Bana ba ba Dirisang Internet—Se Batsadi ba Tshwanetseng go se Itse
NAKO nngwe, go ne go lebega e kete go sireletsa bana ba gago mo Internet ke kgang fela ya gore khomputara e beilwe kae. Go ne go akanngwa gore, fa o beile khomputara mo lefelong le e bonwang ke mongwe le mongwe mo go lone, bana ba gago ba ka se bule mafelo a a kotsi mo Internet. Le fa gone seo se sa ntse se le boammaaruri, go sa letle bana ba gago go dirisa Internet ba le nosi kwa kamoreng ya bone ga se sone fela se se tla ba sireletsang. Bosheng jaana ditlhaeletsano tsa puisano tse di sa diriseng megala di dira gore basha ba kgone go dirisa Internet gongwe le gongwe kwa ba leng gone. Tota le difouno di le dintsi tsa selula di na le Internet. Go na le mafelo a motho a ka yang kwa go one go dirisa Internet a a jaaka di-Internet café, di-Internet kiosk, dilaeborari le leano le le sa bolong go nna teng la gore ngwana a ye kwa gaabo tsala ya gagwe. E re ka go na le ditsela tse dintsi jaana tsa go ka dirisa Internet, go motlhofo gore motsadi a se ka a itse gore ngwana wa gagwe o dirisa Internet jang.
Akanya ka dilo dingwe tse di ngokang basha ba le bantsi mo Internet le ka dikotsi tsa tsone.
DI-EMAIL
Ke eng? Ke melaetsa e o ka e kwalang o bo o e romelela motho ka sediriswa sa ileketeroniki.
Ke eng se se kgatlhang ka tsone? E-mail ke tsela e e bonako le e e sa tureng ya go kwalelana le ditsala le ba lelapa.
Se o tshwanetseng go se itse ka tsone. Di-email tse motho a di romelelwang a sa di batle, tse gantsi go tweng ke spam ga se fela gore di a tena. Gantsi di na le sengwe se se rotloetsang boitsholo jo bo sa siamang ka tsela e e bofitlha kgotsa ka tlhamalalo. Di-link tse di mo teng ga melaetsa di ka rotloetsa motho yo o e dirisang—go akaretsa ngwana yo o sa lemogeng sepe—go senola tshedimosetso e o sa tshwanelang go e bolelela mongwe le mongwe, e leng selo se se ka dirang gore leina la gagwe le utswiwe. Go araba melaetsa e e ntseng jalo ya di-email—tota le fa o kopa motho yo o di romelang gore a kgaotse go di romela mme o dira jalo o menne phatla—go tla tlhomamisetsa motho yo o di romelang gore motho yo o dirisang khomputara o na le aterese ya e-mail e a e dirisang, mme seo se ka dira gore a nne a amogele di-email tse a sa di batleng.
DI-WEB SITE
Ke eng? Ke mafelo mo Internet a a dirwang ke mekgatlho, ditsamaiso tsa thuto, tsa kgwebo le batho ka bongwe.
Ke eng se se kgatlhang ka tsone? Go na le mafelo a mantsintsi a mo go one basha ba ka kgonang go reka, go dira dipatlisiso, go golagana le ditsala le go tshameka kgotsa go itseela mmino le metshameko.
Se o tshwanetseng go se itse ka tsone. Web e ka dirisiwa ke batho ba ba nang le boitsholo jo bo sa siamang. Di-web site tse dintsi di bontsha tlhakanelodikobo mme go ka nna motlhofo gore fa motho a se kelotlhoko a iphitlhele a butse mafelo ano. Ka sekai, kwa United States, diperesente di le 90 tsa basha ba go dirilweng dipatlisiso mo go bone ba dingwaga tse di magareng ga 8 le 16 ba boletse gore ba ne ba kopana le ditshwantsho tse di hepisang mo Internet ba sa ikaelela—ka makgetlho a mantsi fa ba ntse ba dira tiro ya bone ya sekolo e e direlwang kwa gae!
Gape Web e dira gore go nne motlhofo go tsena mo mafelong a a rotloetsang basha go betšha. Kwa Canada mo e ka nnang mosimane a le mongwe mo go ba le banè ba ba leng mo mophatong wa 10 le 11 ba ne ba dumela fa ba kile ba tsena mo mafelong ano, mme go a tshwanela go bo bomankge ba tshwenyega e re ka go na le batho ba le bantsi ba ba setseng ba lemaletse go betšha mo Internet. Mme go na le mafelo a a rotloetsang “mokgwa wa go itima dijo” a a bidiwang “pro-ana.”a Ka nako e e tshwanang, go na le mafelo a a kgothaletsang batho go tlhoa batho ba madumedi a mangwe le ba ditso tse dingwe. Mafelo a mangwe a ruta batho go dira dibomo, go itirela botlhole le go dira ditiro tsa borukhutlhi. Mo metshamekong e mengwe ya Internet, go bontshiwa thubakanyo e e feteletseng le tshololo ya madi.
DI-CHAT ROOM
Ke eng? Ke mafelo mo Internet a lo ka refosanang melaetsa mo go one, gantsi go buiwa ka kgang e e rileng kgotsa ka sengwe se lo se kgatlhegelang.
Ke eng se se kgatlhang ka tsone? Ngwana wa gago a ka kgona go tlotla le batho ba le mmalwa ba a iseng a ko a kopane le bone ba ba kgatlhegelang dilo tse le ene a di kgatlhegelang.
Se o tshwanetseng go se itse ka tsone. Gantsi dilalome di nna di etela mafelo ano mme di solofela go ngoka bana gore ba tlhakanele dikobo le bone gongwe mo Internet kgotsa ba kopane. Akanya ka se se diragetseng fa mongwe wa bakwadi ba buka ya What in the World Are Your Kids Doing Online? a ne a dira dipatlisiso ka ga go sireletsega mo Internet. E le tsela ya go dira dipatlisiso o ne a itira e kete ke ngwana wa dingwaga di le 12 yo o dirisang Internet. Buka eno e bega jaana: “Mo e ka nnang ka yone nako eo, mongwe o ne a mo laletsa gore a ye le ene mo lefelong lengwe gone mo Internet le a neng a tla kgona go bua le ene mo sephiring. O ne a mmolelela gore ga a itse gore a ka ya jang mo lefelong leo mme tsala eno ya gagwe e ne ya mo thusa gore a kgone go dira seo. Morago ga foo o ne a batla go itse gore a o ne a batla go tlhakanela dikobo le ene [mo Internet].”
DI-INSTANT MESSAGE
Ke eng? Ke puisano ya batho ba babedi kgotsa go feta ba ba romelelanang melaetsa ka go e refosana.
Ke eng se se kgatlhang ka tsone? Fa motho a romela melaetsa eno, a ka tlhopha gore o batla go buisana le tsala efe ka go e tlhopha mo lenaaneng le a le itiretseng. Ga go gakgamatse go bo patlisiso e e dirilweng kwa Canada e bega gore diperesente di le 84 tsa basha ba dingwaga tse di fa gare ga 16 le 17 ba romelelana melaetsa eno le ditsala tsa bone, mme ba dira seo ka lobaka lo lo fetang ura ka letsatsi.
Se o tshwanetseng go se itse ka tsone. Go romelelana melaetsa eno go ka itaya ngwana wa gago tsebe fa e le gore o tshwanetse go dirisetsa nako eo go ithuta kgotsa go dira tiro e nngwe e e tlhokang gore a tlhome mogopolo mo go yone. Gape, tota o ka se ka wa itse gore morwao kgotsa morwadio o buisana le mang. Boammaaruri ke gore ga o utlwe gore ba ntse ba reng fa ba romelelana melaetsa eno.
DI-BLOG
Ke eng? Ke di-diary tse batho ba nnang le tsone mo Internet.
Ke eng se se kgatlhang ka tsone? Go nna le diary ya mo Internet go dira gore basha ba nne le tshono ya go kwala dilo tse ba di akanyang, tse ba di ratang thata le dilo tse dingwe tse ba di dirang. Bontsi jwa di-diary tseno di na le mo babadi ba ka kwalang sengwe gone mme bana ba le bantsi ba itumelela go itse gore go na le mongwe yo o tsibogetseng se ba se kwadileng.
Se o tshwanetseng go se itse ka tsone. Diary eno ya mo Internet e ka balwa ke mongwe le mongwe. Basha bangwe ka go sa ele tlhoko ba senola tshedimosetso e e ka dirisiwang go itse ba malapa a bone, sekolo se ba leng kwa go sone kgotsa aterese ya ntlo ya bone. Ntlha e nngwe: Di-diary tseno tsa mo Internet di ka senya motho leina, go akaretsa le mong wa diary. Ka sekai, bahiri bangwe ba ya go leba diary ya motho yo o batlang tiro fa ba batla go bona gore a ba ka hira motho yoo kgotsa nnyaa.
DI-ONLINE SOCIAL NETWORK
Ke eng? Ke mafelo a mo Internet a motho a ka tsenyang tshedimosetso e e rileng mo go one mme a bo a a kgabisa ka go a tsenya ditshwantsho, dibidio le di-diary tse di fitlhelwang mo Internet.
Ke eng se se kgatlhang ka tsone? Fa mosha a itirela lefelo la tshedimosetso mo Internet a bo a le kgabisa a ka kgona go itlhalosa. Go dira botsala mo Internet go dira gore basha ba kgone go kopana le “ditsala” tse dintsi tse disha.
Se o tshwanetseng go se itse ka tsone. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Joanna a re: “Lefelo la go dira botsala mo Internet le tshwana le go dira phathi mo Internet. Go ka tlhaga batho ba ba boifisang tota.” Tshedimosetso e o sa tshwanelang go e bolelela mongwe le mongwe e o ka e tsenyang mo lefelong le go dirwang botsala mo go lone mo Internet e ka dirisiwa ke basha le bagolo ba ba boferefere ka tsela e e sa siamang. Ka jalo, mankge wa pabalesego ya Internet e bong Parry Aftab a re mafelo a a ntseng jalo a a mo Internet ke “mafelo a a nnang a etelwa ke dilalome.”
Mo godimo ga moo, botsala jwa Internet gantsi ke jwa nakwana. Mo mafelong a basha ba tsenyang tshedimosetso ya bone mo go one mo Internet, bangwe ba bone ba nna le lenaane le leleele la batho ba ba ikgolagantseng le bone ba ba iseng ba ko ba kopane le bone ka namana, mme ba ikgolaganya le bone fela gore ba bonale mo go bangwe e le batho ba ba tumileng ba ba balang tshedimosetso ya bone. Mo bukeng ya gagwe ya Generation MySpace, Candice Kelsey o bolela gore go felela ka gore “go tuma ga motho go lebiwe ka palo ya batho ba ba ikgolaganyang le ene.” O oketsa ka gore: “Go atlhola batho go ya ka lenaane la ditsala tse ba nang le tsone go dira gore bana ba rona ba feleletse e le dilo fela mme go ba dira gore ba dire le fa e ka nnang eng se ba ka se kgonang gore ba tle ba nne le ditsala tse dintsi.” Ka gone, buka ya What in the World Are Your Kids Doing Online? e botsa potso eno e e botlhokwa: “Re ka dira jang gore bana ba rona ba tlhaloganye sentle gore go botlhokwa gore ba rate batho ba bangwe le go ba utlwela botlhoko fa didiriswa tsa ileketeroniki di dira gore ba nne bonako go dira ditsala tse disha le go di latlha ka nako nngwe le nngwe?”
Dikai tse thataro tseno ke dingwe fela tsa dilo tse di dirwang mo Internet tse di kgatlhang basha gompieno. Fa e le gore o motsadi, o ka dira eng gore o sireletse bana ba gago mo dikotsing tsa Internet?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mekgatlho le mafelo a le mantsi a pro-ana a bua gore ga a rotloetse anorexia. Le fa go ntse jalo mangwe a one a bontsha e kete anorexia ke botshelo jo motho a bo itlhophelang mme ga se bolwetse. Metlotlo e e tlotliwang mo mafelong ano e naya tshedimosetso ya gore motho a ka fitlha jang bokete jwa mmele wa gagwe le gore a ka fitlhela jang batsadi ba gagwe fa a sa je sentle.
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
Kwa India, palo e e oketsegang ka bonako ya batho ba ba dirisang Internet—diperesente di le 54 mo ngwageng o le mongwe fela—e dirwa thata ke basha
[Mafoko a a mo go tsebe 7]
“Motsadi a ka nna a tsaya khamera e e gokeletsweng mo khomputareng e le tsela e e motlhofo le e e sa jeng madi a mantsi e ka yone ngwana a kgonang go buisana le ditsala le ba losika, mme selalome sone se ka e tsaya e le tshono ya gore se tsene mo kamoreng ya ngwana.”—Robert S. Mueller III, mokaedi wa Federal Bureau of Investigation