Ditiragalo Tsa Lefatshe
◼ “Re lebane le kotsi e kgolo [mathata a dipolotiki kwa Georgia] . . . Modimo o na le rona le Lekgarebana Marea o a [re] sireletsa, mme go na le sengwe se se re tshwenyang thata—Ba-Orthodox ba Ba-Russia ba tlhasela Ba-Orthodox ba Ba-Georgia ka dibomo.”—GEORGIAN CATHOLICOS PATRIARCH ILLIA II.
◼ “Go ya kwa ngakeng e le go batla dithibelapelegi tsa tshoganyetso—pilisi e e itsegeng ya go thibela pelegi (morning-after pill)—go ne ga oketsega gararo mo dikgweding tse thataro tse di fetileng, [mme] go rekisiwa ga yone go ne ga oketsega ka diperesente tse di fetang 200 fa e sa le ka 2004. . . . Batho ba ne ba leletsa dingaka mogala thata ka boMantaga. Bontsi jwa batho ba ba neng ba letsa mogala e ne e le basha.”—CLARÍN, ARGENTINA.
◼ Mongwe le mongwe wa badirisi ba difouno tsa selula ba kwa Amerika ba dingwaga tse di mo magareng ga 13 le 17 o ne a “romela kgotsa a amogela melaetsa ya palogare ya 1 742 ka kgwedi mo kwatareng ya bobedi ya ngwaga [wa 2008].”—THE NEW YORK TIMES, U.S.A.
◼ “Bolwetse jwa tlhaloganyo bo tshwara mo e ka nnang diperesente di le 12 tsa baagi ba lefatshe.”—WORLD FEDERATION FOR MENTAL HEALTH, U.S.A.
◼ “Go fopholediwa gore mogolo a le mongwe mo go ba le batlhano ba kwa Yuropa o ile a dirisa [cannabis, semela se se dirang matekwane] ka nako nngwe mo botshelong jwa gagwe.”—EUROPEAN MONITORING CENTRE FOR DRUGS AND DRUG ADDICTION, PORTUGAL.
Go Epolotswe Leina Le le Mo Baebeleng
Baithutamarope ba ba neng ba epa kwa Motseng wa ga Dafide wa bogologolo kwa Jerusalema ba fitlhetse sekano sa letsopa se se nang le dingwaga di le 2 600, se se neng se na le leina la ga “Gedalia morwa Pashure.” Go buiwa ka Gedalia mo Baebeleng mo go Jeremia 38:1, fela jaaka go buiwa ka Yehukhal—yo o bidiwang “Jukale [khutshwafatso ya leina Jehukale (Yehukhal)] morwa Shelemia”—yo leina la gagwe le neng la fitlhelwa mo sekanong sa letsopa mo lefelong lone leo ka 2005. Banna ba babedi bano e ne e le badiredibagolo mo lolwapeng lwa ga Kgosi Sedekia. Lokwalodikgang lwa The Jerusalem Post lo bega gore: “Ke lekgetlho la ntlha mo pegong ya thutamarope ya kwa Iseraele go fitlhetsweng dikano tse pedi tsa letsopa tse di nang le maina a batho a a tlhagang mo Baebeleng a a tlhagelelang mo temaneng e le nngwe mme e bile di epolotswe mo lefelong le le lengwe.”
Botegeniki bo Dirisitswe Kgatlhanong le Bosenyi
Lephata la Sepodisi la kwa New York le amogela megala e mentsi ya thuso ya potlako ka founo go tswa mo baaging. Bosheng jaana botegeniki jo bo ntseng bo tokafala bo dirile gore go kgonege go ikgolaganya le mapodisi ka go romela melaetsa e e kwalwang. Lokwalodikgang lono lwa The New York Times lo bega gore, “gone jaanong baagi ba kgothalediwa go tsaya ditshwantsho tsa bidio ka difouno tsa bone tsa selula fa bosenyi bo direga ba bo ba di romelela mapodisi.” Lokwalodikgang lono lwa re, gape go tsewa dikgato “tsa gore Setheo sa Real Time Crime se kgone go romelela ditshwantsho tseo kwa dikoloing tsotlhe tse di disang mo lefelong la bosenyi.”
Magakabe a Kgona go Ipona
Pego ya Reuters ya re: “Go ntse go akanngwa gore ke ditshwene, didolofine le ditlou fela tse di nang le bokgoni jo bo tshwanang le jwa batho jwa go kgona go ipona mo seiponeng.” Jaanong go lemogilwe gore magakabe a kwa Eurasia le one a mo “setlhopheng” seno, se go neng go dumelwa gore ke sone fela se se nang le bokgoni jono. Babatlisisi ba ne ba tshwaya magakabe ano ka lerontho la mmala mongwe o a ka kgonang go o bona mo seiponeng. Pego eno e bolela gore: “Dinonyane tseno gangwe le gape di nna di ngapa lerontho leno le le mo mebeleng ya tsone, e leng se se bontshang gore di a lemoga gore setshwantsho se se mo seiponeng ke sa tsone mme ga se sa diphologolo tse dingwe.”