“Ke Ntse ke sa Itse Gore Modimo O na Le Leina”
◼ Mosadi mongwe o ne a bua mafoko ano morago ga go bala buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? O ne a oketsa jaana: “Mme gone go a utlwala. Fa ke ne ke leba leina la Modimo mo Baebeleng ya me, le ne le le teng, gone moo!” O ne a tlhalosa jaana: “Ga ke ise ke bale buka e e buang ka Baebele, e e mosola mme e le motlhofo go tlhaloganyesega jaana!”
Buka ya Baebele e Ruta Eng? ga e bontshe fela gore Modimo o ne a ikaeletse gore lefatshe e nne Paradaise mme gape e bontsha sentle gore boikaelelo joo jwa Modimo bo tla diragadiwa. Buka eno gape e senola seabe se se botlhokwa se Morwa Modimo e bong Jesu Keresete a nang le sone mo go diragatseng maikaelelo ano. E re naya tlhaloso ya Baebele ya gore ke ka ntlha yang fa re tsofala re bo re swa, gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse gore pogo e tswelele, le gore Bogosi jwa Modimo bo tla re golola jang mo pogong eno yotlhe.
Le mororo buka ya Baebele e Ruta Eng? e na le dingwaga di le tharo fela, go setse go gatisitswe dikhopi tsa yone tse di fetang dimilione di le 79 ka dipuo di le 220. O ka nna wa kopa khopi ya gago ka go tlatsa setlankana seno o bo o se romela kwa atereseng e e mo go sone kgotsa mo atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.
□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele buka e e bontshitsweng fano.
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.