LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/08 ts. 4-6
  • Botshelo Morago ga Loso—Bo ka Kgonega Tota!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo Morago ga Loso—Bo ka Kgonega Tota!
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo re Tsofala le go Swa
  • Go Dirilwe Gore go Kgonege Gore re Boe re Tshele Gape
  • Lebaka la go Dumela
  • Go Tshela Gape ka Tsogo ya Baswi
  • Loso le Tsogo ya ga Jesu—Di ka Go Solegela Molemo Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Jesu o a Boloka—jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Loso lo Tla Nyelediwa, e le Mmaba wa Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Thekololo ya ga Keresete Tsela ya Modimo ya Poloko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 9/08 ts. 4-6

Botshelo Morago ga Loso—Bo ka Kgonega Tota!

MO FILIMING nngwe dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, go ne ga bontshiwa lekawana lengwe le eme fa thoko ga lebitla la mongwe yo le mo ratang. O ne a re: “Mama ka metlha o ne a tle a re go swa ke karolo ya botshelo.” Go tswa foo, fa khamera e ntse e lebisitswe go se kae mo mokwalong o o mo letlapeng la lebitla, o ne a oketsa ka gore: “Ruri ke eletsa e kete go ka bo go sa nna jalo.”

Mafoko ano a supa boikutlo jwa dibilione tsa batho ba ba latlhegetsweng ke mongwe yo ba mo ratang ka loso. A bo e le mmaba yo o maswe jang ne! Le fa go ntse jalo, Modimo o solofetsa jaana: “Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.” (1 Bakorintha 15:26) Mme gone, ke ka ntlha yang fa re swa le fa re na le bokgoni jwa go tshelela ruri? Loso lo tla fedisiwa jang?

Lebaka La go Bo re Tsofala le go Swa

Baebele e bolela jaana malebana le Jehofa Modimo, Mmopi wa rona: “Tiro ya gagwe e itekanetse.” (Duteronome 32:4; Pesalema 83:18) Motho wa ntlha e bong Adame o ne a bopilwe a itekanetse, mme o ne a ka kgona go tshelela ruri mo tshimong ya Edene, Paradaise ya mo lefatsheng e Modimo a neng a mmeile mo go yone. (Genesise 2:7-9) Ke eng se se dirileng gore Adame a latlhegelwe ke legae leo la Paradaise le gore a tsofale a bo a swe?

Ka bokhutshwane fela re ka re: Adame o ne a palelwa ke go ikobela taelo ya gore a se ka a ja loungo lwa setlhare se se rileng. Modimo o ne a tlhagisitse Adame sentle ka katlholo ya go dira jalo ka go mo raya a re: “Ruri o tla swa.” (Genesise 2:16, 17) Adame o ne a kopanela le mosadi wa gagwe Efa mo go sa utlweng taelo, ka jalo Modimo o ne a ba koba kwa Edene. Lebaka la go bo Modimo a ile a tsaya kgato ka bonako le botlhokwa. Baebele e bolela jaana: “Gore [Adame] a se ka a ntsha seatla mme a tsaya leungo le [le mo tshimong] mo setlhareng sa botshelo a ja mme a [tshelela ruri].”—Genesise 3:1-6, 22.

Adame le Efa ba ile ba swa ka go bo ba ile ba se ka ba nna kutlo, mme ke ka ntlha yang fa bana ba bone botlhe ba tsofala le go swa? Ka gonne ba ruile boleo mo go Adame, mme boleo joo bo ne jwa dira gore bana ba gagwe botlhe ba nne le bosaitekanelang ba bo ba swe. Baebele e tlhalosa jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame] le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.

Go Dirilwe Gore go Kgonege Gore re Boe re Tshele Gape

Jaaka re setse re badile kwa pelenyana, “Loso lo tla nyelediwa”—ee, go fedisediwa ruri! (1 Bakorintha 15:26) Mme seno se tla direga jang? Baebele e tlhalosa seno ka go bolela jaana: “Ka tiro e le nngwe ya tshiamiso batho ba mefuta yotlhe ba ne ba felela ka gore ba bolelwe e le ba ba siametseng botshelo.” (Baroma 5:18) Ke eng se se tla dirang gore re kgone go nna le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo le go bona botshelo jo bo sa khutleng?

Ke thulaganyo e Modimo a e dirileng ya gore boleo jo batho botlhe ba bo ruileng mo mothong wa ntlha e bong Adame bo phimolwe. Baebele e tlhalosa jaana: “Mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) Malebana le thulaganyo eno ya go dira gore batho ba tshwanele botshelo, Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Akanya ka lorato lo logolo lo Modimo a lo re bontshitseng, le le le bontshitsweng ke Morwawe e bong Jesu Keresete, yo o neng a boga thata ka ntlha ya rona. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: ‘Morwa Modimo o nthatile a ba a ineela ka ntlha ya me.’ (Bagalatia 2:20) Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa Jesu e le ene fela motho yo o ka kgonang “go ntsha moya wa gagwe [go nna] thekolo” ka ntlha ya rona mme ka go dira jalo a bo a re golola mo ditlamoragong tsa boleo tse di kotsi?—Mathaio 20:28.

Jesu ke ene fela yo o neng a ka kgona go ntsha moya wa gagwe go nna thekololo ka gonne ke ene fela yo o neng a sa rua boleo go tswa mo mothong wa ntlha e bong Adame. Ka ntlha yang? Ke ka gonne botshelo jwa ga Jesu bo ile jwa fetisediwa ka kgakgamatso go tswa kwa legodimong go ya mo sebopelong sa ga Marea, yo e neng e le lekgarebana le le sa itseng monna. Ka jalo, jaaka moengele a ile a bolelela Marea, morwawe o ne a le “boitshepo, Morwa Modimo.” (Luke 1:34, 35) Ke ka lebaka leo Jesu a bidiwang “Adame wa bofelo” le go bo a ne a sa rua boleo go tswa ‘mo mothong wa ntlha Adame.’ (1 Bakorintha 15:45) E re ka Jesu e ne e le motho yo o neng a se na boleo, o ne a ka kgona go ntsha botshelo jwa gagwe gore e nne “thekololo e e lekanang”—botshelo jwa gagwe bo ne bo lekana le jwa motho wa ntlha yo o kileng a bo a itekanetse, a se na boleo.—1 Timotheo 2:6.

Ka thulaganyo eno ya thekololo, Modimo o ne a dira gore go kgonege gore re boe re bone se Adame wa ntlha a se latlhileng, e leng botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Le fa go ntse jalo, go bona tshegofatso eno, bontsi jwa batho ba tla tshwanelwa ke go boa ba tshela gape. A bo e le tsholofelo e e itumedisang jang ne! A mme seo ke dijo tsa ditoro fela?

Lebaka la go Dumela

A go tshwanetse ga nna thata go dumela gore Jehofa Modimo, yo o dirileng botshelo, o na le maatla a go boa gape a bopa motho yo o kileng a tshela? Akanya ka go kgona go ima—go Modimo a neng a go file mosadi wa ntlha. “Adame [o ne] a tlhakanela dikobo le Efa,” mme mo e ka nnang dikgwedi di le robongwe moragonyana, go ne ga tsholwa setshwano sa bone se sennye se se bopegileng ka botlalo. (Genesise 4:1) Se se ileng sa direga mo popelong ya ga Efa go bopa dikarolo tsotlhe tsa lesea leno le go di kopanya go sa ntse go tlhalosiwa e le kgakgamatso e batho ba sa kgoneng go e tlhaloganya ka botlalo!—Pesalema 139:13-16.

Go tsholwa ga ngwana go tsewa motlhofo fela ka gonne go direga gantsintsi ka letsatsi. Le fa go ntse jalo, go dira gore motho yo o kileng a tshela a boe a tshele gape e sa ntse e le selo se se ka se kgonegeng mo bathong ba le bantsi. Fa Jesu a ne a raya batho ba ba neng ba hutsafaletse loso lwa mosetsanyana mongwe gore ba tlogele go lela, “ba ne ba simolola go mo tshega ka tshotlo” ka gonne ba ne ba itse gore mosetsanyana o sule. Mme Jesu o ne a bua le mosetsana yo o suleng a re: “‘Tsoga!’ Mme ka yone nako eo morweetsana yono a tsoga mme a simolola go tsamaya.” Re bolelelwa jaana: “Mme [ba ba neng ba le gone] ba se ka ba kgona go itshwara ka ntlha ya go tlhapelwa ke boitumelo.”—Mareko 5:39-43; Luke 8:51-56.

Fa Jesu a ne a kopa gore lebitla la tsala ya gagwe e e rategang e bong Lasaro le bulwe, Maratha, kgaitsadie Lasaro o ne a gana a re: “Mo nakong eno o tshwanetse a bo a nkga, gonne ke malatsi a le manè.” Le fa go ntse jalo, a bo go nnile le boitumelo jo bogolo jang ne fa Lasaro a ne a tsosiwa! (Johane 11:38-44) Ba le bantsi ba ne ba tlwaela dikgakgamatso tsa ga Jesu. Fa Johane Mokolobetsi a ne a le kwa kgolegelong, barutwa ba gagwe ba ne ba mmegela ka ditiro tse Jesu a neng a di dira ba re: “Baswi ba a tsosiwa.”—Luke 7:22.

Go Tshela Gape ka Tsogo ya Baswi

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a dira dikgakgamatso tseo, e re ka batho ba a neng a ba tsositse moragonyana ba ne ba boa ba lwala ba bo ba swa gape? O ne a dira jalo ka gonne go ne go bontsha gore se Adame wa ntlha a se latlhileng—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise—bo ka kgona go nna gone gape. Go tsosa ga ga Jesu batho mo losong go ne go bontsha kafa dimilione tsa batho kgabagare di tla ‘ruang lefatshe’ ka teng le gore “ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29.

Se se itumedisang ke gore re ka kgona go nna bangwe ba batho ba ba nnang le tsholofelo e e itumedisang eo ya go tshelela ruri fa re na le “boineelo jwa bomodimo.” Baebele ya re boineelo jo bo ntseng jalo “bo na le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang.” ‘Botshelo jo bo tla tlang’ bo bidiwa gape go twe ke “botshelo jo e leng botshelo ruri,” le “botshelo jwa mmatota.”—1 Timotheo 4:8; 6:19; Baebele e e Boitshepo.

Mma re sekasekeng gore botshelo jono jwa mmatota, botshelo jo bo tla tlang mo lefatsheng le lesha la tshiamo, bo tla nna jang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela