Baithuti ba ba Gateletsweng mo Maikutlong
JENNIFER wa dingwaga di le 17 e ne e le mongwe wa bana ba ka metlha ba nnang le maduo a a kwa godimo mo tlelaseng. O ne a nna le seabe mo dilong di le dintsi tse di dirwang morago ga sekolo mme seo se ne sa dira gore barutabana le bagakolodi ba gagwe ba kwa sekolong ba mo rate. Mme mo ngwageng wa pele ga a aloga, o ne a simolola go opiwa ke tlhogo thata e bile a nna a feroga sebete. O akanya gore go tlhoma mogopolo mo tirong ya sekolo ka diura tse dintsi le go sa robale sentle ke gone go dirileng gore a lwale.
Jennifer ga se ene fela a nang le mathata ano. Go bonala palo ya baithuti ba ba gatelelwang thata mo maikutlong kwa sekolong e oketsega, mme bangwe ba bone ba ya go batla thuso kwa dingakeng tsa tlhaloganyo. Ka ntlha ya seo, setlhopha sengwe sa barutisi ba kwa Amerika se ile sa dira thulaganyo e e tla thusang go fokotsa go gatelelwa mo maikutlong kwa sekolong. Thulaganyo eo e bidiwa Lwela go Atlega.
Fa e le gore o moithuti, gongwe jaaka Jennifer o ntse o leka go lepalepana le bothata jwa go gatelelwa mo maikutlong. Kgotsa fa e le gore o motsadi, o ka tswa o bona kgatelelo e e seng kana ka sepe e morwao kgotsa morwadio a lebaneng le yone ya gore a atlege kwa sekolong. A go na le kwa baithuti le batsadi ba bone ba ka bonang kaelo e e molemo gone?