Basha ba Botsa Jaana
Nka Kgona Jang go Lepalepana le go Gatelelwa mo Maikutlong Kwa Sekolong?
“Kgatelelo ya maikutlo kwa sekolong ga e fokotsege fa o ntse o gola—mabaka a go bo o gatelelwa mo maikutlong ke one a a fetogang.”—James, New Zealand.a
“Ke ne ke ikutlwa ke gateletswe tota kwa sekolong mo gantsi ke neng ke ikutlwa e kete nka lela ke bo ke goe ka nako e le nngwe.” —Sharon, United States.
A O IKUTLWA e kete batsadi ba gago ga ba tlhaloganye gore o na le kgatelelo e e kana kang kwa sekolong? Ee, gone ba ka go bolelela gore ga o na dikoloto tse o di duelang, lelapa le o le tlamelang kgotsa mothapi yo o tshwanetseng go mo kgotsofatsa. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore o akanya gore kwa sekolong o na le kgatelelo e e lekanang le e batsadi ba gago ba nang le yone—kgotsa go feta.
Go ya sekolong le go boa fela ke kgatelelo e ntsi gone ka bogone. Tara yo o nnang kwa United States a re: “Gantsi go nna le dintwa mo beseng ya sekolo. Mokgweetsi o tla bo a ema mme rotlhe re bo re tshwanelwa ke gore re tswe mo beseng. Re bo re nna thari rotlhe ka halofo ya ura kgotsa go feta.”
A kgatelelo e a fokotsega fa o tsena kwa sekolong? Le e seng! Gongwe e bile o na le maikutlo a a tshwanang le a a tlhalositsweng fa tlase fano.
Kgatelelo e e tswang kwa barutabaneng.
“Barutabana ba me ba batla gore ke bone maduo a a kwa godimo thata gore ke bone dipholo tse di molemo thata mme ke ikutlwa ke gatelelwa gore ke kgone go ba itumedisa.”—Sandra, Fiji.
“Barutabana ba gatelela bana gore ba dire sentle mo dithutong bogolo jang fa moithuti a na le bokgoni. Barutabana ba re gatelela tota gore re atlege.”—April, United States.
“Tota le fa o na le maikaelelo a a molemo ka botshelo jwa gago, barutabana ba bangwe ba ka dira gore o ikutlwe o se motho wa sepe fa o sa latelele mekgele ya se ba akanyang gore o tshwanetse go se dira.”—Naomi, United States.
Kgatelelo e e tswang mo barutabaneng e go ama jang?
Kgatelelo e e tswang mo balekaneng.
“Kwa sekolong se segolwane, bana ba na le kgololesego e kgolwane mme e bile ba tsuologa thata. Fa o sa dire dilo le bone ga ba batle go tsalana le wena.”—Kevin, United States.
“Letsatsi le letsatsi, ke lebana le teko ya go nwa bojalwa kgotsa ya go tlhakanela dikobo. Ka dinako dingwe go thata go emelana le keletso ya go batla go nna le seabe.”—Aaron, New Zealand.
“Gone jaanong ke na le dingwaga di le 12, kgatelelo e kgolo e ke nang le yone ke ya go intsha le mongwe. Mongwe le mongwe kwa sekolong o mpotsa gore, ‘Ke tla nna lobaka lo lo kae ke ntse ke se na motho yo ke intshang le ene?’”—Alexandria, United States.
“Ke ne ke gatelelwa gore ke intshe le mosimane mongwe. Fa ke ne ke gana go intsha le mosimane yoo go ne ga twe ke ratana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa me. Mme seo se ne sa direga fa ke na le dingwaga di le lesome fela!”—Christa, Australia.
O amiwa jang ke kgatelelo e e tswang kwa balekaneng ba gago?
Kgatelelo e e bakiwang ke go akanya gore bana ba o tsenang sekolo le bone ba tla itshwara jang fa ba utlwa ka tumelo ya gago.
“Go thata go bolelela bana ba o tsenang le bone sekolo ka se o se dumelang ka gonne ga o itse gore ba tla itshwara jang morago ga foo. O tshwenyega gore ba tla akanya gore ga o tshwane le batho ba bangwe.”—Carol, Hawaii.
“Kwa sekolong sa bogareng le kwa sekolong se segolwane, bana ba sekolo ba dirisa diokobatsi, ba tlhakanela dikobo e bile ba nwa bojalwa. Go thata, ka gonne ga o batle gore bana ba sekolo ba go tshege ka go bo o farologane le bone e re ka o tshela ka melao ya Baebele.”—Susan, United States.
O amiwa jang ke dikgang tse di amang ditumelo tsa gago tsa bodumedi?
Dilo dingwe tse di ka go gatelelang mo maikutlong. Tshwaya se se go amang thata kgotsa o se kwale.
Ditlhatlhobo tse di tlang
Tiro ya sekolo e e dirwang kwa gae
Ditebelelo tse di kwa godimo tsa batsadi
Go tshelela ditebelelo tsa gago tse di kwa godimo
Batho ba ba go kgerisang kgotsa ba ba go sotlang ka thobalano
Tse dingwe ․․․․․
Dikgato Tse Tlhano Tse Di ka Go Thusang go Fokotsa Kgatelelo
Gone ke boammaaruri gore o ka se ka wa lebelela gore o fetse sekolo o sa nna le mofuta mongwe wa kgatelelo. Mme gone, kgatelelo e ntsi thata e ka ngomola motho pelo. Kgosi e e botlhale Solomone o ne a kwala jaana: “Kgatelelo fela e ka dira gore yo o botlhale a itshware jaaka setsenwa.” (Moreri 7:7) Mme gone, ga o a tshwanela go letla gore kgatelelo e dire gore o bo o tsenwe. Se se ka go thusang go dira jalo ke go ithuta go lebana le kgatelelo ka tsela e e molemo.
Go lebana le kgatelelo go tshwana le go tsholetsa ditshipi. E le gore motho yo o tsholetsang ditshipi a atlege, o tshwanetse gore a ipaakanyetse sentle pele. O tsholetsa ditshipi ka tsela e e tshwanetseng mme o tila go tsholetsa ditshipi tse di boima thata. Fa a ka dira jalo o nna le mesifa e e tiileng mme a sa gobatse mmele wa gagwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa a ka palelwa ke go dira jalo, a ka gagoga mosifa kgotsa a robega lerapo.
Ka tsela e e tshwanang, o ka laola tsela e o lebanang le kgatelelo ka yone mme o bo o wetsa tiro e o tshwanetseng go e dira o sa ikgobatse. Jang? Tsaya dikgato tse di latelang:
Tlhatlhoba gore ke eng se se dirang gore o nne le kgatelelo. Seane se se botlhale sa re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.” (Diane 22:3) Mme gone o ka se iphitlhele dikgatelelo kwantle ga gore o itse gore di bakiwa ke eng pele. Ka jalo, boela kwa dintlheng tse o di kwadileng pelenyana. Ke eng se se go bakelang kgatelelo thata?
Dira dipatlisiso. Ka sekai, fa e le gore o gatelelwa ke go dira tiro e ntsi ya sekolo e e direlwang kwa gae, o ka nna wa bona thuso mo setlhogong sa “Basha ba Botsa Jaana—Nka Bona Jang Nako ya go Dira Tiro Ya me Ya Sekolo?” se se gatisitsweng mo kgatisong ya Tsogang! ya February 8, 2004. Fa o ikutlwa o gateletswe gore o kopanele mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le mongwe yo o tsenang sekolo le ene o ka bona thuso mo setlhogong sa “Basha ba Botsa Jaana—Ke Dire Eng fa Mongwe a Batla Gore ke ‘Ikutswe le Ene’?” e e gatisitsweng mo kgatisong ya Tsogang! ya March 2007.
Rulaganya dikarabo tsa gago. Fa e le gore o gatelelwa ke gore bana ba o tsenang sekolo le bone ba tla reng fa ba lemoga gore o mo bodumeding bofe, o se ke wa letela gore mongwe a go botse ka gone mme o sa itse gore o tla reng. (Diane 29:25) Kelsey wa dingwaga di le 18 a re: “Se se neng se nthusa gore ke kgone go lebana le boemo joo e ne e le go ipaakanyetsa pele boemo joo bo tla. Ke ne ke setse ke sweditse ka gore ke tla tlhalosa jang ditumelo tsa me.” Aaron wa dingwaga di le 18 wa kwa Belgium le ene o ne a dira se se tshwanang. A re: “Ke ne ke akanya e sa le pele gore ke dipotso dife tse ke tla lebanang le tsone mme morago ke bo ke baakanyetsa dikarabo tsa dipotso tseo. Fa nka bo ke sa dira jalo nka bo ke sa leka le go bua ka se ke se dumelang.”
O se ka wa beela dilo nako e e tlang. Ga se mathata a mantsi a a ka nyelelang fa o a itlhokomolosa. Go na le moo, gantsi a nna maswe le go feta a bo a go okeletsa kgatelelo. Ka sekai, fa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, go itsise batho seno go sa le gale go ka go sireletsa. Marchet yo gone jaanong a leng dingwaga di le 20 a re: “Go tswa fela kwa tshimologong ya ngwaga, ke ne ke tsosa kgang nngwe e e tla felelang ka gore ke nne le tshono ya go tlhalosa ditekanyetso tsa me tsa Baebele. Ke ne ke lemoga gore fa ke ema lobaka lo loleele gore ke itsise batho gore ke Mosupi, go ne go nna thata gore ke ba itsise. Seno se ne sa nthusa tota mme ke ne ke kgona go tshela ka melao ya Baebele ngwaga otlhe.”
Kopa thuso. Tota le motho yo o tsholetsang ditshipi yo o nonofileng thata o na le mo a felelang gone. Go ntse jalo le ka wena. Mme gone ga o a tshwanela go rwala mokgweleo o le nosi. (Bagalatia 6:2) Ke eng fa o sa bue le motsadi wa gago kgotsa Mokeresete mongwe yo o godileng sentle? Ba bontshe dikarabo tse o di kwadileng pelenyana mo setlhogong seno. Tlotla le bone ka moo ba ka go thusang ka gone gore o lebane le dingwe tsa dikgatelelo tseno. Liz wa kwa Ireland, o ne a bolelela rraagwe gore o ne a boifa go sotliwa ka ntlha ya bodumedi jwa gagwe. A re: “Letsatsi le letsatsi rre o ne a rapela le nna pele a nkisa kwa sekolong. Seno se ne se dira gore ka metlha ke ikutlwe ke sireletsegile.”
A go Na le Kgatelelo e e Siameng?
Go ka nna ga nna thata go dumela seno, mme gone kgang ya gore o ikutlwa o gateletswe ka dinako dingwe ke selo se se molemo. Ka ntlha yang? Seno se ka bontsha gore o motho yo o tlhoafetseng mme e bile segakolodi sa gago ga se botshwakga. Ela tlhoko gore Baebele e tlhalosa jang motho yo o neng a lebega a se na letsapa le le mo fisang pelo: “O tla nna o rapame ka lobaka lo lo kae, wena yo o setshwakga? O tla tsoga leng mo borokong jwa gago? Robala gape go le gonnye, o otsele gape go le gonnye, o phuthe diatla gape go le gonnye o rapame, mme lehuma la gago ruri le tla tla fela jaaka senokwane, le letlhoko la gago jaaka monna yo o tlhometseng.”—Diane 6:9-11.
Heidi wa dingwaga di le 16 o sobokanya kgang eno sentle. A re: “Sekolo se ka lebega e le lefelo le le bosula tota mme gone dikgatelelo tse o lebanang le tsone koo ke tsone tse o tla lebanang le tsone fa o bereka.” Gone ke boammaaruri gore, go lebana le kgatelelo ga go motlhofo, mme fa kgatelelo e laolwa ka tsela e e tshwanetseng, e ka se go gobatse. Mme gone, e ka dira gore o nne motho yo o nonofileng.
a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
Ke dilo dife tse di ka bontshang gore o na le kgatelelo?
Ke ka ntlha yang fa go batla go dira dilo ka tsela e e siameng ka metlha go ka go okeletsa kgatelelo?
O ka bua le mang fa o ikutlwa o imetswe ke kgatelelo?