se se tlhokegang. Ka sekai, fa mongwe yo o tsenang sekolo le ene a go naya sekerete, o ka nna wa re: “O se ka wa itshwenya. Ga ke goge!”
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Fa o ineela mo thaelong, o nna lekgoba la dikeletso tsa gago