LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/10 ts. 26-27
  • “Thuto ya Baebele e Solegela Bosusu Molemo”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Thuto ya Baebele e Solegela Bosusu Molemo”
  • Tsogang!—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Jehofa o Dirile Gore Sefatlhego sa Gagwe se ba Phatsimele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Anaanela Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Gago Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Nna o Ntshitse Matlho Gore o Bone Bosusu mo Tshimong ya Lona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Go Reetsa ka Matlho a Gago
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2010
g 7/10 ts. 26-27

“Thuto ya Baebele e Solegela Bosusu Molemo”

GO NE go gatisitswe tshedimosetso e e nang le setlhogo seno mo makasineng o o neng o kwaletswe bosusu kwa Repaboliking ya Czech. Mokwadi wa yone e bong Zdeněk Straka, o ne a akgola Basupi ba ga Jehofa ba ba ileng ba ithuta puo ya diatla gore ba thuse bosusu.

Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Rre Straka go kwala setlhogo se se ntseng jalo? Ka paka ya selemo ka 2006, o ne a nna teng kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Prague, mme thulaganyo e ne ya ranolelwa mo puong ya diatla gore bosusu ba ka nna 70 ba solegelwe molemo. Ngwaga le ngwaga, Basupi ba ga Jehofa ba rulaganya dikopano tsa kgaolo lefatshe ka bophara, go neela thuto ya Baebele le go aga bokaulengwe jwa bone. Bosusu le bone ba a akarediwa. Ngwaga mongwe bosheng jaana, di le 96 tsa dikopano tseno di ne tsa neelwa ka puo ya diatla fela go ralala lefatshe mme kwa mafelong a mangwe a le 95, thulaganyo e ne ya ranolelwa bosusu.

Ka nako ya kopano ya kgaolo kwa Prague, phuthego ya batho ba ba dirisang puo ya diatla kwa toropong eo, ba ne ba tshwara dithuto tsa Baebele le bosusu ba ka nna 30. Batho ba ba ithutang Baebele ba solegelwa molemo ke se ba se ithutang, jaaka fa tiragalo e e latelang e bontsha.

Markéta o tsamaya sekgala sa dikilometara tse di fetang 100 beke nngwe le nngwe go ya go tshwara thuto ya Baebele le mosadi mongwe yo e leng susu yo o tswang kwa Mongolia. Puo ya diatla ya Se-Czech le ya Se-Mongolia di farologane thata, ka jalo Markéta o tlhoka gore a dire dipatlisiso gore moithuti wa gagwe a tlhaloganye tshedimosetso. Le fa go ntse jalo, maiteko a ga Markéta a itshupile e se matsapa a bophiri. E re ka moithuti wa ga Markéta a ne a imile ngwana wa gagwe wa bobedi, o ne a akanya ka go ntsha mpa mme o ne a fetola mogopolo. Markéta a re: “Fa ke ne ke mmotsa ka gone, o ne a dirisa puo ya diatla mme a araba ka gore, ‘Jehofa ga a itumelele go ntshiwa ga dimpa.’ Ke ne ka itumela go bona gore o tlhaloganya kafa Modimo a lebang botshelo ka teng!”a

Lefatshe ka bophara, bosusu ba le bantsi ba nna le kitso ya boammaaruri ka Modimo ka go ithuta Lefoko la gagwe. Fa ba ntse ba atamalana le Modimo wa bone mme ba nna le boitumelo jo bo oketsegileng mo botshelong, matshelo a bone a a tokafala.—Isaia 48:17, 18.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le se Baebele e se buang ka go ntsha mpa, bona Tsogang! ya June 2009, tsebe 3-9.

[Lebokoso mo go tsebe 26, 27]

A O NE O ITSE?

● Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dithulaganyo tsa DVD ka dipuo tsa diatla di le 43. Gape tshedimosetso e bosusu ba ka kgonang go itseela yone e ka bonwa mo atereseng ya Internet ya www.pr418.com.

● Go dira gore go nne le dikgatiso tse di oketsegileng tsa bosusu, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba rulaganya gore go nne le ditlhopha di le 59 tsa baranodi ba puo ya diatla go ralala lefatshe.

● Go na le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tsa puo ya diatla tse di fetang 1 200 go ralala lefatshe.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

www.pr418.com

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela