LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/10 ts. 32
  • A o Batla go Nna Tsala ya Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Batla go Nna Tsala ya Modimo?
  • Tsogang!—2010
Tsogang!—2010
g 1/10 ts. 32

A o Batla go Nna Tsala ya Modimo?

● O ne o tla araba jang potso e e fa godimo? Mosetsana mongwe yo mosha wa kwa kgaolong nngwe e e kwa thoko ya Guerrero, kwa Mexico, o ne a bolela gore ga a akanye gore go ka kgonega. Basetsana ba le babedi ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mmontsha boroutšhara jwa O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! ka puo ya gaabo. O ne a gakgametse go bona gore boroutšhara jono bo teng ka Se-Tlapanec, e re ka a kile a bona fela dikgatiso tsa puso ka puo ya gaabo.

Basetsana ba babedi bao ba ne ba mo tlhalosetsa gore kgatiso eno e ne e le bosupi jwa gore Mmopi o a mo rata ka gonne ka yone a ka kgona go mo itse. O ne a simolola go bala ka tlhoafalo thuto ya ntlha e e nang le setlhogo se se reng “Modimo o go Laletsa Gore o Nne Tsala ya Gagwe.” Fa a sena go fetsa go se bala, o ne a bolela jaana: “Ke batla go nna tsala ya Modimo. A lo ka ntlisetsa Baebele?” Fa Basupi ba boa ka Baebele, mmaagwe mosetsana yoo o ne a ba kopa gore ba nne mme ba ba rute mo go oketsegileng.

Se-Tlapanec ke nngwe fela ya dipuo di le 17 tsa Seindia kwa Mexico tse boroutšhara jwa O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! bo gatisitsweng ka tsone. Go ralala lefatshe, bo teng ka dipuo di le 278 (go akaretsa le Mokwalo wa Difofu). Fa o batla go romelelwa khopi ya boroutšhara jono, tsweetswee tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e mo setlankaneng seno kgotsa mo atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya boroutšhara jo bo bontshitsweng fano.

Bontsha gore ka puo efe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela