Batsadi ba ka Thusa Jang?
MOKGATLHO mongwe wa tsa thuto kwa United States o kgothaletsa baithuti ba sekolo se segolwane go dira tiro e e thata eno: “Ipontsheng fa lo ikemiseditse go dira sengwe le sengwe se lo ka se kgonang.” E re ka basha bangwe ba rotloediwa gore ba fitlhelele mekgele ya bone, ba leka go dira se maatla a bone a ka se ba letleng go se dira. Madeline Levine, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a kwala jaana: “Basha ba le bantsi ba ka iphitlhela ba tshwaregile thata mo ba ka tsenyang botsogo jwa bone mo kotsing ka ntlha ya dilo tse di jaaka, accelerated academic courses, ditiro tse dintsi tse di dirwang morago ga sekolo, go ipaakanyetsa sekolo se segolwane kgotsa kholetšhe pele ga nako, bakatisi le barutisi ba ba batlang gore ba dire gotlhe mo ba ka go kgonang gore ba tsweletse dithuto tsa bone.” Baithuti ba ba leng mo seemong seo ba ka lwala mo mmeleng kgotsa mo maikutlong.
Fa e le gore o tshwenngwa ke kafa ngwana wa gago a gatelelwang mo maikutlong ka teng kwa sekolong, ya kwa sekolong ka bowena. Bua le barutabana, bagakolodi le batsamaisi ba sekolo. Ba bolelele gore ke eng se o se lemogileng. O na le tshwanelo ya go dira jalo.
Baebele e kgothaletsa batsadi gore ba ele tlhoko thata kafa bana ba bone ba golang ka teng. Moshe o ne a raya ba e neng e le batsadi mo setšhabeng sa Iseraele a re: “O . . . jalele [melao ya Modimo] kwa teng mo go morwao o bo o bue ka [yone] fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.”—Duteronome 6:7.
Fa o kgatlhegela thuto ya ngwana wa gago thata, ga go reye gore o itshunya nko mo botshelong jwa gagwe. Go bontsha gore o ema ngwana wa gago nokeng ka lorato. Mme seo se ka thusa gore ngwana wa gago a se ka a gatelelwa thata mo maikutlong kwa sekolong.
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Bolelela barutabana le bagakolodi ba ngwana wa gago kafa a gateletsweng ka teng mo maikutlong