LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/09 ts. 32
  • “Nnang lo Disitse!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Nnang lo Disitse!”
  • Tsogang!—2009
Tsogang!—2009
g 6/09 ts. 32

“Nnang lo Disitse!”

Kopano ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa

◼ Go rulagantswe dikopano tseno tsa kgaolo tsa malatsi a le mararo, fa ngwaga ono o ela kwa bokhutlong, di tla tshwarwa lefatshe ka bophara. Mo Afrika Borwa dithulaganyo tsa mo mosong di tla simolola letsatsi lengwe le lengwe ka 9:00 a.m. ka mmino. Setlhogo sa Labotlhano se se theilweng mo go Mathaio 24:44, sa re: “Itshupeng lo Iketleeditse.” Puo ya modulasetulo e tla latelwa ke dipuo tsa ditlhogo tse di reng, “Dikopano Tsa Kgaolo di re Thusa go Nna re Disitse” le “Jehofa—Modimo wa ‘Dinako le Dipaka.’” Mme go latele neeletsano ya dipuo tsa setlhogo se se reng “Etsa Bakeresete ba ba Ikanyegang ba ba Neng ba Nna ba Disitse” e e tla sekasekang kafa Noa, Moshe, le Jeremia ba dirileng seo ka teng. Thulaganyo ya mo mosong e tla konela ka puo ya setlhogo se se reng, “Kafa Jehofa a re Thusang ka Teng go ‘Nna re Disitse.’”

Puo ya ntlha ka Labotlhano thapama e tla bo e na le setlhogo se se reng “Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Malebana le ‘Metlha ya Bofelo,’” mme go latele dipuo tse di reng “‘Ga lo Itse Letsatsi Kgotsa Ura’—Ka Ntlha Yang?” le “Itseng Gore Bofelo bo Atametse.” Morago ga foo go tla latela dipuo tsa neeletsano tse di nang le setlhogo se se reng “‘Nnang lo Disitse’ Jaaka Malapa a Bakeresete!” Mo dipuong tsa ntlha tse tharo go tla buiwa ka tlhamalalo le banna ba ba nyetseng, basadi ba ba nyetsweng le bana. Dipuo tsa bofelo tse tharo di tla bo di na le ditlhogo tse di reng “Boloka Leitlho la Gago le sa Raraana,” “Nnang lo Gagamalela Mekgele ya Semoya,” le “Nnang lo Tswelele Pele ka go Nna le Maitseboa a Kobamelo ya Lelapa.” Thulaganyo ya thapama e tla konela ka puo e e reng “Ditemana Tse di re Thusang go ‘Nna re Disitse.’”

Setlhogo sa Matlhatso se tla bo se re “Nnang lo Thantse, Disang,” se se theilweng mo go 1 Petere 5:8. Dipuo tsa neeletsano tsa dikarolo di le tlhano tsa setlhogo se se reng, “Thusang Batho go ‘Tsoga mo Borokong,’” di tla akaretsa dikarolo tse di jaaka “Bodiredi Jwa Rona—Ke ka Ntlha Yang Fa bo Le Botlhokwa Jaana?,” “Nnang Podimatseba mo Bodireding,” “Tlhoma Mogopolo mo go Tokafatseng Bokgoni Jwa Gago,” “O se Ka wa Lebala ba Losika Lwa Gago!” le “Boloka Boikutlo Jwa go Potlaka!” Morago ga dipuo tsa “Etsa Sekao sa ga Jesu sa go Nna a Disitse” le “Nna o Tlhagafetse mo Thapelong,” thulaganyo e tla konela ka puo ya kolobetso, mme morago ga moo ba ba yang kolobetsong ba tla nna le tshono ya go kolobediwa.

Thulaganyo ya Matlhatso ya thapama e tla nna le dipuo tsa neeletsano tsa dikarolo di le tlhano tsa “Ela Dirai Tsa ga Satane Tlhoko!”—“Molelo,” “Mosima,” “Seru,” “Serai se se Kgamang,” le “Serai se se Thubaganyang.” Morago ga moo go tla latela karolo e e kgethegileng ya setlhogo se se reng, “Nka se Tlose Bothokgami Jwa Me mo Go Nna go Fitlha ke Swa.” Thulaganyo ya letsatsi leo e tla konela ka dipuo tsa setlhogo se se reng “O se Ka wa Lebelela ‘Dilo Tse di Kwa Morago’” le se se reng “Ithuteng go Nna lo Disitse go Tswa mo Sekaong sa Baaposetoloi ba ga Jesu.”

Setlhogo sa Sontaga se se theilweng mo go Habakuke 2:3 se tla bo se re: “Nna o . . . Lebeletse, ga e Kitla e Tla Morago ga Nako.” Morago ga puo e e theilweng mo setlhogong sa letsatsi leo, dipuo tsa neeletsano tsa “Tlhomang Matlho a Lona mo Dilong Tse di sa Bonweng” di tla bua ka ditlhogo tse di latelang: “Dinaka Tse di Lesome . . . Di Tla Tlhoa Seaka,” “Ditšhaba di Tla Tshwanela ke go Itse Jehofa,” “‘Magosi Ano Otlhe’ a Tla Thubaganngwa,” “Diabolo o Tla ‘Golegwa Dingwaga di le Sekete,’” “Ba Tla Aga Matlo le go Jala Maungo a Mofine,” “Phiri le Kwanyana di Tla Fula Mmogo,” “Modimo o Tla Phimola Dikeledi Tsotlhe,” “Botlhe Ba ba Mo Mabitleng a Kgakologelo ba Tla Tswa,” le “Modimo o Tla Nna ‘Dilo Tsotlhe mo go Mongwe le Mongwe.’” Puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng, “O Tla Falola Jang Bokhutlo Jwa Lefatshe?,” e tla konela thulaganyo ya mo mosong.

Karolo e e kgethegileng ya Sontaga thapama ke terama ya metlha ya segompieno e e amang maikutlo e e reng “Morwarrago O ne A Sule Mme a Tshela,” e e theilweng mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa sesenyi. Morago ga tshobokanyo ya Thuto ya beke le beke ya Tora ya Tebelo, kopano e tla konela ka puo e e reng “Nnang lo Letile, lo Lebeletse Letsatsi la ga Jehofa!”

Dira dithulaganyo gone jaanong tsa gore o nne gone kwa kopanong. Go bona gore kopano e tla tshwarelwa kae kwa o nnang teng, ya kwa Holong ya Basupi ba ga Jehofa e e gaufi le wena kgotsa o kwalele bagatisi ba makasine ono. Kwa mafelong mangwe go tla tshwarwa dikopano tsa ditšhabatšhaba tsa malatsi a le manè.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela