LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/09 ts. 28-29
  • Go Ikanyega mo Lenyalong—Go Kaya Eng Tota?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikanyega mo Lenyalong—Go Kaya Eng Tota?
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A go Akanya ka Tlhakanelodikobo ga go Kotsi?
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Nna o Ikanyega mo Maikutlong?
  • Sireletsa Kamano ya Lona ya go Nna Nama e le Nngwe
  • “Ipele le Mosadi wa Bosha Jwa Gago”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “A Lenyalo le Tlotlege”
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Fa Lenyalo le Setse le Tla Thubega
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Dira Lenyalo la Gago Tshwaragano ya Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 4/09 ts. 28-29

Baebele ya Reng

Go Ikanyega mo Lenyalong—Go Kaya Eng Tota?

Batho ba le bantsi ba lebeletse gore balekane ba bone ba lenyalo ba ikanyege malebana le tlhakanelodikobo. Pono e e ntseng jalo ka go ikanyega mo lenyalong e dumalana le se Baebele e se bolelang fa e re: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala.”—Bahebera 13:4.

A GO sa tlhakanele dikobo le batho ba bangwe ke gone fela go bontshang go ikanyega mo lenyalong? Go tweng ka go akanya ka go tlhakanela dikobo le motho yo mongwe yo e seng molekane wa gago wa lenyalo? A go nna le botsala le mongwe wa bong bo sele go ka fetoga mofuta mongwe wa go se “ikanyege”?

A go Akanya ka Tlhakanelodikobo ga go Kotsi?

Baebele e tlhalosa fa tlhakanelodikobo e le sengwe sa tlhago le se se molemo mo bathong ba ba nyalaneng, e le tsela ya gore boobabedi ba nne le boitumelo le kgotsofalo. (Diane 5:18, 19) Mme le fa go ntse jalo, baitseanape ba le bantsi ba motlha wa gompieno ba dumela gore ke ga tlhago—tota e bile go siame—gore motho yo o nyetseng a nne le dikakanyo tsa tlhakanelodikobo le motho mongwe yo e seng molekane wa gagwe. A dikakanyo tse di ntseng jalo ga di kotsi fa fela motho a sa diragatse se a se akanyang?

Go akanya ka tlhakanelodikobo go dira gore motho a tlhome mogopolo mo go ikgotsofatseng. Mokgwa o o ntseng jalo wa go ikakanyetsa o ganetsana le kgakololo ya Baebele e e yang kwa bathong ba ba nyetseng. Fa Lefoko la Modimo le bolela ka kamano ya tlhakanelodikobo la re: “Mosadi yo o nyetsweng ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, mme monna wa gagwe ke ene yo o nang le yone; ka tsela e e tshwanang, monna yo o nyetseng, le ene, ga a na taolo mo mmeleng wa gagwe, mme mosadi wa gagwe ke ene yo o nang le yone.” (1 Bakorintha 7:4) Go latela kgakololo ya Baebele, go tla thibela gore motho a se ka a dira gore tlhakanelodikobo e nne tsela ya bopelotshetlha ya go kgotsofatsa dikeletso tsa gagwe tsa go akanya ka tlhakanelodikobo. Seno se tla felela ka gore balekane ba lenyalo boobabedi ba nne le boitumelo jo bogolo.—Ditiro 20:35; Bafilipi 2:4.

Go akanya ka tlhakanelodikobo le motho yo o sa nyalanang le ene go ntse jaaka e kete o ipaakanyetsa go dira sengwe se se ka utlwisang molekane wa gago botlhoko. A go akanya ka tlhakanelodikobo go re tsenya mo kotsing ya go dira boaka? Karabo e e tlhamaletseng ke ee. Baebele e bontsha kamano e e leng teng magareng ga dikakanyo le ditiro: “Mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe. Go tswa foo keletso, fa e sena go emera, e tshola boleo.”—Jakobe 1:14, 15.

Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Fa o ithiba gore o se ka wa nna o akanya ka tlhakanelodikobo o “dibela pelo ya gago” mme o sireletsa lenyalo la gago.—Diane 4:23.

Ke Eng fa o Tshwanetse go Nna o Ikanyega mo Maikutlong?

Lenyalo le le atlegileng le tlhoka gore o nne le “boineelo jo bo feletseng” mo molekaneng wa gago. (Sefela sa Difela 8:6; Diane 5:15-18) Seno se kaya eng? Le fa e le gore go tlwaelegile go nna le ditsala tsa bong ka bobedi, molekane wa gago wa lenyalo ke ene a nang le tshwanelo ya nako ya gago yotlhe, yo o tshwanetseng wa lebisa tlhokomelo yotlhe ya gago mo go ene le go dirisa nonofo yotlhe ya maikutlo a gago mo go ene. Kamano epe fela e e tsayang tshwanelo e o tshwanetseng go e naya molekane wa gago mme o bo o e naya motho yo mongwe ke tsela nngwe ya go se “ikanyege” tota le fa go se na tlhakanelodikobo epe.a

Kamano e e ntseng jalo e ka nna teng jang? Mongwe wa bong bo sele a ka nna a lebega a le montle kgotsa a na le kutlwelobotlhoko go gaisa molekane wa gago. Go senya nako le motho yo o ntseng jalo kwa tirong, kgotsa mo maemong a mangwe a lo ka tswang lo iketlile mo go one, go ka feleletsa ka gore lo tlotle ka dilo tsa botho, go akaretsa le mathata kgotsa sengwe se se go swabisang ka lenyalo la gago. O ka nna wa simolola go ikaega ka motho yoo gore a go tshegetse mo maikutlong. Go buisana le motho yoo lo le mmogo, ka founo kgotsa ka go romelelana melaetsa go ka feleletsa ka gore o mmolelele diphiri tsa gago. Go a tshwanela gore balekane ba lenyalo ba lebelele gore dikgang tse di rileng ba di tlotle ba le babedi fela le gore “puo [ya bone] ya sephiri” e nne ya bone fela.—Diane 25:9.

Ela tlhoko gore o se ka wa bolela gore ga go na maikutlo a lorato fa gare ga lona ntswa tota go ka direga gore a bo a le teng! Jeremia 17:9 ya re: “Pelo e boferefere.” Fa o na le botsalano le mongwe wa bong bo sele ipotse jaana: ‘A ke a itshireletsa ka go ntsha mabaka fa mongwe a mpotsa ka botsalano jwa me le mongwe wa bong bo sele kgotsa a ke leka go dira gore e nne sephiri? A ke ne ke tla gololesega fa molekane wa me a ne a ka utlwa motlotlo wa me le motho yoo? Ke ne nka ikutlwa jang fa molekane wa me a ne a ka nna le botsalano jo bo ntseng jalo le motho wa bong bo sele?’—Mathaio 7:12.

Botsalano jo bo sa siamang bo ka dira gore lenyalo le senyege, e re ka go atamalana thata ka maikutlo go ka dira gore batho ba feleletse ba tlhakanela dikobo. Fela jaaka Jesu a ne a tlhagisa, “mo pelong go tswa . . . maakafalo.” (Mathaio 15:19) Le fa go ntse jalo, tota le fa go sa felele ka boaka, go ka nna thata go baakanya tshenyo e e ka bakiwang ke go se tlhole lo tshepana. Mosadi mongwe yo o nyetsweng e bong Karenb o ne a re: “Fa ke ne ke lemoga gore Mark o ne a bua mo sephiring le mosadi mongwe makgetlho a le mmalwa ka letsatsi, ke ne ka utlwa botlhoko thata. Go thata go dumela gore ba ne ba sa tlhakanele dikobo. Ga ke dumele gore nka tlhola ke mo tshepa gape.”

O se ka wa tsalana ka tsela e e feteletseng le batho ba bong bo sele. O se ka wa itlhokomolosa maikutlo a a sa siamang kgotsa wa dira diipato fa o na le maitlhomo a a sa siamang. Fa o lemoga gore botsalano jwa gago bo baya lenyalo la gago mo kotsing, ka bonako bo fokotse kgotsa o bo fedise. Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha.”—Diane 22:3.

Sireletsa Kamano ya Lona ya go Nna Nama e le Nngwe

Mmopi wa rona o ne a ikaeletse gore lenyalo e nne kamano e e gaufi thata magareng ga batho ba le babedi. O ne a re monna le mosadi “ba tla nna nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) Kamano ya go nna nama e le nngwe e akaretsa se se fetang fela kamano e e gaufi ya tlhakanelodikobo. Go akaretsa kamano ya maikutlo, e e nonotshiwang ke go se nne pelotshetlha, go ikanyega le go tlotlana. (Diane 31:11; Malaki 2:14, 15; Baefeso 5:28, 33) Go dirisa melaometheo eno go tla thusa go sireletsa lenyalo la gago gore le se ka la senngwa ke go sa ikanyege mo mogopolong le mo maikutlong.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Le fa go ntse jalo, go botlhokwa go ela tlhoko gore, tlhakanelodikobo kwa ntle ga lenyalo ke lone fela lebaka la Dikwalo le le dumelelang tlhalo.—Mathaio 19:9.

b Maina a fetotswe.

A O KILE WA IPOTSA GORE.

◼ A go akanya ka tlhakanelodikobo go ka feleletsa ka gore motho a go dire?—Jakobe 1:14, 15.

◼ A botsalano jo bo gaufi thata le mongwe wa bong bo sele bo ka baya lenyalo la gago mo kotsing?—Jeremia 17:9; Mathaio 15:19.

◼ O ka nonotsha jang kamano ya lenyalo la gago?—1 Bakorintha 7:4; 13:8; Baefeso 5:28, 33.

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

“Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.”—Mathaio 5:28

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela