Loso—A Tota ke Bokhutlo?
KA February 1987, monna mongwe wa dingwaga di le 85, o ne a emisa kalafi ya gagwe ya diphilo ya dialysis e e neng e ntse e mo thusa gore a nne a tshele. O ne a swa ka kagiso kwa gae dibeke di le pedi moragonyana, morwawe yo o esi a le fa thoko ga gagwe.
Nako eo ya bofelo ba le mmogo e ne ya ba naya tshono ya go bua ka kgang e ba kileng ba tlotla ka yone pelenyana: A go ka kgonega gore motho a tshele morago ga loso? Rre, yo e neng e le monna yo o rutegileng, e ne e le motho yo o belaelang dilo. O ne a tlhotlheleditswe ke thuto ya go iphetola ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe mme o ne a kgopisiwa ke boitimokanyi jwa bodumedi. O ne a dumela gore Modimo ke masaitsiweng.
Morwa ene, e re ka a ne a batla go gomotsa rraagwe le go dira gore a nne le tsholofelo, o ne a mmontsha lebaka la go bo tota go ka kgonega gore motho a boe a tshele gape morago ga loso. Fa loso lo ntse lo atamela, rraagwe o ne a dumela gore go ka itumedisa go boa a tshela gape a itumelela botshelo jo bongwe a le matlhagatlhaga e bile a na le botsogo jo bo itumetseng.
Go Gomotsa Motho fa a Lebane le Loso
Bontsi jwa batho ba ka rata go boa ba tshela gape fa e le gore ba tla tshela ba na le botsogo jo bo siameng e bile ba itekanetse mo lefatsheng le go renang kagiso mo go lone. Batho ga ba tshwane le diphologolo, tse Baebele e di tlhalosang e le tse di “sa akanyeng” kgotsa “dibopiwa tse di laolwang ke tlholego.” (2 Petere 2:12; New International Version) Rona re fitlha baswi ba rona. Re akanya ka isagwe. Ga re batle go tsofala, go lwala le go swa. Le fa go ntse jalo, tota dilo tseno di diragalela batho.
Re a hutsafala fa re akanya ka loso lwa rona kgotsa la mongwe yo re mo ratang. Le fa go ntse jalo, Baebele e re kgothaletsa gore re lebane le loso ka bopelokgale ka go bolela jaana: “Go botoka go ya kwa ntlong ya khutsafalo go na le go ya kwa ntlong ya mokete.” E oketsa ka gore: “Yo o tshelang o tshwanetse go go isa pelong.” (Moreri 7:2) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tsaya loso masisi kgotsa go akanya thata ka lone?
Lebaka lengwe ke ka go bo re na le keletso e re tshotsweng ka yone ya go batla go tshela le go itumelela botshelo ka kagiso le pabalesego. Loso—go sa tlhole o le gone—ke sengwe se rotlhe re sa se batleng. Go boima thata go amogela gore re tla bo re sa tlhole re le gone. Baebele e tlhalosa lebaka la gone jaana: “[Modimo] o tsentse bosakhutleng mo megopolong ya bone” kgotsa “mo dipelong tsa bone.” (Moreri 3:11; Revised Standard Version) Re batla go tshela—e seng go swa. A ko o akanye ka gone: A keletso eo e ka bo e nonofile thata jalo fa e ka bo e se boikaelelo jwa kwa tshimologong jwa Mmopi wa rona gore re tshelele ruri? A go ka kgonega gore re boe re tshela gape re itekanetse e bile re itumetse?
Lebaka la go Dumela
Ngwaga o o fetileng, AARP The Magazine, e e gatisitsweng ke American Association of Retired Persons e ne e na le setlhogo se se reng “Botshelo Morago ga Loso.” Dipotsolotso tsa batho ba le bantsi ba ba nang le dingwaga tse di fetang 50 di ile tsa bontsha gore mo e ka nnang diperesente di le 73 tsa bone ba ile ba dumalana le mafoko a a reng ‘Ke dumela mo botshelong jwa morago ga loso.’” Kafa letlhakoreng le lengwe, makasine oo o ne wa bega gore mo e ka nnang diperesente di le 25 tsa bone di ile tsa dumalana le mafoko a a reng “Ke dumela gore fa ke swa, ke bokhutlo.” Mme a tota ke se batho ba batlang go se dumela?
Mo go sone setlhogo seo, go begiwa fa Tom, Mokatoliki mongwe wa kwa New York, a ne a bolela jaana: “Ba rera ka botshelo morago ga loso. Nna ka re, batho ba ruta dilo tse dintsi tse di farologaneng. Wena o tshwanetse fela gore o itirele tshwetso ya gore o tla dumela eng. Ke ya Mmiseng. Ke tshela botshelo jwa me e kete go na le botshelo morago ga loso, mme ga ke dumele gore go ntse jalo. Fa e le gore go boammaaruri, nnyaa tota ke tla bo ke bolaile.”
Jaaka Tom, batho ba le bantsi ba na le dipelaelo ka seno, fela jaaka rre yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno yo gantsi a neng a tle a reye morwawe a re, “Go dumela mo bodumeding go siametse batho ba ba sa kgoneng go lebana le kgang ya gore loso tota lo teng.” Le fa go ntse jalo, jaaka ene le ba bangwe ba ba belaelang ba ne ba tshwanela go lemoga, go dumela mo Mmoping yo o maatlaotlhe go dira gore motho a tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa go kgonega gore go nne le dikgakgamatso.
Ka sekai, dibeke di le tharo fela morago ga gore ngwana a imiwe, disele tsa boboko jwa leseanyana le le iseng le tsholwe di simologa go bopega. Disele tseno di oketsega ka bonako jo bo gakgamatsang, ka dinako tse dingwe di oketsega ka kwatara ya milione ka motsotso! Dikgwedi di le robongwe morago ga foo lesea le tsholwa le na le boboko jo bo nang le bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go ka ithuta. Moitsethutotshelo wa dimolekhule e bong James Watson o ne a re boboko jwa motho ke “sengwe se se raraaneng go gaisa se re kileng ra se lemoga mo lobopong lwa rona.”
Fa o akanya ka dikgakgamatso tse di jaaka tseno—a jaaka bontsi—go go jesa kgakge? A go akanya ka dilo tseno go go thusitse go bona karabo ya potso e e kileng ya bodiwa ke monna mongwe wa bogologolo yo o neng a re: “Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape?” Monna yoo o ne a araba Modimo jaana a tlhatswegile pelo: “O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba. O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.” (Jobe 14:14, 15)
Tota re tla bo re dira sentle go sekaseka bosupi jo bo bontshang gore re na le lebaka la go dumela gore go tla kgonega gore re tshele morago ga loso.