LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/09 ts. 32
  • Bana ba Rata Buka Eno!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bana ba Rata Buka Eno!
  • Tsogang!—2009
Tsogang!—2009
g 4/09 ts. 32

Bana ba Rata Buka Eno!

◼ Bana ba dingwaga tsotlhe ba kgatlhiwa ke buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. Mosetsana mongwe o ne a kwala jaana: “Buka eo e ne e na le dikarolo tse dintsi tse ke neng ke di rata. Ka sekai, ke ne ke ratile ditshwantsho tsotlhe thata. Mebala e mentle e e galolang e ngoka kgatlhego ya mmadi. Fa ke ne ke bala buka eno, ke ne ka ipha nako ya go sekaseka ditshwantsho ka kelotlhoko go bona kafa di amanang ka teng le kgang e ke e balang!

“Selo se sengwe se ke neng ke se rata ka buka eno e ne e le mafoko a a dirisitsweng. A tlhaloganyesega motlhofo e bile a dira gore go e bala go itumedise le go feta.

“Fa ke ne ke bala buka eno ke ne ka kgatlhiwa thata ke tsela e e neng e tlhalosa mathata mangwe a a leng teng gompieno le kafa re ka a tilang ka teng. Dikgaolo tse ke ileng ka di anaanela thata e ne e le tse di reng ‘Re Tshwanetse go Gana fa Batho ba re Raela,’ ‘Thuto ka go Nna Molemo,’ le ‘A o Rata go Nna Kwa Pele ka Metlha?’”

O ka nna wa kopa go romelelwa khopi ya buka eno ya ditsebe di le 256, e e nang le ditshwantsho tse dintle, e e lekanang le makasine ono. Tlatsa fela setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e tshwanelang kgotsa mo atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela