Bana ba ba Dirisang Internet—Se Batsadi ba Tshwanetseng go se Dira
JAAKA motsadi, ke boemo bofe jo bo ka go tshosang thata—go itse gore morwao kgotsa morwadio o ne a tshotse dilotlolo tsa koloi kgotsa go itse gore o ne a dirisa Internet go se na mo a thibetsweng go bula gone? Dilo tseno ka bobedi di akaretsa kotsi nngwe. Mme ka bobedi jwa tsone di tlhoka boikarabelo bongwe. Batsadi ba ka se thibele bana ba bone go ya go ile gore ba kgweetse koloi mme ba ka kgona go tlhomamisa gore bana ba bone ba rutiwa gore ba kgweetse ka pabalesego. Batsadi ba le bantsi ba dira se se tshwanang fa go tla mo kgannyeng ya Internet. Melaometheo e e latelang ya Baebele e ka thusa.
“Mongwe le mongwe yo o botlhale o tla dira ka kitso.” (Diane 13:16) Batsadi ba bana ba bone ba dirisang Internet ba tshwanetse go tlhaloganya dilo tsa botlhokwa malebana le gore Internet e dira jang le gore bana ba bone ba dira eng fa ba romela melaetsa, ba bala tshedimosetso nngwe mo Internet kgotsa ba dira dilo tse dingwe mo Internet. Marshay mmè mongwe wa bana ba le babedi a re: “O se ka wa swetsa ka gore o tsofetse thata kgotsa ga o a rutega gore o ka kgona go ithuta. Itlwaelanye le botegeniki.”
“O tshwanetse go aga legora go dikologa borulelo jwa gago [jo bo sephaphathi], gore go se ka nna le mongwe yo o wang mo go yone.” (Duteronome 22:8, The Amplified Bible) Badiri ba dithulaganyo tsa Internet le dithulaganyo tsa khomputara (software programs) ba ka aba dithulaganyo tse batsadi ba ka thibelang le go tlhatlhoba dithulaganyo tsa Internet tse di tshwanang le “magora” a a thibelang dilo tse di sa tshwanelang tse di ka nnang tsa tlhaga mo Internet le go bula mafelo mangwe a a ka nnang kotsi. Dithulaganyo dingwe di ka thusa go thibela bana go senola tshedimosetso ya bone ya botho e e jaaka maina a bone le diaterese tsa bone. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga gore ga se ka dinako tsotlhe dithibelo tseo tsa batsadi, di kgonang go thibela dilo tsotlhe tse di kotsi. Mme gape bana ba bantsi ba ba godileng ba ba itseng go dirisa khomputara ba ithuta gore ba ka dira jang gore ba kekologe dithibelo tseo.
“Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” (Diane 18:1) Patlisiso nngwe ya kwa United Kingdom e ile ya bontsha gore mo e ka nnang mosha a le mongwe mo go ba le batlhano ba ba fa gare ga dingwaga di le robongwe le 19 ba dirisa Internet ba le mo dikamoreng tsa bone. Go baya khomputara mo e bonalang teng go thusa batsadi gore ba kgone go bona gore bana ba bone ba dira eng mo Internet mme seno se ka rotloetsa bana go tila mafelo a a sa siamang mo Internet.
“Jalo nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng, ka gonne malatsi a bosula.” (Baefeso 5:15, 16) Dira tshwetso ya gore bana ba ka dirisa leng Internet, ba ka dirisa nako e kana kang mo go yone le gore ba ka bula mafelo afe le gore ke afe a ba sa tshwanelang go a bula. Tlotla ka dikaelo tsa gago le bana ba gago mme o tlhomamise gore ba a di tlhaloganya.
Gone ke boammaaruri gore o ka se ka wa bona se bana ba gago ba se dirang fa ba se mo gae. Ka jalo, go botlhokwa gore o rute bana ba gago melao e e siameng gore ba tle ba dire ditshwetso tse di siameng fa ba le bosi.a (Bafilipi 2:12) Ba tlhalosetse sentle gore ditlamorago e tla nna eng fa ba itlhokomolosa melao ya gago malebana le Internet. Go tswa foo dira gore melao eo e latelwe.
“[Mmè yo o molemo] o tlhokometse tse di diragalang mo ntlong ya gagwe.” (Diane 31:27) Tlhokomela se bana ba gago ba se dirang fa ba dirisa Internet mme dira gore ba itse gore o tla bo o ba etse tlhoko. Seno ga se go kgoreletsa nako ya bone ya go nna ba le nosi. Gakologelwa, Internet ke sengwe se se ka dirisiwang ke mongwe le mongwe. Federal Bureau of Investigation ya kwa United States e akantsha gore batsadi ba tshwanetse go kgona go lebelela diakhaonto tsa bana ba bone tsa Internet go tlhatlhoba di-email tsa bone le diaterese tsa Internet tse ba di butseng nako nngwe le nngwe fela.
“Bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse, temogo e tla go dibela, go go golola mo tseleng e e bosula, mo mothong yo o buang dilo tse di sokameng.” (Diane 2:11, 12) Gore batsadi ba bone gore bana ba dira eng mo Internet le gore ba e dirisa go le kana kang go lekanyeditswe. Melao e e siameng e o ba rutang yone—sekao se o se tlhomang—e tla thusa thata go sireletsa bana ba gago. Ka gone, iphe nako ya go buisana le bana ba gago malebana le dikotsi tsa Internet. Go buisana ka kgololesego le bana ba gago ke tsela e e molemolemo ya go ba sireletsa mo dikotsing tsa Internet. Tom rre mongwe wa Mokeresete a re: “Re buile le basimane ba rona ka bobedi malebana le batho ba ba ‘bosula’ ba ba mo Internet. Mme gape re ba tlhaloseditse gore ditshwantsho tse di hepisang ke eng, ke ka ntlha yang fa di tshwanetse go tilwa le gore ke ka ntlha yang fa le ka motlha ba sa tshwanela go buisana le batho ba ba sa ba itseng.”
O ka Kgona go Sireletsa Bana ba Gago
Go sireletsa bana ba gago mo dikotsing tsa Internet go tlhoka matsapa mme ditsela tsa go dirisa dilo tsa ileketoroniki le metswedi ya tshedimosetso di nna di fetoga. Botegeniki jo bosha bo ka nna jwa tlisetsa bana melemo e e tlhomologileng le dikotsi tse di iseng di ko di nne teng. Batsadi ba ka dira jang gore bana ba bone ba nne ba siametse go lebana le dikotsi tse di ka nnang gone mo isagweng? Baebele ya re: “Botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso”—Moreri 7:12.
Thusa bana ba gago gore ba nne botlhale. Gape ba thuse go dirisa Internet ka katlego le gore ba tlhaloganye gore ba ka tila jang dikotsi tsa yone. Ka jalo, Internet e ka dirisiwa jaaka sedirisiwa se se se kitlang se dira gore bana ba gago ba wele mo kotsing.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Batsadi ba tshwanetse go gakologelwa gore basha ba le bantsi ba kgona go dirisa Internet ka difouno tsa selula, didirisiwa tse dingwe tse dinnye, tota le e leng mo mafelong mangwe a go tshamekelwang metshameko ya bidio.
[Mafoko a a mo go tsebe 8]
Kwa United Kingdom, diperesente di le 57 tsa basha ba ba fa gare ga dingwaga di le robongwe le 19 ba ba dirisang Internet beke le beke ba ile ba bona ditshwantsho tse di hepisang; le fa go ntse jalo, ke diperesente di le 16 fela tsa batsadi ba ba dumelang gore bana ba bone ba ile ba bona ditshwantsho tse di hepisang mo Internet
[Mafoko a a mo go tsebe 9]
Bomankge ba dumela gore go na le dilalome tse di ka nnang 750 000 tse di ka tswang di dirisa Internet letsatsi le letsatsi, di ntse di sekaseka mafelo a mo go one o ka kgonang go buisana le batho ba bangwe mo Internet le mafelo a a mo Internet a o ka kgonang go bona motho yo o ka intshang le ene
[Mafoko a a mo go tsebe 9]
Kwa United States diperesente di le 93 tsa basha ba ba fa gare ga dingwaga di le 12 le 17 ba dirisa Internet
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
A o ka kgona go ruta ngwana wa gago go dirisa Internet ka botlhale?