Kafa Temothuo ya Segompieno e Fetotseng Lefatshe ka Gone
O TSAYA kae dijo tsa gago? A o a di reka kgotsa o a di ijalela? Ga se bogologolo thata mo bontsi jwa batho e neng e le balemi ba ba itshedisang ka go lema. Mme gone jaanong mo dinageng dingwe tse di tletseng ka madirelo, ke motho a le mongwe fela mo go ba le 50 yo o berekang mo temothuong. Go tlile jang gore go nne le phetogo e e ntseng jalo?
Diphetogo tsa go lema ka tsela e e nang le matswela di ne tsa simolola ka bonya mme go tswa foo tsa akofa. Phetogo nngwe le nngwe e e neng e dirwa e ne e ama malapa a le dimilione ka tsela e kgolo mme diphetogo tseno di sa ntse di tswelela pele go ralala lefatshe lotlhe. Go sekaseka kafa go gatela pele mo temothuong go amileng batho ka teng go ka go thusa go tlhaloganya tsela e lefatshe le leng ka teng gompieno.
Diphetogo Tse Dikgolo di a Simologa
Se se kgatlhang ke gore nngwe ya dikgato tse dikgolo tse di ileng tsa tsewa tse di dirileng gore go tlogelwe tsela ya go itshedisa ka go lema kwa Yuropa e diragetse mo lekgolong la bo12 la dingwaga, fa go ne go simololwa tsela ya go dirisa dikgole tse di golegang dipitse. Dikgole tseno di ne di dira gore pitse e kgone go bereka kwantle ga go ikgama. Ka jalo, dipitse tse di neng di tsentse dikgole tseno tse di kgethegileng di ne di kgona go goga thata, ka bofefo le ka nako e telele go feta dipholo tse di neng di dirisiwa pele. Ka go dirisa dipitse, balemirui ba ne ba kgona go oketsa dikungo tsa bone. Ba ne ba ka kgona go dirisa mogoma wa tshipi mo setsheng se pele go neng go sa kgonege go se lema. Kgato e nngwe e e neng ya tsewa e ne e le go simolola go dirisa dijalo tse di neng di tla tokafatsa mmu—tse di jaaka dinawa, dierekisi, clover le alfalfa—tse di nontshang mmu ka naeterojene. Mmu o o nonneng o ne o ntsha dijalo tse dintsi.
Diphetogo tseo tsa bogologolo di ne di ka kgona go dira gore balemi bangwe ba leme dijo tse dintsi mo e leng gore ba ka kgona go rekisa tse dingwe. Seno se ne sa dira gore go nne le ditoropo tse dintsi tse mo go tsone batho ba neng ba ka kgona go reka dijo tsa bone le go nna le dikhampani le go nna bagwebi. Bangwe ba beng bano ba dikhampani, bagwebi le balemi e ne ya nna batlhami ba ntlha ba metšhine ya temothuo.
Mo e ka nnang ka 1700, Jethro Tull, molemirui mongwe wa Moesemane, o ne a dira motšhine o o jalang peo o o gogiwang ke pitse o o neng o dirisiwa mo boemong jwa go jala ka letsogo e leng mokgwa o o neng o senya peo. Ka 1831, kwa United States, Cyrus McCormick o ne a dira motšhine o o gogiwang ke pitse o o neng o kgona go roba dijo tsa ditlhaka ka bofefo ka makgetlo a a menaganeng ga tlhano go gaisa motho yo o neng a dirisa sekele e e tshwarwang ka letsogo. Mme mo e ka nnang ka yone nako eo, bagwebi ba ne ba simolola go tlisa monontsha kwa Yuropa go tswa kwa losing lwa lewatle la Andes kwa Amerika Borwa. Go dirisiwa ga metšhine le menontsha go ne ga oketsa thata dijo tse balemi ba ka kgonang go di ntsha. Seno se ne sa ama batho jang?
Go gatela pele mo temothuong go ne ga dira gore go nne le diphetogo mo madirelong mme ka jalo ga dira gore batho ba ditoropo ba kgone go bona dijo tse di sa tureng. Phetogo eno e ne ya direga pele kwa Boritane mo e ka nnang ka 1750-1850. Diketekete tsa malapa di ne tsa tshwanelwa ke go fudugela kwa ditoropong tse di nang le madirelo gore ba ye go bereka mo meepong ya magala, mo madirelong a tshipi, mo madirelong a dikepe le mo madirelong a matsela. Go ne go se na sepe se sengwe se ba neng ba ka se dira. Balemi ba ba neng ba na le dipolasi tse dinnye, ba ne ba sa kgone go duelela mekgwa e mesha ya temothuo, ba ne ba bona madi a a kwa tlase ka ntlha ya dijo tse ba neng ba di rekisa mme e bile ba ne ba sa kgone go duela rente ya bone. Ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela dipolasi tsa bone mme ba ye go nna kwa mekhukhung e go nnang batho ba bantsi thata mo go yone e malwetse a neng a anama thata kwa go yone. Go na le gore malapa a leme mmogo, jaanong banna ba ne ba tshwanelwa ke gore ba berekele kgakala le magae a bone. Tota le bana ba ne ba bereka diura tse ditelele mo difemeng. Go ise go ye kae dinaga tse dingwe le tsone di ne tsa nna le diphetogo tse di ntseng jalo.
Temothuo ya Saense e Tlisa Diphetogo Tse di Oketsegileng
Mo e ka nnang ka 1850, dinaga dingwe di ne di atlegile mo e leng gore di ne di kgona go duelela dipatlisiso tsa temothuo. Dipatlisiso tsa saense malebana le temothuo di dirile gore go nne le diphetogo go fitlha mo motlheng wa rona. Ka sekai, batho ba ba godisang dimela ba ile ba ithuta ka dijini mme ba godisa dimela tse di kgonang go ntsha dijalo tse di kgolwane kgotsa tse di kgonang go emelana le malwetse. Gape babatlisisi ba ile ba lemoga gore motswako o o tshwanelang sentle wa di-nitrate le di-phosphate o o tlhokegang mo dijalong tse di rileng le mo mmung o o rileng ke ofe. Mefero e ne e dira gore babereki ba nne ba tshwaregile ka go tlhagola ka paka yotlhe ya fa dimela di ntse di gola. Mme bontsi jwa babereki bano ba ne ba latlhegelwa ke ditiro tsa bone fa baitsesaense ba ne ba dira dibolayamefero tsa maemo a a kwa godimo tse di neng di dira gore mefero e se ka ya gola ka bonako. Ditshenekegi, diboko le metoutwane ga di bolo go tshwenya balemi. Le fa go ntse jalo, gone jaanong balemi ba kgona go tlhopha mo gare ga mefuta e mentsi e e farologaneng ya dikhemikale go fedisa mo e ka nnang sengwe le sengwe se se senyang dijalo.a
Botshelo jwa balemirui ba ba nang le leruo le jone bo fetogile. Metšhine e e kgonang go gama le e e kgonang go fepa diphologolo e dira gore modisa a le mongwe le mothusi wa gagwe ba kgone go tlhokomela dikgomo tse di ka nnang 200. Balemirui gape ba ka kgona go dira gore dinamane le dikolobe di none ka bonako go na le le fa e le leng pele ka go di godisetsa mo setaleng go na le gore di fule fela mo nageng, ka tsela eo ba laola themperetšha ya tsone le se di se jang.
Gantsi matswela a temothuo ya saense a ne a kgatlha. Balemirui bangwe ba ne ba kgona go dira gore mmereki a le mongwe a kgone go dira tiro e e menaganeng ga lekgolo tota le e leng ga sekete go gaisa ka nako ya fa ba ne ba ise ba dirise mekgwa eno ya saense. Mme diphetogo tseo di ne tsa ama jang matshelo a batho?
Tsela ya Botshelo ya Balemirui e a Fetoga
Metšhine e fetotse tsela ya go tshela ya balemirui mo mafelong a le mantsi. Bontsi jwa balemirui le babereki ba dipolasi ba tshwanelwa ke go nna le bokgoni jwa go dirisa metšhine ya maemo a a kwa godimo le go e baakanya. Mme gantsi ba bereka ba le nosi. Moya wa go dira mmogo fa go jalwa, go tlhagolwa kgotsa fa go robiwa o fedile.
Mo dinageng di le dintsi go setse go na le mofuta o mosha wa balemirui, borakgwebo ba ba rutegileng thata ba ba ntshang dikungo tse dintsi tsa dijalo mme e le mefuta e se kae kgotsa o le mongwe fela mo temothuong ya bone. Ba dirisitse madi a mantsi mo go tokafatseng dipolasi tsa bone, dikago tsa bone le metšhine e ba e dirisang. Le fa go ntse jalo, ba ikaegile thata ka batho ba bangwe. Dikhampani tse dikgolo le disupamakete ga di laole fela ditlhwatlhwa tsa dilo tse ba di rekisang mme gape di laola le gore ba leme dilo tsa mofuta ofe, tsa bogolo jo bo kana kang le tsa mmala ofe. Baenjeniri ba temothuo ba direla balemirui bano thulaganyo e e ka thusang dikungo tsa bone mme dikhampani dingwe di ba thusa ka menontsha e e tshwanelang dijalo, dibolayaditshenekegi le dipeo tse di tswakantsweng tse di tlhokegang mo maemong a a rileng mo dipolasing tsa bone. Ba dirile diphetogo tse dintsi go tokafatsa mokgwa wa temothuo ya bagologolwane ba bone. Ba sa ntse ba na le mathata, mme batho bangwe ba tshwenyegile ka dikotsi tse di ka bakiwang ke mekgwa mengwe ya temothuo.
Balemirui ba sa Ntse ba Lebana le Mathata
Mo dinageng tse di humileng balemirui ba le bantsi ba sa ntse ba latlhegelwa ke dipolasi tsa bone ka gonne ga ba kgone go lepalepana le beng ba dipolasi tse dikgolo. Balemirui bangwe ba kgonne fela go nna ba ntse ba na le dipolasi tsa bone ka go fetogela mo ditirelong tsa boitapoloso tse di akaretsang go direla bajanala marobalo, kgotsa go dira mafelo a a jaaka a go kampa, a go tshameka kolofo le go dira dilwana tsa naga ya bone tse di dirilweng ka diatla. Ba bangwe ba swetsa go lema le go rua dilo tse di kgethegileng—dijo tse go sa dirisiweng dikhemikale mo go tsone, malomo, bontšhe le di-alpaca e leng mofuta mongwe wa dinku.
Mo dinageng tse di humanegileng, mo e leng gore diperesente tse di ka nnang 80 tsa baagi ba ba itshedisang ka go lema, balemirui ba le bantsi le bone ba lebane le diphetogo tse dikgolo. Dikhampani tsa dinaga tse di farologaneng tse di dirisang mekgwa ya saense ya temothuo di ka reka bontsi jwa ditsha tse di siametseng go jala dijalo tse ba ka di rekisetsang dinaga tse dingwe. Gantsi balemirui ba ba itshedisang ka go lema ba lema setsha se se sa ungweng kgotsa se sennye gore ba tlamele ba malapa a bone ka dijo, ba dirisa metšhine e sekaenyana fela, fa e le gore ba na le yone.
Lebaka la go bo go na le batho ba bantsi ba ba fudugang go tswa kwa metseng mme ba fudugela kwa ditoropong tse dikgolo go go diregang gone jaanong mo dinageng tse dintsi go bakilwe ke se se ileng sa direga makgolokgolo a dingwaga a a fetileng. Go fetogela mo botshelong jwa setoropo go tswa mo go jwa temothuo go sa ntse go solegela ba bangwe molemo mme go ngomola ba bangwe pelo. Go na le mebuso e le mmalwa, fa e le gore tota e teng, e ka tsela e e mosola kgotsa ka tsela e e bontshang kutlwelobotlhoko e thusang batho ba ba amegang. A bo batho ba tlhoka Bogosi jwa Modimo thata jang ne, jo mo go jone go tla nnang le botshelo jo bo botoka!—Isaia 9:6.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tsogang! ga e buelele mokgwa ope o o rileng wa temothuo.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 23]
DITSELA TSE PEDI TSA TEMOTHUO
Eusebio o nna mo tikologong ya dithaba tsa Andes, kwa a jalang dimela le go rua motlhape wa dikgomo di le 14 gone. A re: “Tsotlhe di na le maina.” Ke rata temothuo. Rotlhe re ijalela merogo ya rona. Nna le mosadi wa me re thusa baagelani ba rona go lema le go roba mme go tswa foo le bone ba a re thusa. Ga go na ope wa rona yo o nang le metšhine. Re lema ka dipoo mme mo mafelong a a tlhatlogelang re epa ka matsogo.
“Bolwetse bo kile jwa bolaya bontsi jwa dikgomo tsa rona. Morago ga foo ke ne ka dira khoso e khutshwane ya go tlhokomela le go alafa diphologolo. Fa e sa le ka nako eo, ga re ise re ko re latlhegelwe ke phologolo e le nngwe ka ntlha ya bolwetse mme gone jaanong ke thusa baagelani ka diphologolo tsa bone. Re rekisa tšhisi kwa marekisetsong a motse mme ga re bone madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, ka metlha re kgona go tlamela bana ba rona ba le barataro ka dijo.”
Richard o na le polasi ya diheketara di le 500 ya dipoa tsa kwa Canada. O bereka a le nosi mme o na le motho a le mongwe fela yo a berekang le ene ka dipaka tsa go lema le tsa go roba.
Richard a re: “Mo malatsing ano temothuo e dira gore motho a lape thata mo tlhaloganyong go na le go lapa mo mmeleng. Terekere ya me e e tswalegileng le motšhine wa me o o kotulang (harvester) tse moya o kgonang go tsena mo go tsone di ntshireletsa mo leroleng le mo ditshenekeging. Ke na le metšhine e e bophara jwa dimetara di le robongwe, ka jalo, ke kgona go jala peo kgotsa go kotula diheketara di le 65 ka letsatsi. Ke ikaegile thata ka metšhine mme seno ke sone se se dirang gore ke lape thata mo tlhaloganyong. Gangwe le gape ke tshwanetse go adima madi gore ke reke e mengwe. Go duela madi ao go ikaegile ka dilo tse ke sa kgoneng go di laola—go na ga pula, segagane, ditlhwatlhwa tsa mebaraka, ditlhwatlhwa tsa merokotso e ke tshwanetseng go e duela kwa bankeng. Go ngomoga pelo go go bakiwang ke temothuo go bakile mathata a mantsi a manyalo mo gare ga balemirui mme e bile ba bangwe ba ipolaya.”
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Motšhine o o kotulang wa McCormick, o o dirilweng ka 1831, o thusitse balemirui go kotula dijo tsa ditlhaka ka bofefo ka makgetlho a a menaganeng ga tlhano go gaisa nako e e fetileng
[Motswedi wa Setshwantsho]
Wisconsin Historical Society, WHi-24854