LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/08 ts. 22-24
  • Go Lepalepana le Kgwetlho ya Asperger’s Syndrome

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Lepalepana le Kgwetlho ya Asperger’s Syndrome
  • Tsogang!—2008
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgabagare, Ke ne Ka Bolelelwa Gore Bothata Jwa me ke Eng
  • Go Ithuta “go Tshela Botshelo jo bo Tlwaelegileng”
  • Go Fenya Kgwetlho e Kgolwane
  • Go Neelana ka Tshegetso
  • “Letsatsi Le ke Le Itumeletseng Thata mo Botshelong”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Ngwana wa Gago o Tla Araba Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2008
  • Direla Jehofa Ntle le go Iteega Tsebe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2008
g 9/08 ts. 22-24

Go Lepalepana le Kgwetlho ya Asperger’s Syndrome

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BORITANE

O BATLA go nna le ditsala, mme ga go motlhofo gore o simolole motlotlo. Le fa go ntse jalo, o ka kgona go bua diura di le dintsi ka sengwe se o se ratang. Botshelo jwa gago bo laolwa ke go tlwaela go dira dilo ka tsela e e rileng; ga o rate diphetogo. Gantsi o ikutlwa o tlalelwa le go kgobega marapo e bile ka dinako dingwe o tshwenyega thata mo maikutlong.

Batho ga ba go tlhaloganye. Ba re o motho yo o sa tlwaelegang, o bodipa, le gore o makgakga. O go fitlhela go se motlhofo go tlhaloganya megopolo le maikutlo a ba bangwe, bogolo jang ka o sa kgone go leba difatlhego tsa batho o bo o bona gore ba ikutlwa jang kgotsa tsela ya bone ya go itlhalosa ka mmele. Batho ba le bantsi ba ba nang le Asperger’s syndrome gangwe le gape ba lebana le maemo a a tshwanang le ao.

Batho ba ba nang le bothata jono ba lebega fela jaaka mongwe le mongwe, e bile gantsi ba botlhale thata. Le fa go ntse jalo, ba na le bokoa bongwe mo bobokong jo bo amang tsela e ba buang le go dirisana le batho ba bangwe ka yone. Bothata jono bo na le matshwao a a farologaneng, mme bo ama batho ka ditsela tse di sa tshwaneng. Mme le fa go ntse jalo, go a kgonega go tshela ka Asperger’s syndrome. Akanya ka kgang ya ga Claire.

Kgabagare, Ke ne Ka Bolelelwa Gore Bothata Jwa me ke Eng

Fa Claire e ne e le ngwana o ne a didimetse thata e bile a ikgogonne. O ne a sa batle go kopanya matlho le batho, gape o ne a tshaba boidiidi jwa batho. O ne a ithuta go bua sentle fa a sa ntse a le monnye, mme o ne a dirisa mafoko a le mmalwa ka mo go ka kgonegang e bile a bua ka lentswe le le seng monate. O ne a rata go dira dilo ka tsela e e sa fetogeng ka metlha mme o ne a tshwenyega fa e fetolwa.

Kwa sekolong barutabana ba ne ba felela Claire pelo ka gonne ba ne ba akanya gore o dipa ka boomo mme bana ba bangwe kwa sekolong ba ne ba mo kgerisa. Le mmaagwe o ne a boga, ka gonne ba bangwe ba ne ba mo latofatsa ka tsela e e sa tshwanelang, gore o na le seabe mo maitsholong a ga Claire. Kgabagare mmaagwe o ne a dirisa dingwaga tsa bofelo tsa sekolo go ruta Claire kwa gae.

Morago ga foo, Claire o ne a bereka ditiro di le mmalwa mme di ne tsa mo latlhegela tsotlhe ka gonne o ne a sa kgone go lepalepana le go fetola tsela e a neng a tlwaetse go dira dilo ka yone le se se neng se solofetswe mo go ene. Mo tirong ya gagwe ya bofelo, e e neng e le kwa legaeng la go tlhokomela batsofe, mookamedi wa batlhokomedi o ne a lemoga gore go na le sengwe se se phoso. Kgabagare fa Claire a le dingwaga di le 16, go ne ga lemogiwa gore o na le Asperger’s syndrome.

Kgabagare, mmaagwe Claire o ne a itse lebaka le le neng le dira gore morwadie a itshware ka tsela e e sa tlwaelegang jaana. Tsala nngwe ya bone e ne ya bona tshedimosetso e e buang ka bothata jono, mme fa Claire a e bala, o ne a botsa jaana a gakgametse: “A tota ke dira jalo? A ke kafa ke leng ka teng?” Ba lephata la ditirelo tsa loago mo lefelong leo ba ne ba akantsha gore Claire a dire sengwe se se ka mo thusang ka bothata jwa gagwe. Chris, yo e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o na le maitemogelo a go thusa bana ba ba tlhokang thuso e e kgethegileng, o ne a rulaganyetsa Claire yo le ene e leng Mosupi, gore a ithaopele go thusa ka go tlhokomela kago e e dirisiwang ke Basupi mo kobamelong ya Bokeresete.

Go Ithuta “go Tshela Botshelo jo bo Tlwaelegileng”

Kwa tshimologong, Claire o ne a bua ka sewelo fela le baithaopi mmogo le ene. Fa a nna le mathata o ne a kwalela Chris lokwalo, ka gonne go ne go le motlhofo mo go ene go dira jalo go na le go bua. Ka iketlo, Chris o ne a mo kgothaletsa gore a nne le ene fa fatshe le gore a mmolelele sengwe le sengwe. O ne a mo ruta, jaaka a tlhalosa “go tshela botshelo jo bo tlwaelegileng.” Chris o ne a mo tlhalosetsa gore, e ne e se “botshelo jo bo tlwaelegileng,” go tila go kopana le batho ba bangwe le go dira fela se a batlang go se dira. E re ka a ne a thusiwa, Claire o ne a simolola go ithuta go dirisana le ba bangwe go wetsa tiro e e rileng.

Maitemogelo a nako e e fetileng a ga Claire a a sa itumediseng a dirile gore a se ka a itshepa, ka jalo fa a newa tiro nngwe karabo ya gagwe e ne e le, “Nka se kgone go e dira.” Chris o ne a lebana jang le bothata jono? O ne a mo naya tiro e nnye a bo a mo tlhalosetsa gore, “Tiro eno e dirwa jaana,” a bo a oketsa ka gore, “Le wena o ka kgona go e dira.” Fa a e dirile o a itumela. Chris o mo akgola go tswa pelong a bo a mo naya tiro e nngwe gape. Go ne go le boima mo go Claire gore a gopole ditaelo tse a di boleletsweng, mme fa a di kwaletswe o ne a se na bothata bope. Ka bonya ka bonya o ne a simolola go itshepa.

E re ka Claire a ne a sa rate boidiidi jwa batho, e ne e le kgwetlho mo go ene go bua le ba bangwe mo dipokanong tsa Bokeresete. O ne a rata go nna a le esi kwa pele mo Holong ya Bogosi. Le fa go ntse jalo, o ne a ipeela mokgele wa gore a emelele fa dipokano di tswa, a bo a ya kwa morago mo holong e le gore a tle a kgone go bua le motho a le esi.

Fa nako e ntse e ya, Claire o ne a iphitlhela a kgona go bua le batho ba bantsi. O bolela jaana: “Mme gone ga go motlhofo.” Tota le fa maemo a gagwe a dira gore go tlotla le ba bangwe go nne boima, ka metlha o neelana ka dipuo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, e leng thulaganyo e e diretsweng go thusa Basupi ba ga Jehofa botlhe gore ba kgone go itlhalosa sentle.

Go Fenya Kgwetlho e Kgolwane

Jaaka fa go itshepa ga ga Claire go ntse go oketsega, Chris o ne a akantsha gore a direle jaaka mmulatsela yo o thusang, lefoko le Basupi ba ga Jehofa ba le dirisetsang go raya Basupi ba ba dirisang diura di le 50 kgotsa go feta kgwedi le kgwedi ba bolelela ba bangwe ka ditumelo tsa bone tse di theilweng mo Baebeleng. Claire o ne a araba jaana: “Nka se kgone go dira seo.”

Le fa go ntse jalo, Chris o ne a mo kgothatsa ka gore le fa a ka se kgone go fitlhelela mokgele wa gagwe wa diura di le 50 ka kgwedi eo, gone o tla itumelela gore o ile a leka. Ka jalo, Claire o ne a leka, mme o ne a rata thata maitemogelo a a nnileng le one. O ne a nna mmulatsela yo o thusang gangwe le gape, mme o ne a go itumelela. Seno se ne sa godisa go itshepa ga gagwe, bogolo jang fa a fitlhela batho ba le bantsi ba ba ratang go ithuta Baebele.

Claire o ne a amiwa thata ke kgothatso e a neng a e utlwa kwa dipokanong tsa Bokeresete gore a akanyetse go bona gore a go na le sengwe se se mo thibelang go nna mmulatsela wa ka metlha, kgotsa moreri wa nako e e tletseng wa dikgang tse di molemo. O ne a swetsa go nna mmulatsela wa ka metlha. Matswela e ne ya nna eng? Go ya ka mafoko a gagwe, “Ke selo se se molemo thata go se dira!” O ne a simolola go atamalana thata le ba ba mo phuthegong mme a nna le ditsala tse dintsi. Bana ba rata go nna le ene, mme o itumelela go ba thusa fa a ntse a rera mmogo le bone.

Go Neelana ka Tshegetso

Gone ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o nang le Asperger’s syndrome yo o tla kgonang go nna mmulatsela wa ka metlha. Le fa go ntse jalo, maitemogelo a ga Claire ke bosupi jwa gore batho ba ba ntseng jalo ba ka fitlhelela go le gontsi go feta ka moo ba akanyang ka teng. Thulaganyo ya ka metlha ya ga Claire e mo thusitse gore a latele tsela e a tlwaetseng go dira dilo ka yone, mme go dira ka natla le go itshepa go mo thusitse gore a dire sentle mo tirong eno e a itlhophetseng yone.

Claire o akanya gore go botlhokwa gore batho ba itse gore o na le Asperger’s syndrome gore ba tle ba itse gore ke ka ntlha yang fa a leba dilo e bile a lepalepana le tsone ka tsela e e farologaneng. O tlhalosa jaana: “Ka ntlha ya gore gantsi ga o ke o itlhalosa sentle, batho ba tsaya gore ga o kgone go akanya.” Go nna le mongwe yo o ka mo tlhalosetsang dilo go thusa thata.

Chris le Claire ba akantsha gore batho ba ba nang le bothata jono ba ipeele mekgele e mennye, ba e dire kgato ka kgato. Go ka nna botlhokwa gore o thusiwe ke motho yo o tlhaloganyang bolwetse jono. Ka ntlha ya seno, o ka kgona go boa o itshepa le go fenya dikgwetlho dipe fela.

Kgang ya ga Claire e bontsha gore batho ba ba nang le bothata jono ba ka thusiwa thata ka bopelotelele le dikgothatso. Claire o tlhomamisa seno ka gore: “Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, ke ne nka se akanye gore ke tla kgona go dira dilo tse ke kgonang go di dira gompieno.”

[Mafoko a a mo go tsebe 24]

Claire o akanya gore go botlhokwa gore batho ba itse gore o na le Asperger’s syndrome

[Lebokoso mo go tsebe 22]

ASPERGER’S SYNDROME

Bokoa jono bo reeletswe ka Ngaka Hans Asperger, yo o neng a bo tlhalosa ka 1944. Le fa go ntse jalo, ke mo dingwageng tsa bosheng jaana go ileng ga dirwa dipatlisiso go lemoga le go thusa palo e e oketsegang ya batho ba ba nang le bothata jono. Babatlisisi ba kalafi ga ba itse gore a ke mofuta mongwe o o seng kotsi thata wa autism kgotsa ke jo bongwe fela. Go fitlha ga jaana ga go na ope yo o itseng gore Asperger’s syndrome e bakiwa ke eng. Le fa go ntse jalo, ga e bakiwe ke go se tlhokomele ngwana mo maikutlong kgotsa tsela e a godisitsweng ka yone.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

GO THUSA BA BA NANG LE ASPERGER’S SYNDROME

Leka go itse le go kgatlhegela batho ba ba nang le bothata jono. Le fa ba ka go fitlhela go le boima go simolola motlotlo, ela tlhoko gore ba tlhoka ditsala e bile ba batla go nna le tsone. Ga se gore ba itira bodipa kgotsa ba makgakga ka boomo.

Nna pelotelele, mme o leke go tlhaloganya mathata a bone. Gape o ele tlhoko gore o tlhoka go tlhalosa dilo ka nepo le ka tsela e e utlwalang sentle, ka gonne ba ka tsaya se o se buang fela jaaka sentse. Fa e le gore o tlhoka go fetola tsela e ba ntseng ba dira dilo ka yone, tlhalosa dintlha ka mo go utlwalang, gongwe e bile o ba bontshe gore ke eng se se solofetsweng mo go bone.

Fa o lemoga gore go na le sengwe se ba se boneng kgotsa se ba se utlwileng se se ba tshwenyang thata, ba kgothaletse go tsepamisa megopolo mo setshwantshong sengwe se sentle kgotsa gore ba reetse mmino o o lapolosang.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Chris o tlhalosetsa Claire kafa a ka dirisanang mmogo ka teng le ba bangwe gore ba dire tiro

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Claire o ithutile go simolola go itsalanya le ba bangwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela